LEFITIKO 16

Letsatsi le legolo la thuanyo la ngwaga

1 Morenao ne a bua le Moše morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi jale fa ba atamela fa pele gaMorenaka molelo o sele mo ba bileng ba swa.

2 Morenaa raya Moše a re: “Raya Arone mogoloo o re, a se ka a tsena ka nako nngwe le nngwe mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka fa teng ga lesire fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole gore a se swe; gonne ke iponatsa ke le mo lerung godimo ga sekhurumelo sa thuanyo.

3 Arone a ka tsena fela mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo ka go tlhaba poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso;

4 a apare hempe e e boitshepo ya letseta le borokgwe jwa letseta, a bo tswale mo mmeleng wa gagwe, a ikgatlhe ka moikgatlho wa letseta, a rwale serwalo sa letseta; ke tsona diaparo tse di boitshepo. A a tlhape mmele, a di apare.

5 “Mo phuthegong ya Baiseraele a tsee diphoko di le pedi tsa setlhabelo sa boleo le phelehu e le nngwe ya setlhabelo sa phiso.

6 Jaanong Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe.

7 A be a tsee diphoko tse pedi, a di emise fa pele gaMorenafa mojakong wa Tente ya Boipontsho.

8 Arone a be a tlhamele diphoko tse pedi ditengwa, tengwa e nngwe e nne yaMorena, tengwa e nngwe e nne ya ga Asasele.

9 Arone a be a atametse phoko e tengwa yaMorenae wetseng mo go yona, a e dire setlhabelo sa boleo.

10 Mme phoko e tengwa ya ga Asasele e wetseng mo go yona, a e emisiwe fa pele gaMorenae ntse e phela go dira tsa thuanyo mo go yona le go e lelekela go Asasele kwa sekakeng.

11 “Ke go re: Arone a tsise poana ya setlhabelo sa boleo sa gagwe, a e tlhabe, a itirele thuanyo le ba lapa la gagwe;

12 a be a tsee leiswana le tletse magala a a tswang mo aletareng fa pele gaMorenale bupe jwa matlhare a a nkgang monate bo tletse magofi a mabedi, a di ise ka fa teng ga lesire.

13 A ba a tshele tsa maswalo ao mo molelong fa pele gaMorenagore musi wa maswalo o bipe sekhurumelo sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo gore a se swe.

14 A be a tsee madi mangwe a poana, a a kgatshe ka monwana wa gagwe mo sekhurumelong sa thuanyo ntlheng ya botlhabatsatsi, a be a kgatshe madi mangwe ka monwana wa gagwe gasupa fa pele ga sekhurumelo sa thuanyo.

15 “A be a tlhabe phoko ya setlhabelo sa boleo sa morafe, a be a ise madi mangwe a yona ka fa teng ga lesire, a dire ka madi a yona jaaka a dirile ka madi a poana, a a kgatshe mo sekhurumelong sa thuanyo le fa pele ga sona.

16 A direle Felo-fa-go-Boitshepotshepo thuanyo jalo ka ntlha ya maitshekologo a Baiseraele le ka ntlha ya ditlolo tsa bone ka fa maleong a bone a mefutafuta, le Tente ya Boipontsho e e nang nabo mo gare ga maitshekologo a bone a e direle jalo.

17 A go se nne motho ope mo Tenteng ya Boipontsho fa Arone a tsena go dira tsa thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo go ya a ba a tswe. A a ipatlele boitshwarelo jalo le ba lapa la gagwe le phuthego yotlhe ya Iseraele.

18 Jaanong a a tswele kwa aletareng e e fa pele gaMorena, a e direle thuanyo, a tsee madi mangwe a poana le a phoko, a a tshase mo dinakeng tsa aletare tikologong.

19 A be a kgatshe madi mangwe mo go yona gasupa ka monwana wa gagwe, a e itshekise, a e itshepise go tlosa maitshekologo a Baiseraele.

20 “A e re a sena go ruanya Felo-fa-go-Boitshepotshepo le Tente ya Boipontsho le aletare a atametse phoko e e phelang.

21 Arone a bee mabogo a mabedi mo tlhogong ya phoko e e phelang, mme mo godimo ga yona a ipobole melato yotlhe ya Baiseraele le ditlolo tsotlhe tsa bone ka fa dibeng tsotlhe tsa bone, a di bee mo tlhogong ya phoko, a be a e kgweeletse kwa sekakeng ka monna yo o laetsweng tiro e.

22 A phoko e rwale melato yotlhe ya bone jalo, e e tlosetse kwa lefatsheng le le senya; a kgweeletse phoko kwa sekakeng.

23 “Jaanong Arone a tsene mo Tenteng ya Boipontsho, a apole diaparo tsa letseta tse o neng a di apere, fa a tsena mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a di tlogele teng.

24 A be a tlhape mmele mo Felong-fa-go-Boitshepo ka metsi, a apare diaparo tsa gagwe;a be a tswe a dire setlhabelo sa phiso sa gagwe le setlhabelo sa phiso sa morafe, a itirele thuanyo le go e direla morafe.

25 A be a fise mafura a setlhabelo sa boleo mo aletareng.

26 Mme monna yo o kgweeditseng phoko ya ga Asasele, a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong.

27 Fa e le poana ya setlhabelo sa boleo le phoko ya setlhabelo sa boleo tse madi a tsona a tsetsweng go dira thuanyo mo Felong-fa-go-Boitshepotshepo, a ba di ntshetse kwa ntle ga bothibelelo, ba fise matlalo a tsona le dinama tsa tsona le meswang ka molelo.

28 Mme yo o di fisitseng, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mmele ka metsi; morago ga moo a ka tsena mo bothibelelong.

Letsatsi la thuanyo

29 “A go re jalo e nne molao o o sa khutleng wa lona: Ka kgwedi ya bosupa e le some lo ikokobetse; lo se ka lwa dira tiro epe, le fa e le motho wa mo gae gongwe moeng yo o lo agetseng.

30 Gonne ka letsatsi leo lo direlwa thuanyo go lo itshekisa, e le gore lo tlhapisiwe maleo otlhe a lona fa pele gaMorena.

31 A e nne letsatsi le legolo la boikhutso mo go lona, mme lo ikokobetse ka lone; ke molao o o sa khutleng.

32 Thuanyo e tla tshwanela go dirwa ke moperesiti yo mogolo yo o tla bong a tloditswe, a tlhomamisitswe mo tirong ya boperesiti mo boemong jwa ga rraagwe, mme a apare diaparo tsa letseta tse di boitshepo.

33 A ruanye Felo-fa-go-Boitshepotshepo, a be a ruanye Tente ya Boipontsho le aletare; a be a direle baperesiti le batho botlhe ba phuthego thuanyo.

34 A go re jalo e nne molao o o sa khutleng mo go lona go direla Baiseraele thuanyo ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa bone gangwe ka ngwaga.” Mme Arone a dira jaakaMorenaa laetse Moše.