JOŠUA 22

Ditso tsa kwa moseja ga Joretane di boela kwa gae

1 Ya ba gona Jošua a bitsang Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase

2 a ba raya a re: “Lo tshegeditse tsotlhe tse Moše, motlhanka waMorena, o di lo laetseng, lwa utlwa lentswe la me mo go tsotlhe tse ke di lo laetseng.

3 Ga lo a ka lwa tlogela ba ga lona mo malatsing a mantsi go fitlha letsatsing la kajeno; lo dirile ka tshwanelo ka fa taolong yaMorena, Modimo wa lona.

4 Mme jaanongMorena, Modimo wa lona, o ikhutsisitse ba ga lona jaaka a ne a ba solofeditse. Ka moo he sokologang lo boele kwa malapeng a lona kwa lefatsheng la boswa jwa lona jo Moše, motlhanka waMorena, o bo lo neileng kwa moseja ga Joretane.

5 Fela lo ele tlhoko thata go dira ka fa taolong le ka fa molaong tse Moše, motlhanka waMorena, a di o laetseng, gore lo rateMorena, Modimo wa lona, lo sepele mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, lo tshegetse ditaolo tsa gagwe, lo mo ineele, lo mo direle ka bojotlhe jwa dipelo tsa lona le jwa mewa ya lona.”

6 Jošua a ba tshegofatsa jalo, a ba naya tsela, mme ba boela kwa malapeng a bone.

7 Moše o ne a neile ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase boswa kwa Basane; mme Jošua ene a naya ba bontlhanngwe jo bongwe jwa lone boswa mmogo le ba ga bone ka kwano ga Joretane mo ntlheng ya bophirimatsatsi. Le gona ya re Jošua a ba naya tsela gore ba boele kwa malapeng a bone, a ba tshegofatsa,

8 a ba raya a re: “Boelang kwa malapeng a lona ka dikhumo tse dikgolo le ka diruiwa tse dintsi thata le ka selefera le ka gouta le ka kgotlho le ka tshipi le ka diaparo tse dintsi gagolo, lo kgaogane tse lo di thopileng mo babeng ba lona le ba ga lona.”

9 Ke fa Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba tlogela Baiseraele kwa Silo yo o mo lefatsheng la Kanana, ba boela kwa lefatsheng la Gileate kwa lefatsheng la boswa jwa bone le ba agileng mo go lone ka fa taelong yaMorenaka Moše.

Aletare fa Joretane

10 Jaanong ya re ba fitlha kwa marakeng a dithako fa Joretane a a mo lefatsheng la Kanana, Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba aga aletare teng fa thoko ga Joretane, ya nna aletare e kgolo e e bonalang kwa kgakala.

11 Mme Baiseraele ba utlwa go twe: “Bonang, Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba agile aletare mo lefatsheng la Kanana kwa marakeng a dithako fa Joretane ka kwano mo ntlheng ya Baiseraele.”

12 Ya re Baiseraele ba utlwa jalo, phuthego yotlhe ya bone ya phuthegela kwa Silo gore ba ba bololele ka mephato.

13 Mme Baiseraele ba roma moperesiti Phinehase morwa Eleasare kwa go Barubene le Bagate le bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase kwa lefatsheng la Gileate.

14 A ya a na le dikgosana di le some, lotso longwe le longwe lwa Baiseraele lo ntshitse kgosana e le nngwe ya malapa a lone. Nngwe le nngwe ya tsona e ne e le tlhogo ya dikgoro tsa bone mo ditsong tsa Iseraele.

15 Jaanong ya re ba fitlha kwa go Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase kwa lefatsheng la Gileate, ba bua nabo ba re:

16 “Phuthego yotlhe yaMorenae buile jaana ya re: ‘Boikanyologo jo ke jo bo ntseng jang jo lo tlhanogetseng Modimo wa Iseraele ka jona mo lo bileng lwa ikepa moMorenengkajeno ka go ikagela aletare le ka go tsogelaMorenakajeno?

17 A molato wa Pheore ga o ise o re lekane, o re iseng re o tlhape go fitlha letsatsing la kajeno, le fa petso e wetse phuthego yaMorena?

18 Mme a lona lo rata go ikepa moMorenengkajeno? Ruri, fa lo tsogelaMorenakajeno, kamoso o tla tukela phuthego yotlhe ya Iseraele bogale!

