JOŠUA 7

Bogodu jwa ga Agane le petso ya gagwe

1 Mme Baiseraele ba utswa tse di hutsitsweng: Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera wa lotso lwa Juta, a tsaya dingwe tsa tse di hutsitsweng. Ke fa bogale jwaMorenabo tukela Baiseraele.

2 E rile ba le kwa Jerigo, Jošua a roma banna kwa Ai. Ke motse o o bapileng le Bethawene o o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a ba laela a re: “Bololang lo tlhole lefatshe!” Banna bao ba bolola, ba ya go tlhola Ai.

3 Ya re ba sena go boela kwa go Jošua ba mo raya ba re: “A go se ka ga bolola batho botlhe, a go bolole banna ba e ka nnang ba dikete di le pedi gongwe di le tharo; ba tla fenya Ai. Se lapise batho botlhe ka go ba isa teng gonne ba Ai ke setlhophanyana fela.”

4 Banna ba e ka nnang kete tse tharo ba bolola jalo, ba ya teng, mme ba feta ba tshaba banna ba Ai.

5 Banna ba Ai ba bolaya banna ba e ka nnang ba le 36 ba bone, ba ba leleka ka kwa ntle ga kgoro go ya kwa meepong ya mafika, ba ba bolaya mo mokgokoloseng wa thaba. Ke fa batho ba nyema moko, dipelo tsa nna jaaka metsi.

6 Mme Jošua a ikgagola diaparo, a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole laMorenago ya mantsiboeng, ene le bagolo ba Iseraele, ba itshela lerole mo ditlhogong.

7 Jošua a rapela a re: “Ao, Morena Modimo! Ke ka ntlha ya eng fa o tshedisitse morafe o noka ya Joretane go re neela mo diatleng tsa Baamori gore ba re nyeletse? Ao, re ka bo re itumeletse go nna kwa moseja ga Joretane!

8 Ka thapelo, Morena, ke tla reng, ka Baiseraele ba tshabile baba ba bone?

9 Kana Bakanana le baagi botlhe ba lefatshe le ba tla utlwa; mme ba tla tla go re dikanyetsa, ba fedisa leina la rona mo lefatsheng. Foo o tla direla leina le legolo la gago eng?”

10 MmeMorenaa raya Jošua a re: “Tsoga! O weletseng fa fatshe ka sefatlhego?

11 Baiseraele ba leofile. Le gona ba tlodile kgolagano ya me e ke e ba laetseng ka go tsaya tse dingwe tse di hutsitsweng; ba utswile, ba bile ba di lobile, ba di fitlha mo dilong tsa bone.

12 Baiseraele ba tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba bone. Ba tla tshaba baba ba bone, gonne ba hutsegile. Ga nkitla ke tlhola ke nna le lona, fa lo sa tlose tse di hutsitsweng mo go lona.

13 Tsoga o itshepise morafe, o o ree o re: ‘Ipaakanyetseng kamoso lo nne boitshepo, gonneMorena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Go na le tse di hutsitsweng mo gare ga lona, Baiseraele; lo tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba lona go fitlhelela lo be lo tlose tse di hutsitsweng mo go lona.

14 E re mo mosong lo atamele ka fa ditsong tsa lona, mme a lotso loMorenao tla lo supang ka tengwa lo atamele ka fa ditshikeng, mme a losika loMorenao tla lo supang lo atamele ka fa malapeng, mme a lelapa leMorenao tla le supang le atamele ka banna.

15 Mme a ene yo o fitlhelwang a na le tse di hutsitsweng a fisiwe ka molelo, ene le tsotlhe tse o nang natso; gonne o tlodile kgolagano yaMorena, a dira boleo jo bogolo mo go Iseraele.’ ”

16 Jaanong Jošua a phakela mo mosong, a atametsa Baiseraele ka fa ditsong tsa bone; ga supiwa lotso lwa Juta.

17 Ya re a atametsa ditshika tsa Juta, tengwa ya supa losika lwa ga Sera; ya re a atametsa losika lwa ga Sera ka tatelano ya banna, ga supiwa lelapa la ga Sabedi.

18 Ya re a atametsa lelapa la gagwe ka tatelano ya banna, ga supiwa Agane morwa Karemi, morwa Sabedi, morwa Sera, wa lotso lwa Juta.

19 Ke fa Jošua a raya Agane a re: “Morwaaka, a ko o neeMorena, Modimo wa Iseraele, tlotlo, o mo nee pako; a ko o mpolelele se o se dirileng; o se ka wa se ntobela.”

20 Agane a araba Jošua a re: “Ka nnete, ke leofetseMorena, Modimo wa Iseraele; ke dirile jaana le jaana:

21 Mo thopong ka bona kobo e ntle e le nngwe ya kwa Sineare le dišekele di le 200 tsa selefera le lekwete la gouta; bokete jwa lone e le dišekele di le 50; ka di eletsa, ka di tsaya. Bona, di epetswe fa fatshe mo gare ga tente ya me. Selefera e ka fa tlase.”

22 Ke fa Jošua a roma barongwi, ba sianela kwa tenteng ya gagwe, ba fitlhela di epetswe mo tenteng ya gagwe, selefera e le ka fa tlase.

23 Ba di tsaya, ba di ntsha mo tenteng, ba di isa kwa go Jošua le kwa Baiseraeleng botlhe, ba di baya fa pele gaMorena.

24 Ke fa Jošua le Baiseraele botlhe ba ba nang nae ba tsaya Agane morwa Sera le selefera le kobo le lekwete la gouta le bomorwawe le bomorwadie le dikgomo tsa gagwe le diesele tsa gagwe le dinku tsa gagwe le tente ya gagwe le tsotlhe tse a nang natso, ba di isa nae kwa molapong wa Agore.

25 Mme Jošua a re: “Ke go reng, fa o re isitse mo tatlhegong? Ka mooMorenao tla go isa mo tatlhegong kajeno.” Ke fa Baiseraele botlhe ba mo konopa ka majwe, ba ba fisa ka molelo, ba ba kgobotletsa ka majwe.

26 Ba kgobokanya mokoa o mogolo wa majwe mo godimo ga gagwe o o sa ntseng o le teng kajeno. Ke faMorenaa rebega mo bogaleng jo bo tukang jwa gagwe. Ke ka moo leina la felo foo e leng Molapo wa Agore go fitlha letsatsing la kajeno.