JOŠUA 18

Go kgaoganngwa dinaga tse di setseng

1 E rile Baiseraele ba sena go thopa lefatshe, ba phuthegela botlhe kwa Silo, ba tlhoma Tempelana ya Boipontsho teng.

2 Mme ga bo go setse ditso tse supa mo Baiseraeleng tse di iseng di amogele dikabelo tsa tsone.

3 Ke fa Jošua a raya Baiseraele a re: “Lo diega sebaka se se kana kang go ya go tsaya lefatshe leMorena, Modimo wa borraeno, o le lo fileng?

4 Ntshang banna ba bararo mo lotsong longwe le longwe; ke tla ba roma gore ba nanoge ba ralale lefatshe, ba le kwale ka fa ba ka le abelwang ka teng, ba be ba boele kwano go nna.

5 Lo fete lo le kgaoganye dikarolo tse supa. Juta o tla nna mo nageng ya gagwe kwa borwa le Bajosefa ba tla nna mo nageng ya bone kwa bokone.

6 Mme lo kwale dikabelo tse supa tsa lefatshe, lo di tlise kwano go nna gore ke lo tlhamele tengwa fano fa pele gaMorena, Modimo wa rona.

7 Gonne Balefi ga ba na kabelo ya naga mo go lona. Kana boswa jwa bone ke boperesiti jwaMorena. Gape Gate le Rubene le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase ba setse ba amogetse boswa jwa bone kwa botlhabatsatsi kwa moseja ga Joretane; ba bo filwe ke Moše, motlhanka waMorena.”

8 Ke fa banna bao ba nanoga go tsamaya. Ya re ba bolola go kwala lefatshe, Jošua a ba laela a re: “Yaang lo ralale lefatshe, lo le kwale, lo be lo boele kwano go nna, ke tle ke lo tlhamele tengwa fa pele gaMorenamono Silo.”

9 Banna bao ba ya ba ralala lefatshe, ba le kwala ka fa metseng mo lokwalong, ba dira dikabelo tse supa ba be ba boela kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa Silo.

10 Ke fa Jošua a ba tlhamela tengwa mo Silo fa pele gaMorena; Jošua a abela Baiseraele lefatshe ka fa ba rulagantsweng ka teng.

Kabelo ya naga ya Babenyamene

11 Ga tswa tengwa ya lotso lwa Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone: Naga e ba e amogetseng ka tengwa e ne e le fa gare ga Bajuta le Bajosefa.

12 Molelwane wa bone mo ntlheng ya bokone o ne o tloga kwa Joretane; molelwane o be o tlhatlogela kwa mmotong ntlheng ya bokone ya Jerigo, o be o tlhatlogela mo dithabeng, o ya kwa bophirimatsatsi, o khutla mo sekakeng sa Bethawene.

13 Go tswa teng molelwane o ne o fetela kwa Luse kwa ntlheng ya borwa ya mmoto wa Luse, e bong Bethele. Jaanong molelwane o fologela kwa Aterothe-Atare, o tlhatlogela kwa thabeng e e mo ntlheng ya borwa ya Bethorone yo o kwa tlase.

14 Jaanong molelwane o ne o thelela, o fapogela kwa borwa mo ntlheng ya bophirimatsatsi go tswa kwa thabeng e e lebaganyeng le Bethorone ntlheng ya borwa, o ya o khutla kwa Khiriathe-Baale, e bong Khiriathe-Jearime motse wa Bajuta. Ke lone lotlhakore lwa bophirimatsatsi.

15 Mo ntlheng ya borwa go tswa kwa bofelong jwa Khiriathe-Jearime molelwane o ne o tswa kwa bophirimatsatsi, o fetela kwa motsweding wa metsi a Nefethoa.

16 Jaanong molelwane o ne o fologela kwa bofelong jwa thaba e e lebaganyeng le mogorogoro wa Morwa Hinome e e mo leboeng la Barefaime ntlheng ya bokone; o be o fologela kwa mogorogorong wa ga Hinome, o ya kwa mfapheng wa thaba ya Bajebusi mo ntlheng ya borwa, o be o fologela kwa motsweding wa Rogele.

17 Jaanong o ne o thelela o ya kwa bokone, o fetela kwa Motsweding wa Letsatsi, o be o fetela kwa marakeng a dithako a a lebaganyeng le phata ya Adumime, o be o fologela kwa lefikeng la ga Bohane morwa Rubene.

18 O be o fetele kwa bokone kwa dithabeng tse di lebaganyeng le lebala la Joretane o be o fologela kwa lebaleng leo.

19 Jaanong molelwane o ne o fetela kwa ntlheng ya bokone ya Bethogola, molelwane o be o felela fa sekhutlong sa Lewatle la Letswai ntlheng ya bokone kwa bofelong jwa Joretane kwa borwa. Ke ona molelwane wa kwa borwa.

20 Joretane ke molelwane wa teng mo ntlheng ya botlhabatsatsi. Ke yona naga ya Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone le melelwane ya yona mo tikologong.

21 Mme metse ya lotso lwa Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone e ne e le Jerigo le Bethogola le Emeke-Kesise

22 le Betharaba le Semaraime le Bethele

23 le Awime le Phara le Ofera

24 le Kefare-Amoni le Ofeni le Geba. E ne e le metse e le 12 kwa ntle ga metsana ya yona.

25 Le Gibeone le Rama le Beerothe

26 le Mitsepha le Kefira le Mosa

27 le Rekeme le Irefele le Thareala

28 le Sela le Elefe le Jebusi, e bong Jerusalema le Gibeathe le Khiriathe. E ne e le metse e le 14 kwa ntle ga metsana ya yona. Ke yona kabelo ya Babenyamene ka fa ditshikeng tsa bone.