19 Fa lo bona gore lefatshe la boswa jwa lona le itshekologile, tshelelang kwano lefatsheng le e leng laMorenale Tempelana yaMorenae leng mo go lone, lo age mo gare ga rona, mme lo se ka lwa tsogelaMorena, le e seng go tsogela rona ka go ikagela aletare kwa ntle ga aletare yaMorena, Modimo wa rona.

20 A ga ke re, e rile Agane morwa Sera a dirile ka boikanyologo ka go utswa tse di hutseditsweng go fisiwa, bogale jwaMorenajwa wela phuthego yotlhe ya Iseraele? Le gona ga a ka a swa a le esi ka ntlha ya molato wa gagwe.’ ”

21 Ke fa Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba fetola ba raya ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele ba re:

22 “Modimo o o thata,MorenaModimo o o thata,Morenaene o a itse; Baiseraele le bone ba tla itse: Fa re dirile jalo ka go tsogelaMorenale ka go mo tlogela, foo a a se ka a re thusa ka letsatsi le!

23 Fa re ikagetse aletare go ikepa moMorenengfa e le go baya ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa dijo mo go yona fa e le go baya ditlhabelo tsa tebogo mo go yona foo aMorenaka esi a re beletse molato oo!

24 Nnyaya! Re dirile jalo ka go boifa selo se le sengwe fela ra re: Ka metlha e e tlang bana ba lona ba ka botsa bana ba rona ba re: ‘Lo kopanelang leMorena, Modimo wa Iseraele?

25 KanaMorenao beile molelwane wa Joretane fa gare ga rona le lona Barubene le lona Bagate! Lona ga lo na kabelo moMoreneng!’ Mme bana ba lona ba ka timetsa bana ba rona jalo gore ba se ka ba tlhola ba boifaMorena.

26 Ke ka moo re rileng: ‘A re ke re itireleng sesupo ka go aga aletare. Ga se ya ditlhabelo tse di fisiwang ga se ya ditlhabelo tsa tebogo!

27 Ke bosupi fa gare ga rona le lona le fa gare ga ditshika tsa rona sehularong sa rona jwa go re, re tla tlhoafalela tirelo yaMorenafa pele ga gagwe ka ditlhabelo tsa phiso tsa rona le ka ditlhabelo tsa boitumelo tsa rona le ka ditlhabelo tsa tebogo tsa rona le bosupi jwa go re, bana ba lona ba se ka ba raya bana ba rona ka metlha e e tlang ba re: Ga lo baMorena!’

28 Rona ra re: E tle e re ka metlha e e tlang, fa ba ka bua jalo le rona gongwe le bana ba rona, re tle re re: ‘Lebang moago wa aletare yaMorenae borraetsho ba e dirileng: Ga se ya ditlhabelo tsa phiso ga se ya ditlhabelo tsa tebogo ke bosupi fela fa gare ga rona le lona.’

29 A go nne kgakala le rona go ka tsogelaMorenale go ka ikepa moMorenengkajeno ka go aga aletare ya ditlhabelo tsa phiso le ya ditshupelo tsa dijo le ya ditlhabelo tsa tebogo kwa ntle ga aletare yaMorena, Modimo wa rona, e e fa pele ga Tempelana ya ona.”

30 Ya re Phinehase moperesiti le bagolo ba phuthego, e bong ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele tse di nang nae ba utlwa mafoko a a builweng ke Barubene le Bagate le Bamanase, a ba kgatlha.

31 Mme moperesiti Phinehase morwa Eleasare a raya Barubene le Bagate le Bamanase a re: “Kajeno re a lemoga goreMorenao na le rona. Gonne tse lo di dirileng e ne e se tsa go tlogelaMorenaka boikanyologo. Jaanong lo pholositse Baiseraele mo diatleng tsaMorena.”

32 Ke fa moperesiti Phinehase morwa Eleasare le dikgosana ba tlogela Barubene le Bagate ba boa kwa lefatsheng la Gileate, ba boela kwa lefatsheng la Kanana kwa Baiseraeleng, ba ba begela mafoko ao.

33 A kgatlha Baiseraele, mme Baiseraele ba leboga Modimo; ba se ka ba tlhola ba re, ba ba bololela ka mephato go senya lefatshe le Barubene le Bagate ba agileng mo go lone.

34 Mme Barubene le Bagate ba bitsa aletare e “Sesupo”. Gonne ba re: “Ke bosupi fa gare ga rona jwa go re:Morenake ene Modimo.”