Melao ka ga Lepero
1 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:
2 “Fa motho a na le thurugo gongwe motshwa gongwe tshubaba e tshweu mo letlalong la gagwe, mme go fetoga go nna sebata sa lepero mo go lone, a a isiwe kwa go moperesiti Arone gongwe kwa go mongwe wa bomorwawe ba baperesiti.
3 Jaanong a moperesiti a tlhatlhobe sebata mo letlalong la nama, mme fa boboa mo sebateng bo sweufetse, mme sebata se bonala se wetse mo letlalong la gagwe, e tla bo e le lepero. Fa moperesiti a se bona jalo, a a re: ‘O itshekologile!’
4 “Mme fa go le sebata se sesweu mo letlalong la gagwe, mme se sa wela mo go lone, le boboa bo sa sweufala, gona a moperesiti a tswalele molwetse yoo malatsi a supa.
5 Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba ka letsatsi la bosupa, a fitlhela sebata se ntse se tshwana le pele ka fa a bonang ka teng se sa ikala mo letlalong, gona a moperesiti a boele a mo tswalele gape malatsi a supa.
6 Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba gape ka letsatsi la bosupa a fitlhela sebata se boela morago se sa ikala mo letlalong, gona a moperesiti a re: ‘O itshekile.’ Ke motshwa fela. A a tlhatswe diaparo tsa gagwe, foo o tla bo a itshekile.
7 Mme fa motshwa o ikala mo letlalong, a sena go itshupetsa moperesiti gore a tle a itsheke, a a itshupetse moperesiti gape.
8 Jaanong fa moperesiti a mo tlhatlhoba, a fitlhela motshwa o ikadile mo letlalong, gona a moperesiti a re: ‘O itshekologile!’ E tla bo e le lepero.
9 “E ne e re fa sebata sa lepero se le mo mothong a isiwa kwa go moperesiti.
10 Mme fa moperesiti a sekaseka, a fitlhela go le thurugo e tshweu mo letlalong e e sweufaditseng boboa, e bile nama e botologile mo nthong,
11 e tla bo e le lepero le le topegetseng mo nameng ya gagwe, mme a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ A se ka a mo tswalela, gonne o itshekologile.
12 Mme fa lepero le tswela kwa ntle sentle mo letlalong le setoga mo letlalong lotlhe la molwetse go tswa tlhogong go fitlha dinaong gongwe le gongwe fa matlho a moperesiti a go sekasekileng,
13 mme moperesiti a mo tlhatlhoba, a fitlhela lepero le setogile mo mmeleng wa gagwe, gona a a re: ‘Molwetse o itshekile!’ O sweufetse gotlhe, o itshekile tota.
14 Fela ka letsatsi le go ka bonwang nama e betologile mo go ene ka lone, o tla bo a itshekologile.
15 Jaanong fa moperesiti a bona nama e e ntseng jalo, a a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Nama eo ga e a itsheka, ke lepero.
16 Mme fa nama eo e boela e sweufala gape, a a tle kwa go moperesiti.
17 Jaanong fa moperesiti a mmona, a fitlhela sebata se sweufetse, gona a a re: ‘Molwetse o itshekile!’
18 “E re fa motho a ne a dule tlhagala mo mmeleng ya tloga ya fola,
19 mme fa e ne e le teng go tswa thurugo e tshweu gongwe sebata sa bosweu jo bo tlhakanyeng le bohibidu, gona a a itshupetse moperesiti.
20 Jaanong fa moperesiti a mmona, a fitlhela felo foo go wetse mo letlalong le boboa jwa teng bo sweufetse, gona a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke bolwetse jwa lepero. Bo simologile ka tlhagala.
21 Mme fa moperesiti a leba, a fitlhela go se boboa jo bosweu gona, go bile go sa wela mo letlalong, go boela morago, a moperesiti a mo tswalele malatsi a supa.
22 Jaanong fa go ikala mo letlalong, a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ E tla bo e le lepero.
23 Fela fa sebata se sesweu se ntse fela ka mokgwa o le mongwe se sa ikala, ke lobadi lwa tlhagala. A moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekile!’
