Kabelo ya naga ya Bamanase ntlheng ya bophirimatsatsi
1 Le lotso lwa ga Manase lwa abelwa naga ka tengwa, gonne ene e ne e le morwa wa ntlha wa ga Josefa. Magire morwa wa ntlha wa ga Manase, rraagwe Gileate, a abelwa Gileate le Basane, ka a le mogale mo ntweng.
2 Le bomorwa Manase ba bangwe ba fiwa boswa ka fa ditshikeng tsa bone, e bong bomorwa Abiesere le bomorwa Heleke le bomorwa Aseriele le bomorwa Šegeme le bomorwa Hefere le bomorwa Semita. Ke bone bomorwa Manase morwa Josefa ka fa ditshikeng tsa bone.
3 Mme Selofehate morwa Hefere, morwa Gileate morwa Magire morwa Manase o ne a se na bomorwa, fa e se bomorwadi fela. Maina a bomorwadie ke Magala le Noa le Hogola le Mileka le Thiresa.
4 Jaanong bomorwadie ba kile ba tla fa pele ga Eleasare moperesiti le fa pele ga Jošua morwa Nune le fa pele ga dikgosana, ba re: “Morenao laetse Moše gore a re nee kabelo ya naga mo gare ga bomorwa-rraarona.” Ke fa Jošua a ba abela boswa mo gare ga bomorwa-rraabo mogolo ka fa taelong yaMorena.
5 Dikarolo di le some tsa wela mo go Manase jalo kwa ntle ga lefatshe la Gileate le Basane le le kwa moseja ga Joretane.
6 Ka gonne bomorwadia Manase ba ne ba amogela boswa mo gare ga bomorwawe. Mme lefatshe la Gileate ya nna la bomorwa Manase ba bangwe.
7 Mme molelwane wa ga Manase o ne o tswa kwa Asere, o ya kwa Migemethathe yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Šegeme; molelwane o be o ya kwa ntlheng ya le le jang kwa baaging ba Ene-Thaphua.
8 Naga ya Thaphua e ne ya nna ya ga Manase, mme motse wa Thaphua o o fa molelwaneng wa ga Manase ya nna wa ga Eferaime.
9 Jaanong molelwane o ne o fologela kwa nokaneng ya Kana ntlheng ya borwa ya nokana eo. Metse mengwe ya teng ya ga Eferaime e ne e le mo gare ga metse ya ga Manase. Molelwane wa ga Manase o be o le mo ntlheng ya bokone ya nokana eo, o felela fa lewatleng.
10 Naga ya Eferaime e ne e le kwa borwa, ya Manase e le kwa bokone. Lewatle e ne e le molelwane wa bone. Ba amana le Asere kwa bokone le Isašare kwa botlhabatsatsi.
11 Mo nageng ya ga Isašare le ya ga Asere Manase a abelwa motse wa Betšheane le metsana ya ona le Ibeleame le metsana ya ona le baagi ba Dore le metsana ya ona le baagi ba Entore le metsana ya ona le baagi ba Thaenage le metsana ya ona le baagi ba Megito le metsana ya ona, meboto e meraro e.
12 Mme Bamanase ba palelwa ke go thopa metse eo; ke ka moo Bakanana ba kgonneng go nnela ruri mo nageng eo.
13 Mme e rile Baiseraele ba sena go tia, ba dira Bakanana balala, fela ba se ka ba ba leleka.
Baeferaime le Bamanase ba kopa koketso ya lefatshe
14 Jaanong Bajosefa ba bua le Jošua ba re: “Ke go reng, fa o re naya boswa jwa tengwa e le nngwe fela le kabelo e le nngwe fela, etswe rona re le morafe o mogolo, ka go reMorenao re tshegofaditse go fitlha jaanong?”
15 Jošua a ba raya a re: “Fa lo le morafe o mogolo, tlhatlogelang mo sekgweng, lo ithemele manno teng mo nageng ya Baferesi le ya Barefaime, ka lo re, dithaba tsa Eferaime di lo pitlagantse.”
16 Ke fa Bajosefa ba re: “Dithaba ga di re lekane, mme Bakanana botlhe ba ba agileng mo nageng ya leboa ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi, e bong ba ba mo Betšheane le mo metsaneng ya teng le ba ba mo leboeng la Iserele.”
17 Mme Jošua a raya Bajosefa, e bong Baeferaime le Bamanase, a re: “Lo morafe o mogolo, lo na le thata e kgolo; ga lo ne lo fiwa kabelo e le nngwe fela.
18 Mme lo tla abelwa naga ya dithaba; fa go le sekgwa, lo ithemele manno gore e nne ya lona go ya mafelelong a yona. Gonne lo tshwanetse go leleka Bakanana, le fa ba na le dikoloi tsa ntwa tsa tshipi, ba le thata.”