Kaelo ya ga Jošua mo pitsong e kgolo ya Baiseraele
1 E rile malatsi a mantsi a sena go feta, mmeMorenaa sena go agisa Baiseraele fa pele ga baba botlhe ba bone mo tikologong, Jošua ya bo e le monna mogolo, a tsofetse thata.
2 Ke fa Jošua a bitsa Baiseraele botlhe le bagolo ba bone le ditlhogo tsa bone le baatlhodi ba bone le bakwaledi ba bone, a ba raya a re: “Ke monna mogolo, ke setse ke tsofetse.
3 Lona ka losi lo bonye tsotlhe tseMorena, Modimo wa lona, o di diretseng ditšhaba tsotlhe tseo fa pele ga lona; gonneMorena, Modimo wa lona, o ne wa lo tlhabanela ka osi.
4 Bonang, ditšhaba tse di setseng tse ke di lo abetse ka tengwa, lotso longwe le longwe lwa abelwa boswa jwa lone mmogo le ditšhaba tsotlhe tse ke di nyeleditseng go simolola kwa Joretane go ya go fitlha kwa lewatleng le legolo ntlheng ya bophirimatsatsi.
5 MmeMorena, Modimo wa lona, ka osi o tla ba tshabisa fa pele ga lona, o ba leleka gore ba falale fa pele ga lona; lo tla rua lefatshe la bone jaakaMorena, Modimo wa lona, o lo solofeditse.
6 Fela tiang thata go tshegetsa tsotlhe le go dira tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalong lwa molao wa ga Moše; se fapogeng mo go ona e seng ka go ya le letsogo le le jang le e seng ka go ya le la molema
7 gore lo se ka lwa tlhakatlhakana le ditšhaba tseo tse di setseng mo go lona le e seng go umaka maina a medimo ya bone le e seng go ikana ka yona le e seng go e direla, le e seng go e obamela.
8 Mme lo ineeleMorena, Modimo wa lona, jaaka lo dirile go fitlha mo letsatsing la kajeno.
9 Ka mooMorenao lelekile ditšhaba tse dikgolo tse di thata fa pele ga lona go se na ope yo o kgonneng go emelana le lona go fitlha letsatsing la kajeno.
10 Monna a le mongwe wa lona o ne a khutšhela ba le sekete; gonneMorena, Modimo wa lona, o ne o lo tlhabanela ka osi jaaka o lo solofeditse.
11 Itlhokomeleng thata ka ntlha ya maphelo a lona gore lo rateMorena, Modimo wa lona.
12 Gonne fa lo ka boa ka morago, lwa kopana le masalela a ditšhaba tse, tse di setseng mo go lona, lwa nyalana nabo, lwa tlhakatlhakana nabo,
13 foo itsetseng ruri goreMorena, Modimo wa lona, ga a kitla a tlhola a leleka ditšhaba tse fa pele ga lona, mme di tla lo fetogela serai le thaelo le thupa e e itayang ditlhakore tsa lona le mitlwa mo matlhong a lona go ya go fitlhelela lo latlhega, lo ntshiwa mo lefatsheng le le molemo le, leMorena, Modimo wa lona, o le lo neileng.
14 “Bonang, nna kajeno ke wela mo tseleng ya batho botlhe, mme lo tshwanetse go lemoga ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe, fa go sa tlhaela sepe sa dilo tsotlhe tse di molemo, tseMorena, Modimo wa lona, o di lo solofeditseng. Di lo dirafaletse tsotlhe. Ga go a tlhokafala sepe sa tsona.
15 Dilo tsotlhe tse di molemo tseMorena, Modimo wa lona, o neng o di lo solofeditse di lo dirafaletse! MmeMorenao tla lo dirafaletsa dilo tsotlhe tse di bosula fela jalo go ya go fitlhelela a be a lo nyeletse, a lo tlose mo nageng e e molemo e, eMorena, Modimo wa lona, o e lo neileng
16 fa lo ka senya kgolagano yaMorena, Modimo wa lona, e o e lo laetseng lwa ya lwa direla medimo e sele lwa e obamela; foo bogale jwaMorenabo tla lo tukela, mme lo tla latlhega ka pele, lo tlosiwa mo lefatsheng le le molemo le o le lo neileng.”