24 “Gongwe fa motho a na le ntho ya molelo mo mmeleng wa gagwe, mme nama e ntšhwa mo nthong ya molelo e le ya bosweu jo bo tlhakanyeng le bohibidu, gongwe e le tshweu fela,
25 mme e re moperesiti a e sekaseka, a fitlhela boboa bo sweufetse mo sebateng se sesweu, mme se bonala sentle gore se wetse mo letlalong, foo e tla bo e le lepero le le simologileng mo nthong ya molelo. Jaanong a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke bolwetse jwa lepero.
26 Mme fa moperesiti a e sekaseka, a fitlhela go se na boboa jo bosweu mo sebateng se sesweu, se bile se sa wela mo letlalong, mme se le leoto fela, gona a moperesiti a mo tswalele malatsi a supa.
27 A moperesiti a mo tlhatlhobe gape ka letsatsi la bosupa. Fa a fitlhela go ikadile mo letlalong, a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke bolwetse jwa lepero.
28 Mme fa sebata se sesweu se ntse fela ka mokgwa o le mongwe, se sa ikala mo letlalong, mme se le leoto fela, gona e tla bo e le thurugo ya ntho ya molelo fela. A moperesiti a mo kae yo o itshekileng. Gonne e tla bo e le lobadi lwa ntho ya molelo fela.
29 “Fa monna gongwe mosadi a dule sebata se se thunyang mo tlhogong gongwe mo seledung,
30 mme e re moperesiti a se sekaseka, a fitlhela se wetse mo letlalong, go bile go le moriri o mosetlhanyana o mosesane mo go sona, gongwe ditedu tse di ntseng jalo, gona a moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekologile!’ Ke seromo se se bosula, e bong lepero la tlhogo gongwe la seledu.
31 Mme fa moperesiti a sekaseka seromo se se bosula, a fitlhela se sa wela mo letlalong, mme go se na moriri o montsho mo go sona, gona a moperesiti a tswalele molwetse yo o nang le seromo seo malatsi a supa.
32 Ka letsatsi la bosupa a moperesiti a tlhatlhobe sebata se se thunyang gape. Jaanong fa a fitlhela seromo se sa ikala, go se moriri o mosetlhanyana mo go sona, mme seromo se sa wela mo letlalong,
33 gona a molwetse a ipeole, mme a se ka a beola fa go leng seromo, mme a moperesiti a tswalele yo o nang le seromo malatsi a supa gape.
34 Jaanong ka letsatsi la bosupa, fa moperesiti a sekaseka seromo, a fitlhela se sa ikala mo letlalong, e bile se sa wela mo go lone, gone a moperesiti a mo kaye yo o itshekileng. Jaanong a molwetse a tlhatswe diaparo tsa gagwe; foo o tla bo a itshekile.
35 Fela fa seromo se ikadile mo letlalong, a sena go kaiwa yo o itshekileng,
36 a moperesiti a mo tlhatlhobe gape. Fa a fitlhela seromo se ikadile mo letlalong, foo a moperesiti a se ka a tlhola a sekaseka moriri, fa o le mosetlhanyana; o itshekologile.
37 Mme fa seromo se ntse jaaka pele ka fa a bonang ka teng, mme moriri o montsho o tlhogile mo go sona, gona seromo se tla bo se fodile, motho a itshekile. A moperesiti a mo ree a re: ‘O itshekile!’
38 “Fa monna gongwe mosadi a na le ditshubabanyana gongwe dibata tse ditshweu mo letlalong la gagwe,
39 mme e re moperesiti a sekaseka, a fitlhela mo letlalong la gagwe go le dibata tse ditshweu tse di leoto fela, gona e tla bo e le motshwa fela o o duleng mo letlalong; motho o itshekile.
40 “Fa monna a ulega moriri mo tlhogong, a nna lefatla-fa-morago, o tla bo a itshekile.
41 Mme fa a ulega moriri wa tlhogo fa godimo ga phatla, gona o lefatla-fa-pele; le ene o itshekile.
42 Mme fa go le sebata sa bosweu jo bo tlhakanyeng le bohibidu mo lefatleng la morago gongwe la pele, gona ke lepero le le simologang mo lefatleng la gagwe la morago gongwe la pele.
