LEFITIKO 11

Melao ka ga ditshedi tse di itshekileng le tse di sa itshekang

1 MmeMorenaa bua le Moše le Arone, a ba raya a re:

2 “Rayang Baiseraele lo re: ‘Ditshedi tsotlhe tsa lefatshe tse di maoto-mane tse lo ka di jang ke tse:

3 Ke tsotlhe tse di ditlhako di maphata, di le maphata tota, le gona di otla. Ke tsona tse lo ka di jang.

4 Fela tse dingwe tse di otlang gongwe tse dingwe tse di ditlhako di maphata lo se ka lwa di ja: E bong kammele; gonne e a otla, mme ga e ditlhako di maphata, e lo itshekologetse;

5 le pela; gonne e a otla, mme ga e ditlhako di maphata; e lo itshekologetse;

6 le mmutla; gonne o a otla, mme ga o ditlhako di maphata; o lo itshekologetse;

7 le kolobe; gonne e ditlhako di maphata, di le maphata tota, mme ga e otle; e lo itshekologetse.

8 Lo se ka lwa ja sepe sa dinama tsa tsona le e seng go ama ditoto tsa tsona; di lo itshekologetse.

9 “ ‘Tse di mo metsing tse lo ka di jang ke tse: Ke tsotlhe tse di nang le diphuka le makape mo metsing, e bong mo mawatleng le mo dinokeng; tsona lo ka di ja.

10 Mme tsotlhe tse di se nang diphuka le makape mo mawatleng le mo dinokeng e bong mefutafuta ya ditshedi tse di nyeulang mo metsing, tsona lo di ile.

11 A e nne maila mo go lona; lo se ka lwa ja nama ya tsona, lo sisimoge ditoto tsa tsona.

12 Tsotlhe tse di se nang diphuka le makape mo metsing ke maila mo go lona.

13 “ ‘Tse lo tshwanetseng go di ila mo dinonyaneng di sa tshwanela go jewa e le maila, ke tse: Ke ntswi le makgwane le lenong le lentsho

14 le segodi le digootsane le mefuta ya tsona

15 le mefuta yotlhe ya magakabe

16 le ntšhwe le moleane le lenongnyana la lewatle le bophakalane le mefuta ya bona

17 le ubane le kokolohute le morubisi

18 le moseleketane le tlhangwe le lenong le lesetlha

19 le makololwane le mmamasiloanoka le mefuta ya yona le makapatisiane le mamathwane.

20 “ ‘Ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka di tsamaya ka maoto a mane ke maila mo go lona.

21 Fela tse lo ka di jang tsa ditshedinyana tsotlhe tse di diphuka, di tsamaya ka maoto a mane, ke tse di nang le memomo e mebedi godimo ga dinao tsa tsona go tlola ka yona mo lefatsheng jaaka tsie.

22 Tse lo ka di jang mo go tsona ke tse: Ke boijane ka fa mefuteng ya jona le segongwane ka fa mefuteng ya sona le molome ka fa mefuteng ya ona le tlorongtlope ka fa mefuteng ya yona.

23 Mme ditshedinyana tsotlhe tse dingwe tse di diphuka tse di nang le maoto a mane ke maila mo go lona.

24 “ ‘Tse lo itshekologang ka tsona ke ditshedi tse: Mongwe le mongwe yo o amang ditoto tsa tsona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng;

25 gape, mongwe le mongwe yo o rwalang sengwe sa ditoto tsa tsona a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

26 Ke ditshedi tsotlhe tse di ditlhako di maphata, mme di se maphata tota, le gona di sa otle, tsona di lo itshekologetse. Mongwe le mongwe yo o di amang o tla bo a itshekologile.

27 Le tsotlhe tse di maroo mo ditsheding tsotlhe tse di tsamayang ka maoto a mane di lo itshekologetse. Mongwe le mongwe yo a amang ditoto tsa tsona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

28 Yo o rwalang setoto sa tsona a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng. Tsona di lo itshekologetse.

29 “ ‘Tse le tsona di lo itshekologetseng mo digagabing tse di gagabang fa fatshe ke serunya le peba le motitswane ka fa mefuteng ya ona

30 le polo le kgantlapane le gopane le mamagwai le lebodu.

31 Ke tsona tse di lo itshekologetseng mo digagabing tsotlhe; moo le mongwe yo o di amang di sule o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

32 Le se se welwang ke sengwe sa tsona se sule se tla itshekologa, le fa e le selo sa logong gongwe seaparo gongwe letlalo gongwe kgetse, e bong didiri tsotlhe tse go dirwang tiro ka tsona; a di tsenngwe mo metsing, ka di tla bo di itshekologile go ya maitsiboeng; foo di tla itsheka gape.

33 Le selo sengwe le sengwe sa letsopa, fa sengwe sa tseo se ka wela mo teng ga sona, go tla itshekologa tsotlhe tse di mo go sona, mme sona lo se thube.

34 Mo pitseng nngwe le nngwe e e ntseng jalo dijo tsotlhe tse di jewang tse di apewang ka metsi di tla bo di itshekologile; le dino tsotlhe tse di nowang tse di mo nkgwaneng e e ntseng jalo di tla bo di itshekologile.

35 Tsotlhe tse di welwang ke setoto sa tsona di tla bo di itshekologile; le fa e le sebeso gongwe matshego a pitsa a di thubiwe; di itshekologile, lo di kaye tse di sa itshekang.

36 Mme motswedi le sediba le gopo ya metsi ga di ne di itshekologa ka gope; fela yo o amang setoto se se mo go tsona, ke ene yo o tla itshekologang.

37 Gape, fa sengwe sa ditoto tsa tsona se ka wela mo peong efe le efe e e jwalwang yona e tla nna e itshekile.

38 Mme fa go tshetswe metsi mo peong, mme go wela sengwe sa ditoto tsa tsona mo go yona, gona e lo itshekologetse.

39 “ ‘Jaanong fa go swa sengwe sa diruiwa tse lo di jang, yo o amang setoto sa sona o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

40 Yo o jang nama ya setoto sa sona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng; le yo o rwalang setoto sa sona, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.

41 “ ‘Le ditshedi tsotlhe tse di gagabang fa fatshe ke maila; di se ka tsa jewa.

42 E bong tsotlhe tse di gwapang ka mpa le tse di maoto-mane, le fa e le a mantsi e bong tsotlhe tse di gagabang fa fatshe, lo se ka lwa di ja; gonne ke maila.

43 Lo se ka lwa itira kilego ka sepe se se gagabang; lo se ka lwa ikgotlela ka tsona, lo ka tla lwa itshekologa.

44 Gonne ke nnaMorenaModimo wa lona. Itshupeng lo le boitshepo, lo nne ba ba boitshepo; gonne nna ke yo o boitshepo. Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe se se gagabang fa fatshe.

45 Gonne ke nnaMorenake lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke nne Modimo wa lona. Ka moo nnang boitshepo, gonne nna ke boitshepo.

46 “ ‘Ke ona molao ka ga ditshedi le dinonyane le tsotlhe tse di phelang, di nyeula mo metsing le ditshedinyana tsotlhe tse di gagabang fa fatshe

47 gore lo tle lo itse go farologanya tse di sa itshekang le tse di itshekileng le ditshedi tse di ka jewang le tse di sa tshwanelang go jewa.’ ”