Molao ka ga motsetsi
1 Morenaa ba a raya Moše a re:
2 “Bua le Baiseraele o re: ‘E ne e re fa mosadi a ithwala, a ba a tshola mosimane, a nna a itshekologile malatsi a supa; ga a itsheka jaaka ka malatsi a mosese, fa a ipona.
3 Jaanong a ka letsatsi la robedi mosimanyana a rupisiwe.
4 Mme a mosadi a nne mo ntlong malatsi a le 33 a le mo mading a botsetsi, a se ka a ama sepe se se boitshepo le e seng go tla kwa Felong-ga-Boitshepo go ya go be go fete malatsi a phepafalo ya gagwe.
5 “ ‘Mme fa a tshola mosetsana, o tla bo a itshekologile beke di le pedi jaaka mo malatsing a mosese; a be a nne mo ntlong malatsi a le 66 a le mo mading a botsetsi.
6 “ ‘Mme e re malatsi a phepafalo ya gagwe a sena go feta, le fa e le a mosimane gongwe a mosetsana, a a tlise kwana ya ngwaga o le mongwe ya setlhabelo sa phiso le leebana gongwe lephoi la setlhabelo sa boleo, a di tlise kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go moperesiti.
7 Jaanong a moperesiti a di tlhabeleMorena, a direle mosadi thuanyo; foo o tla itsheka mading a botsetsi. Ke ona molao wa motsetsi, fa a tshotse mosimane gongwe mosetsana.
8 “ ‘Mme fa a palelwa ke go tlisa kwana a a tsee maphoi a le mabedi gongwe maebana a le mabedi, lengwe e nne la setlhabelo sa phiso, le lengwe e nne la setlhabelo sa boleo; foo moperesiti o tla mo direla thuanyo, mme a itsheka.’ ”