43 Jaanong fa moperesiti a mo sekaseka, a fitlhela thurugo ya sebata e le bosweu bo tlhakanye le bohibidu mo lefatleng la gagwe la morago gongwe la pele, e bonala jaaka lepero la letlalo la mmele,
44 foo ke molepero, o itshekologile tota! Bolwetse jwa gagwe bo mo tlhogong ya gagwe.
45 “Jaanong molepero yo o nang le bolwetse joo, a diaparo tsa gagwe e nne tse di gagotsweng, mme moriri wa gagwe o nne malepelepe ka botlhaswa; a be a bipe ditedu tsa molomo, a goe a re: ‘Ke itshekologile! Ke itshekologile!’
46 O tla nna a itshekologile ka malatsi otlhe a bolwetse jwa gagwe. O itshekologile, a a nne a le esi, bonno jwa gagwe bo nne ka kwa ntle ga bothibelelo.
Melao ka ga lepero
47 “E re fa bolwetse jwa lepero bo le mo seaparong sa boboa gongwe mo go sa letseta,
48 le fa bo le mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang tsa letseta gongwe tsa boboa; le fa bo le mo kobong ya letlalo gongwe mo go se sengwe se se dirilweng ka letlalo;
49 fa sebata seo se le botala jo bo tlhakanyeng le bosetlha gongwe se le sehibidu; le fa se le mo seaparong gongwe mo letlalong, le fa se le mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang, le fa se le mo go eng se se dirilweng ka letlalo, ke sebata sa lepero. A se supediwe moperesiti.
50 A moperesiti a sekaseke sebata, a be a tswalele selo se sebata se leng mo go sona malatsi a supa.
51 Jaanong fa a bona sebata ka letsatsi la bosupa, a fitlhela sebata se ikadile mo seaparong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang gongwe mo letlalong le fa e le mo go eng se se dirilweng ka letlalo; sebata seo ke lepero le le bosula. Selo seo se tla bo se itshekologile.
52 Ka moo, fa e le seaparo gongwe ditlhale tse di tlhamalalang gongwe ditlhale tse di kgabaganyang tsa boboa gongwe tsa letseta, le fa e le eng sa letlalo se sebata se leng mo go sona, a a se fise. Gonne ke lepero le le bosula. A se fisiwe ka molelo.
53 “Mme fa moperesiti a se sekaseka, a fitlhela sebata se sa ikala mo seaparong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang le fa e le mo go eng se e leng sa letlalo
54 foo a moperesiti a laele gore ba tlhatswe selo se sebata seo se leng mo go sona, a be a se tswalele gape malatsi a supa.
55 Jaanong fa moperesiti a sekaseka sebata se sena go tlhatswiwa, a fitlhela se ntse se tshwana le pele, le fa se sa ikala, gona se itshekologile, o se fise ka molelo. Se jegile ka fa ntle gongwe ka fa teng.
56 Mme fa moperesiti a sekaseka, a fitlhela sebata se le leoto fela se sena go tlhatswiwa, a a se gagole mo seaparong gongwe mo letlalong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang.
57 Fela fa se bonala gape mo seaparong gongwe mo ditlhaleng tse di tlhamalalang gongwe mo go tse di kgabaganyang, le fa e le mo go eng se e leng sa letlalo, gona ke lepero le le butsologileng, mme selo se sebata seo se leng mo go sona o se fise ka molelo.
58 Mme seaparo gongwe ditlhale tse di tlhamalalang gongwe tse di kgabaganyang le fa e le eng se e leng sa letlalo se sebata se tlogileng mo go sona fa o sena go se tlhatswa, a se tlhatswiwe gape; foo se tla bo se itshekile.
59 “Ke ona molao wa sebata sa lepero sa seaparo sa boboa gongwe sa letseta, gongwe sebata sa ditlhale tse di tlhamalalang gongwe tse di kgabaganyang, le fa e le sa eng se e leng sa letlalo, go re se itshekile, gongwe go re se itshekologile.”