JOŠUA 9

Maano a ba Gibeone

1 Dikgosi tsotlhe tse di neng di le mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Joretane mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le ka fa losing lotlhe lwa lewatle le legolo go ya go fitlha kwa Lebanone, e bong tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi di ne tsa utlwa dilo tseo.

2 Jaanong tsa ikopanya mmogo jaaka monna a le mongwe go tlhabana le Jošua le Baiseraele.

3 Mme e rile baagi ba Gibeone ba sena go utlwela tse Jošua a di diretseng Jerigo le Ai,

4 le bone ba loga maano, ba itshwantshanya le baeti, ba tsaya dikgetse tse di onetseng, ba di belesa diesele tsa bone, le makuka a weine a a onetseng a a gagogileng a a dibatabata.

5 Le gona ba rwala masutlha a ditlhako a mamilwe mo dinaong, ba apara diaparo tse di onetseng. Dijo tsotlhe tsa mfago wa bone di ne di omeletse, di fafarega.

6 Ba tla kwa go Jošua kwa bothibelelong jwa kwa Gilegala, ba raya ene le banna ba Iseraele ba re: “Re tswa kwa lefatsheng le le kgakala. Jaanong a ko lo dire kgolagano le rona.”

7 Mme banna ba Iseraele ba raya Bahewi bao ba re: “Ka gongwe lo ntse lo agile mo gare ga rona. Re ka dira jang kgolagano le lona?”

8 Jaanong ba raya Jošua ba re: “Rona re batlhanka ba gago.” Mme Jošua a ba botsa a re: “Lo bomang? Lo tswa kae?”

9 Ba mo araba ba re: “Batlhanka ba gago ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala thata ka ntlha ya leina laMorena, Modimo wa gago. Gonne re utlwile tumedi ya gagwe le tsotlhe tse o di dirileng kwa Egepeto

10 le tsotlhe tse o di diretseng dikgosi tse pedi tsa Baamori, tse di neng di le kwa moseja ga Joretane, e bong Sihone, kgosi ya Hešebone le Oge, kgosi ya Basane yo o neng a le kwa Ašetharothe.

11 Ke fa bagolo ba rona le baagi botlhe ba lefatshe la rona ba re laela ba re: ‘Itseeleng mefago ya leeto, lo ye go ba kgatlhantsha, lo ba ree lo re: Rona re batlhanka ba lona. Jaanong he dirang kgolagano le rona.’

12 Dinkgwe tsa rona ke tse; ka letsatsi le re bolotseng ka lone go tla kwano go lona tsa bo di le bolelo, fa re di tsaya mo malapeng a rona go nna mefago ya rona. Mme jaanong bonang, di omeletse, e bile di a fafarega.

13 Makuka a weine ke a; re a tladitse a sa le mašwa, mme bonang, a gagogile. Diaparo tsa rona le ditlhako tsa rona ke tse; di onetse ka leeto le leleele thata.”

14 Ke fa bannaba ngatha mefago ya bone, mme ba sa botseMorena.

15 Mme Jošua a dira kagiso nabo, a dira kgolagano nabo ya gore o tla ba lesa go phela. Le gona dikgosana tsa phuthego tsa ba ikanela jalo.

16 Mme ga feta malatsi a le mararo ba sena go dira kgolagano nabo, jaanong ba utlwa gore batho bale ba gaufi le rona, mme ba agile mo gare ga rona.

17 Gonne e rile Baiseraele ba fetela pele, ba fitlha kwa metseng ya bone ka letsatsi la boraro; metse ya bone e le Gibeone le Kefira le Beerothe le Khiriathe-Jearime.

18 Mme Baiseraele ba se ka ba ba bolaya, ka gonne dikgosana tsa phuthego di ne di ba ikanetse kaMorena, Modimo wa Iseraele; ke fa phuthego yotlhe e ngongoregela dikgosana.

19 Mme dikgosana tsotlhe tsa raya phuthego yotlhe tsa re: “Re ba ikanetse kaMorena, Modimo wa Iseraele; ke ka moo re palelwang jaanong ke go ba ama.

20 Se re ka se ba direlang ke se: Ba leseng go phela gore bogale bo se ka jwa re wela ka ntlha ya maikano a re a ba ikanetseng.”

21 Gape dikgosana tsa ba raya tsa re: “A ba phele, a e nne bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba phuthego yotlhe.” Mme ga nna jalo jaaka dikgosana di buile.

22 Ke fa Jošua a ba bitsa, a bua nabo a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo re tsieditse lwa re, lo kgakala thata le rona, etswe lo agile mo gare ga rona?

23 Mme jaanong lo hutsegile, mme ga lo kitla lo khutla ka gope go nna batlhanka le bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba Tempelana wa Modimo wa me.”

24 Ba araba Jošua ba re: “Batlhanka ba gago ba begetswe e le nnete tseMorena, Modimo wa gago, o di laetseng Moše, motlhanka wa gagwe go lo naya lefatshe lotlhe le, le go nyeletsa baagi botlhe ba lefatshe le fa pele ga lona. Ka moo ra boifela maphelo a rona thata ka ntlha ya lona, mme ra dira jalo.

25 Mme jaanong, bona, re mo diatleng tsa gago! Dira ka rona tse di siameng tse di tshwanetseng mo matlhong a gago!”

26 A ba direla jalo, a ba namolela mo diatleng tsa Baiseraele gore ba se ka ba ba bolaya.

27 Ka letsatsi leo Jošua a ba dira bafatsi ba dikgong le bagi ba metsi ba phuthego le ba aletare yaMorenamo felong faMorenao tla go tlhophang, go fitlhelela kajeno.