1 E rile dikgosi tsotlhe tsa Baamori tse di neng di le ka kwano ga Joretane mo ntlheng ya bophirimatsatsi le dikgosi tsotlhe tsa Bakanana tse di neng di le fa lewatleng di utlwa ka faMorenaa kgadisitseng metsi a Joretane ka teng fa pele ga Baiseraele ga tsamaya ba tshela, tsa kgobega marapo, ga se ka ga tlhola go nna bopelokgale mo go tsona fa pele ga Baiseraele.
Baiseraele ba rupisiwa kwa Gilegale
2 Ka sebaka seoMorenaa laela Jošua a re: “Itirele dithipa tsa matlapa, o rupise Baiseraele.”
3 Ke fa Jošua a itirela dithipa tsa matlapa, a rupisa Baiseraele kwa thabeng ya Aralothe.
4 Jošua o ba rupisitse ka ntlha ya go re morafe otlhe o o neng o hudugile kwa Egepeto, e bong banna botlhe ba mephato ba ne ba swetse mo sekakeng ba le mo tseleng ya go huduga kwa Egepeto.
5 Gonne batho botlhe ba ba hudugileng ba ne ba rupile; fela batho botlhe ba ba tsaletsweng mo tseleng go sena go duwa kwa Egepeto ba ne ba sa rupa.
6 Gonne Baiseraele ba ne ba sepela dinyaga di le 40 mo sekakeng ga tsamaya setšhaba sotlhe sa banna ba batlhabani ba ba hudugileng kwa Egepeto sa nyelediwa, ka ba se ka ba utlwa lentswe laMorena. Ke bone baMorenao neng a ba ikanela a re, ga a kitla a ba abela lefatshe leMorenao neng a le solofeditse borraabo ka maikano a re: “O tla le re naya, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.”
7 Bomorwa-bone ba ba neng ba godile mo boemong jwa borraabo ke bone ba Jošua o neng a ba rupisa; gonne ba ne ba ise ba rupe, ka go ne go se na thupiso mo tseleng.
8 Jaanong ya re setšhaba sotlhe se sena go rupisiwa, ba nna fela mo mannong a bone mo bothibelelong go fitlhelela ba fola.
9 Ke faMorenaa raya Jošua a re: “Kajeno ke pitikile kgobo ya Baegepeto, ka e tlosa mo go lona.” Ke ka moo felo foo go bidiwang ka leina la Gilegalago fitlha letsatsing la kajeno.
10 E rile Baiseraele ba ntse ba thibeletse kwa Gilegala mo nageng ya Jerigo, ba ja Moletlo wa Tlolaganyo ka letsatsi la 14 la kgwedi go le mantsiboa.
11 Go tloga ka letsatsi le le latelang la Tlolaganyo ba ja tse di robilweng mo lefatsheng le, e bong dinkgwe tse di sa bedisiwang le dipabe tsa mabele, e le ka lone letsatsi leo.
12 Ka letsatsi la ka moso Mmana wa khutla, ka jaanong Baiseraele ba ja tsa thobo ya lefatshe le. Go tsweng foo ga ba a ka ba tlhola ba nna le Mmana, mme ba ja tse di rojwang mo lefatsheng la Kanana ka ngwaga oo.
Jošua o bona Molaodi wa mephato ya Morena
13 E kile ya re Jošua a ntse a le gaufi le Jerigo, a tsholetsa matlho, a leba, a bona monna a eme fa pele ga gagwe, a tshotse tšhaka a e somotse. Jošua a ya kwa go ene, a mmotsa a re: “A o wa rona kampo a o wa baba ba rona?”
14 A araba a re: “Nnyaya! Ke nna molaodi wa mephato yaMorena. Ke gona ke tlang.” Ke fa Jošua a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba a mmotsa a re: “Morena wa me o laela motlhanka wa gagwe a reng?”
15 Molaodi wa mephato yaMorenaa raya Jošua a re: “Rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago; gonne felo fa o emeng teng go boitshepo.” Jošua a dira jalo.