LEFITIKO 18

Ka ga manyalo a a ilegang

1 Morenaa ba a raya Moše a re:

2 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘Ke nnaMorena, Modimo wa lona.

3 Lo se ka lwa dira jaaka go dirwa kwa lefatsheng la Egepeto le lo neng lo agile mo go lone; lo se ka lwa dira jaaka go dirwa kwa lefatsheng la Kanana le ke tla lo isang kwa go lone; lo se ka lwa sepela ka fa mekgweng ya bone;

4 mme lo dire ka fa ditshiamelong tsa me, lo tlhokomele melao ya me go sepela ka yona. Ke nnaMorena, Modimo wa lona.

5 Tlhokomelang he melao ya me le ditshiamelo tsa me; motho yo o dirang ka fa tsona o tla phela ka tsona; ke nnaMorena.

6 “ ‘A go se nne ope yo o nyalang yo o gaufi nae ka madi go kopana nae ka mmele. Ke nnaMorena.

7 O se ka wa nyalwa ke rraago le e seng go nyala mmago; ke mmaago, ga o na go kopana nae ka mmele.

8 O se ka wa nyala mosadi wa ga rraago; ke go roga rraago.

9 O se ka wa nyala kgaitsadio yo e leng morwadia rraago gongwe morwadia mmaago, le fa a tsaletswe mo gae gongwe go sele; ga o na go kopana nae ka mmele.

10 O se ka wa nyala morwadia morwao gongwe morwadia morwadio; kana ke go ithogaka.

11 O se ka wa nyala morwadia mosadi wa ga rraago yo o tsetsweng ke rraago yo e leng kgaitsadio; ga o na go kopana nae ka mmele.

12 O se ka wa nyala rakgadiago; gonne ene le rraago ke bana ba motho.

13 O se ka wa nyala mogoloa-mmaago, le fa e le mmangwanaago; gonne ba tsetswe le mmaago.

14 O se ka wa roga mogoloa-rraago gongwe rangwanaago ka go nyala mosadi wa gagwe; ke mmaago.

15 O se ka wa nyala ngwetsi wa gago; ke mosadi wa ga morwao; o se ka wa kopana nae ka mmele.

16 O se ka wa nyala mosadi wa ga morwa-rraago; ke go mo roga.

17 O se ka wa nyala mosadi le morwadie; o se ka wa mo tsaya le morwadia morwawe gongwe morwadia morwadie go kopana nabo ka mmele; ke ba losika lwa gagwe. Go re jalo ke tiro e e maswe thata.

18 Le gona o se ka wa nyala bana ba motho lefufa go kopana le wa bobedi ka mmele, wa ntlha a sa ntse a phela.

19 “ ‘Le gona o se ka wa atamela mosadi go kopana nae ka mmele, fa a le mo boitshekologong jwa mosese.

20 O se ka wa batela mosadi wa mongwe-ka-wena, wa itshekologa ka ene.

21 O se ka wa ntsha ope wa bana ba gago go mo neela Mologe ka go mo ralatsa molelo, e se re gongwe wa itshepolola leina la Modimo wa gago. Ke nnaMorena.

22 O se ka wa robala le monna jaaka go robalwa le mosadi. Ke se se ilegang.

23 O se ka wa ikopanya le seruiwa sepe go itshekologa ka sona; le mosadi a se ka a ema fa pele ga seruiwa go kopana naso. Ke tlhakanyo e e boitshegang.

24 “ ‘Lo se ka lwa iitshekolola ka sepe sa dilo tseo; gonne baheitane ba ke tla ba lelekang fa pele ga lona ba iitshekolotse ka tsotlhe tseo.

25 Lefatshe le bile le itshekologile, mme ke tla le beletsa tshiamololo ya lone gore lefatshe le tlhatse beng ba lone.

26 Mme lona lo tlhokomele melao ya me le ditshiamelo tsa me; lo se ka lwa dira sepe sa maila ao, lona ba lo tsaletsweng mo gae le fa e le moeng yo o lo agetseng.

27 Gonne batho ba lefatshe ba ba neng ba le teng pele ga lona ba dirile maila otlhe ao, mo lefatshe le bileng la itshekologa.

28 Lefatshe le ka tloga la lo tlhatsa, fa lo le itshekolola, jaaka le tlhatsitse baheitane ba ba neng ba le teng pele ga lona.

29 Gonne batho botlhe ba ba dirang sengwe sa maila ao ba tla nyelediwa mo morafeng wa ga bone.

30 “ ‘Tlhokomelang he tse di beilweng ke nna gore lo se dire sepe sa mekgwa ya maila a batho ba a dirileng pele ga lona, le e seng go iitshekolola ka ona. Ke nnaMorena, Modimo wa lona.’ ”