JOŠUA 4

Mafika a le 12 a a tlhongwang go nna segopotso

1 E rile setšhaba sotlhe se sena go tshela Joretane,Morenaa raya Jošua a re:

2 “Itlhaoleleng banna ba le some pedi mo morafeng, lotso longwe le longwe lo ntshe a le mongwe.

3 Lo ba laele lo re: ‘Ntshang mafika a le some pedi mo gare ga Joretane fa dinao tsa baperesiti di neng di eme teng di tsepame, lo tshele lo a tshotse, lo a bee kwa marobalong kwa lo tla lalang teng bosigo jono.’ ”

4 Jaanong Jošua a bitsa banna ba ba some pedi bao ba a neng a ba naya tiro ba tswa mo Baiseraeleng, lotso longwe le longwe lo ntshitse a le mongwe.

5 Jošua a ba laela a re: “Tshelang lo etelele Letlole laMorena, Modimo wa lona, pele, lo tsene kwa gare ga Joretane, mme a mongwe le mongwe wa lona a tsee lefika, a le sikare legetleng ka fa palong ya ditso tsa Iseraele

6 gore selo se e nne sesupo mo go lona: E tle e re bana ba lona ba lo botsa mo metlheng e e tlang ba re: ‘Mafika ao a kaya eng mo go lona?’

7 foo lo ba ree lo re: ‘E rile Letlole la Kgolagano yaMorenale tshela Joretane, metsi a Joretane a kgaoga fa pele ga lone, mme mafika ao ke segopotso sa teng mo Baiseraeleng ka bosakhutleng.’ ”

8 Baiseraele ba dira jalo jaaka Jošua a laotse, ba tsaya mafika a le some pedi, ba a ntsha mo gare ga Joretane jaakaMorenaa laetse Jošua ka fa palong ya ditso tsa Baiseraele, ba tshela ba a tshotse, ba a isa kwa marobalong, ba a baya teng.

9 Le gona Jošua a tlhoma mafika a le some pedi fa gare ga Joretane, fa dinao tsa baperesiti ba ba neng ba sikere Letlole la Kgolagano di neng di eme gona. A sa le teng le kajeno.

10 Mme baperesiti ba ba neng ba sikere Letlole ba ne ba ntse ba eme fa gare ga Joretane ga tsamaya ga fediwa tsotlhe tseMorenao di laetseng Jošua go di bolelela morafe, e bong tsotlhe tse Moše o di laetseng Jošua. Morafe wa itlhaganela, wa tshela.

11 Jaanong ya re morafe otlhe o sena go tshela, Letlole laMorenale lone la tshela le tshotswe ke baperesiti mo matlhong a morafe.

12 Mme Barubene le Bagate le ba bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba tshela, ba etelela Baiseraele pele ba tshotse marumo jaaka Moše a ba laetse.

13 Ba fetela pele fa pele gaMorenago ya tlhabanong kwa nageng ya Jerigo, e ka nna banna ba mephato ba ba tshotseng marumo ba le 40 000.

14 Ka letsatsi leoMorenaa godisa Jošua mo matlhong a Baiseraele botlhe, mme ba mmoifa ka malatsi otlhe a bophelo jwa gagwe jaaka ba ne ba boifa Moše.

15 Morenao ne a reile Jošua a re:

16 “Laela baperesiti ba ba sikereng Letlole la Tshupo gore ba tlhatloge ba tswe mo Joretane.”

17 Ke fa Jošua a laela baperesiti a re: “Tlhatlogang lo tswe mo Joretane!”

18 Mme ya re baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano yaMorenaba tlhatloga ba tswa mo Joretane, mme dipato tsa dinao tsa baperesiti di sena go gata lefatshe le le omileng, metsi a Joretane a ba a boela mo felong ga ona, a ela jaaka pele, a penologela mo dintshing tsotlhe.

19 Morafe o ne wa tlhatloga mo Joretane ka kgwedi ya ntlha e le some; jaanong ba thibelela kwa Gilegala fa molelwaneng wa botlhabatsatsi wa Jerigo.

20 Mme mafika a a some pedi ale a ba a ntshitseng mo Joretane Jošua a a tlhoma kwa Gilegala.

21 A raya Baiseraele a re: “E re fa bana ba lona ba botsa borraabo mo metlheng e e tlang ba re: ‘Mafika ao a kaya eng?’

22 foo lo itsise bana ba lona lo re: ‘Baiseraele ba ne ba tshela Joretane yo a omisitswe.

23 GonneMorena, Modimo wa lona, o ne a kgadisa metsi a Joretane fa pele ga lona ga tsamaya lwa tshela fela jaakaMorena, Modimo wa lona, a kile a direla Lewatle la Motlhaka le o neng a le kgadisa fa pele ga rona ga tsamaya ra tshela.

24 E ne e le gore merafe yotlhe ya lefatshe e tle e lemoge letsogo laMorena, fa e le le le thata, mme e boifeMorena, Modimo wa lona, ka malatsi otlhe.’ ”