Natabe le Abihu ba bolawa ke molelo wa Morena
1 Mme bomorwa Arone, Natabe le Abihu, ba tsaya maiswana a bone, ba tsenya molelo mo go ona, ba baya maswalo godimo ga ona, ba tlisa molelo o sele fa pele gaMorena, o a sa o ba laelang.
2 Ke fa molelo o tswa kwaMoreneng, o ba bolaya, mme ba swela fa pele gaMorena.
3 Jaanong Moše a raya Arone a re: “Ke sona seMorenao se buileng a re: ‘Ke tla itshupa ke le boitshepo mo go ba ba nkatamelang; ke tla ikgalaletsa fa pele ga morafe otlhe!’ ” Mme Arone a didimala.
4 Mme Moše a bitsa Mišaele le Elesafane, bomorwa Usiele, rrangwanaagwe Arone, a ba raya a re: “Atamelang lo tlose ba ga lona fa pele ga Felo-fa-go-Boitshepo, lo ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo.”
5 Ba atamela, ba ba ntshetsa kwa ntle ga bothibelelo ba ntse ba apere dikobo tsa letseta tsa boperesiti jaaka Moše a buile.
6 Moše a ba a raya Arone le Eleasare le Ithamare bomorwawe a re: “A meriri ya tlhogo tsa lona e se ka ya lepelela ka botlhaswa, lo se ka lwa ikgagola diaparo, e se re gongwe lwa swa mme bogale jwa wela mo phuthegong yotlhe. A Baiseraele botlhe ba ga lona e nne bone ba ba lelelang phiso eMorenae e dirileng.
7 Le gona lo se ka lwa tloga mojakong wa Tente ya Boipontsho, e se re gongwe lwa swa; gonne lookwane lwa tlotso lwaMorenalo mo go lona.” Mme ba dira ka fa lefokong la ga Moše.
Ditaelo ka ga baperesiti
8 Letsatsi lengweMorenaa raya Arone a re:
9 “E ne e re fa wena le bomorwao lo tsena mo Tenteng ya Boipontsho, lo se ke la nwa weine le fa e le dino tse di tagang gore lo se ka lwa swa. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa lona
10 gore lo tle lo itse go farologanya tse di boitshepo le tse di seng boitshepo le tse di sa itshekang le tse di itshekileng
11 le gore lo tle lo rute Baiseraele melao yotlhe eMorenao e boleletseng ka Moše.”
12 Moše a ba a raya Arone le Eleasare le Ithamare bomorwawe ba ba setseng a re: “Tsayang tshupelo ya dijo, e bong tse di setseng tsa ditshupelo tsa molelo tsaMorena, lo di jele fa thoko ga aletare di sa bedisiwa; gonne di boitshepotshepo.
13 Ka moo lo di jele mo Felong-fa-go-Boitshepo; gonne ke kabelo e e go tshwanetseng le bomorwao e tswa mo ditshupelong tsa molelo tsaMorena; gonne ke laetswe jalo.
14 Mme sehuba sa kgadikanyo le serope sa seabe lo di jele mo felong fa go phepa, wena le bomorwao le bomorwadio; gonne di ntshitswe mo ditlhabelong tsa tebogo tsa Baiseraele e le tse di go tshwanetseng le bomorwao.
15 Ba tshwanetse go tlisa serope sa seabe le sehuba sa kgadikanyo mmogo le ditshupelo tsa molelo tsa mafura go di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorena, mme e tla nna tsa gago le bomorwao e le tshiamelo e e sa khutleng jaakaMorenaa laetse.”
16 Jaanong ya re Moše a batlabatla phoko ya setlhabelo sa boleo, a fitlhela e fisitswe. Ke fa a galefela Eleasare le Ithamare, bomorwa Arone ba ba setseng, a re:
17 “Ke ka ntlha ya eng lo se ka lwa ja setlhabelo sa boleo mo Felong-fa-go-Boitshepo? Kana se boitshepotshepo;Morenao se lo neile go tlosa molato wa phuthego le go ba direla thuanyo fa pele gaMorena.
18 Kana madi a sona ga a ka a isiwa kwa teng ga Tempelana e e Boitshepo! Lo ne lo tshwanetse go se jela mo Felong-fa-go-Boitshepo jaaka ke laetse.”
19 Mme Arone a fetola Moše a re: “Bona, kajeno ba tlisitse setlhabelo sa bone sa boleo le setlhabelo sa bone sa phiso fa pele gaMorena, mme nna ke dirafaletswe ke tse di ntseng jalo. Jaanong a nka ja setlhabelo sa boleo kajeno go kgatlhaMorena?”
20 Ya re Moše a utlwa jalo, a fitlhela go siame.