Jerigo o thopiwa le go senngwa
1 Dikgoro tsa Jerigo di ne di tswetswe ka ntlha ya Baiseraele, go se na yo o tswang le e seng yo o tsenang.
2 MmeMorenaa raya Jošua a re: “Bona, ke neetse Jerigo mo diatleng tsa gago le kgosi ya gagwe le bagale ba mephato.
3 Dikologang motse o, e bong banna botlhe ba batlhabani, lo o potologe gangwe ka letsatsi; lo dire jalo ka malatsi a marataro.
4 Gape a baperesiti ba supa ba etele Letlole pele ba tshotse dinaka tse supa tsa diphelehu, mme ka letsatsi la bosupa lo dikologe motse o gasupa, mme baperesiti ba letse dinaka.
5 Jaanong e re go lediwa lonaka lwa phelehu ka boleele, fa lo utlwa lonaka lo lela, a morafe otlhe o thele lešalaba, foo lobota lwa motse lo tla wela fa lo leng teng, mme banna ba lona ba tla o tlola, mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae.”
6 Ke fa Jošua, morwa Nune a bitsa baperesiti, a ba raya a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, mme a baperesiti ba supa ba tsee dinaka tse supa tsa diphelehu, ba etelele Letlole laMorenapele.”
7 A ba a raya morafe a re: “Nanogang lo dikologe motse o, mme ba ba tshotseng marumo a ba etelele Letlole laMorenapele.”
8 Ya re Jošua a sena go laela morafe jalo baperesiti ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa tsa diphelehu fa pele gaMorena, ba nanoga ba letsa dinaka; Letlole la Kgolagano yaMorenala ba sala morago.
9 Ba ba neng ba tshotse marumo ba etelela baperesiti ba ba letsang dinaka pele; ba bangwe ba latela Letlole go ntse go lediwa dinaka.
10 Jošua a laela morafe a re: “Se openg mokgosi le e seng go utlwatsa mantswe a lona; a go se ka ga tswa lefoko mo melomong ya lona go ya letsatsing le ke tla lo rayang ka lone ke re: ‘Thelang lešalaba!’ Foo lo thele lešalaba.”
11 Jošua a dikolosa Letlole laMorenajalo gangwe fela mo tikologong ya motse; morago ga moo ba boela kwa bothibelelong, ba lala teng.
12 Jošua a ba a phakela mo mosong; baperesiti ba sikara Letlole laMorena;
13 baperesiti ba supa ba ba tshotseng dinaka tse supa tsa diphelehu ba etelela Letlole laMorenapele ba ntse ba letsa dinaka; ba ba tshotseng marumo ba ba eteletse pele, ba bangwe ba sala Letlole laMorenamorago go ntse go lediwa dinaka.
14 Ba dikologa motse jalo ka letsatsi la bobedi gangwe fela, ba be ba boela kwa bothibelelong. Ba dira jalo ka malatsi a marataro.
15 Mme ka letsatsi la bosupa ba phakela, fa mahube a tswa, ba dikologa motse ka mokgwa oo gasupa. Ke letsatsi leo fela le ba dikologileng motse gasupa ka lone.
16 Mme ya re ba o dikologa lwa bosupa, baperesiti ba letsa dinaka; ke fa Jošua a raya morafe a re: “Thelang lešalaba! GonneMorenao lo neetse motse o.
17 Mme a motse o le tsotlhe tse di mo go ona di neelweMorenaka go bolawa le go fisiwa; go phele Rahabe wa seaka fela, ene le botlhe ba ba nang nae mo ntlong; gonne ene o ne a fitlha barongwi ba re neng re ba romile.
18 Fela lo itise mo go tse di neetswengMorenajalo, e se ka ya re fa lo dirafatsa khutso, lwa tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng, lwa tloga lwa tsenya bothibelelo jwa Baiseraele mo khutsong, lwa bo isa mo tatlhegong.
19 Mme selefera yotlhe le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ke tse di boitshepo tsaMorena; a di tsene mo lehumong laMorena.”
20 Ke fa batho ba thela lešalaba, ba letsa dinaka; ya re batho ba utlwa lonaka lo lela, batho ba thela lešalaba le legolo; ke fa lobota lo wela fa lo leng teng, mme batho ba tlolela mo motseng mongwe le mongwe fa go lebaganyeng nae. Ba thopa motse jalo.
21 Ba dirafatsa khutso ya Modimo mo go tsotlhe tse di neng di le mo motseng. Ba bolaya banna le basadi, ba bašwa le batsofe le dikgomo le difutshane le diesele ka bogale jwa tšhaka.
22 Mme Jošua a raya banna ba babedi ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe a re: “Tsenang mo ntlong ya mosadi yole wa seaka, lo ntshe teng mosadi yoo le botlhe ba e leng ba ga gabo jaaka lo mo ikanetse.”
23 Ke fa makau a e neng e le batlhodi a tsena, a ntsha Rahabe le rraagwe le mmaagwe le bokgaitsadie le ba ga gabo botlhe; a ba baya ka fa ntle ga bothibelelo jwa Baiseraele.
24 Jaanong ba fisa motse ka molelo le tsotlhe tse di mo go ona; fela selefera le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ba di tsenya mo lehumong la Tempelana yaMorena.
25 Mme Jošua a phedisa Rahabe wa seaka le ba lelapa la ga rraagwe le ba ga gabo botlhe; ba nna mo gare ga Baiseraele go fitlha letsatsing la kajeno, ka a ne a fitlha barongwi ba Jošua o neng a ba romile go tlhola Jerigo.
26 Ka sebaka seo Jošua o ne a ikanisa Baiseraele a re:
“A go hutsiwe monna fa pele
gaMorenayo o ka tlogang,
a aga motse o wa Jerigo gape;
fa a o thaya,
o tla swelwa ke morwawe
yo mogolo;
fa a tsenya dikgoro tsa ona,
o tla swelwa ke morwawe
yo mmotlana.”
27 Morenao ne a na le Jošua, mme a tuma mo lefatsheng lotlhe.