Melao ka ga ditlhabelo tsa molato le tsa tebogo
1 “ ‘Molao wa setlhabelo sa molato ke o: Ke se se boitshepotshepo.
2 A setlhabelo sa molato se tlhabelwe mo felong fa setlhabelo sa phiso se tlhabelwang teng. A moperesiti a kgatshe madi a sona mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare.
3 A a tsise mafura otlhe a sona, e bong mogatla o o mafura le lomipi lo lo apesitseng mogodu
4 le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona a a fa dinokeng le mafura a a bapileng le sebete, a a tlose fa diphilong.
5 Jaanong a moperesiti a a fise mo aletareng go nna tshupelo ya molelo yaMorena; ke sona setlhabelo sa molato.
6 Ba batonanyana botlhe ba baperesiti ba ka se ja; se jelwe mo Felong-fa-go-Boitshepo; ke se se boitshepotshepo.
7 “ ‘Setlhabelo sa boleo le sa molato di a tshwana, di na le molao o le mongwe fela. Ke tsa moperesiti yo o ruanyang ka tsona.
8 Moperesiti yo o direlang motho ka setlhabelo sa phiso, letlalo la setlhabelo sa phiso se a se dirileng e tla bo e le la gagwe.
9 Le ditshupelo tsotlhe tsa dijo tse di besiwang mo sebesong le tsotlhe tse di baakanngwang mo pitseng gongwe mo paneng e tla nna tsa moperesiti yo o di fisang.
10 Mme ditshupelo tsotlhe tsa dijo tse di tlhakantsweng le lookwane le tse di omeletseng e tla bo e le tsa bomorwa Arone botlhe ka go tshwana.
11 “ ‘Molao wa setlhabelo sa tebogo se se tsisediwangMorenake o:
12 Fa motho a tlisa sa pako, a a oketse setlhabelo sa pako ka dinkgwe tse di sa bedisiwang tse di dubilweng ka lookwane le dinkgwana tse dipapetla tse di sa bedisiwang tse di tshasitsweng lookwane, le bupe jo bo boleta jo bo dubilweng, ke go re, dinkgwe tse di tlhakantsweng le lookwane.
13 A a tlise neo ya tlhabelo ya gagwe mmogo le dikuku tsa senkgwe se se bedisitsweng gore e nne setlhabelo sa pako le sa tebogo.
14 A a ntshe kuku e le nngwe mo neong nngwe le nngwe e le lekgetho laMorena; lone e tla nna la moperesiti yo o kgatshang madi a setlhabelo sa tebogo.
15 A nama ya setlhabelo sa pako le sa tebogo e jewe ka letsatsi le se tlisiwang ka lone; go se ka ga sadisiwa sepe sa yona go ya mo mosong.
16 “ ‘Mme fa neo ya gagwe e le setlhabelo sa maikano gongwe sa boitumelo, a se jewe ka letsatsi le a tlisang setlhabelo sa gagwe ka lone. Le gale fa go ka sala sengwe sa sona se ka jewa kamoso.
17 Mme fa di sa ntse di le teng tsa nama ya setlhabelo ka letsatsi la boraro, a di fisiwe ka molelo.
18 Mme fa nama ya setlhabelo sa tebogo sa gagwe e ka jewa ka letsatsi la boraro, gona yo o se tlisitseng ga a kitla a itumelelwa; ga se ne se kaiwa tebogo mo go ene. Ke nama e e ilegang. Motho yo o e jang o tla bo a le molato.
19 Le nama e e amilweng ke sengwe se se itshekologileng e se ka ya jewa, mme e fisiwe ka molelo. Nama e ka jewa ke mongwe le mongwe yo o itshekileng.
20 Mme motho yo o sa itshekang, fa a ka ja nama ya setlhabelo sa tebogo se e leng saMorena, motho yoo o tla tlosiwa ka loso mo morafeng wa ga gabo.
21 Gape fa motho a ka ama sengwe se se sa itshekang, e ka nna itshekologo ya motho gongwe seruiwa se se sa itshekang gongwe maila a mefutafuta a a ilegang, mme a ja nama ya setlhabelo sa tebogo se e leng saMorena, motho yoo o tla bolawa mo morafeng wa ga gabo.’ ”
22 Morenaa ba a raya Moše a re:
23 “Bua le Baiseraele o re: ‘Lo se ka lwa ja mafura ape a kgomo gongwe a nku gongwe a podi.
24 Mafura a se se suleng ka bosona le mafura a seruiwa se se gagotsweng ke sebata a ka dirisiwa mo tirong nngwe le nngwe, fela lo se ka lwa a ja.
25 Gonne mongwe le mongwe yo o jang mafura a diruiwa tse di a tleng di tlhabelweMorenao tla bolawa mo morafeng wa ga gabo.
26 Le gona lo se ka lwa ja madi ape a dinonyane gongwe a diruiwa gongwe le gongwe kwa lo tla nnang teng.
27 Motho mongwe le mongwe yo o jang madi, le fa e le afe, o tla bolawa mo morafeng wa ga gabo.’ ”
28 Morenaa ba a raya Moše a re:
29 “Bua le Baiseraele o re: ‘Yo o tsisetsangMorenasetlhabelo sa tebogo sa gagwe, a a tlisetseMorenatse di mo tshwanetseng tsa setlhabelo sa tebogo sa gagwe.
30 A a tlise tsa melelo yaMorenaka mabogo a gagwe; a tlise mafura le sehuba; sehuba se na le go kgadikanngwa go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorena.
31 Jaanong a moperesiti a fise mafura mo aletareng, mme sehuba e tla nna sa ga Arone le bomorwawe.
32 Le serope sa le le jang sa ditlhabelo tsa tebogo tsa lona lo se nee moperesiti go nna seabe.
33 Ene wa bomorwa Arone yo o isang madi a setlhabelo sa tebogo le mafura mo aletareng a a newe serope sa le le jang, e nne kabelo ya gagwe.
34 Gonne sehuba sa kgadikanyo le serope sa seabe ke di tsere mo Baiseraeleng mo ditlhabelong tsa tebogo tsa bone ka di naya moperesiti Arone le bomorwawe go nna tshwanelo e e sa khutleng ya Baiseraele.’ ”
35 Ke yona kabelo ya ga Arone le bomorwawe ya ditlhabelo tsa molelo tsaMorenago tloga ka letsatsi le Moše o ba atameditseng mo aletareng ka lone go nna baperesiti baMorena.
36 Ka letsatsi leMorenao neng a ba tlotsa ka lone a laela gore ba e newe ke Baiseraele. Ke molao o o sa khutleng wa ditshika tsa bone.
37 Ke ona molao wa setlhabelo sa phiso le wa tshupelo ya dijo le wa setlhabelo sa boleo le wa setlhabelo sa molato le wa setlhabelo sa tlhomamiso ya baperesiti le wa setlhabelo sa tebogo
38 oMorenaa o laetseng Moše kwa thabeng ya Sinai ka letsatsi le o laetseng Baiseraele ka lone kwa sekakeng sa Sinai gore ba tlisetseMorenaditlhabelo le ditshupelo tsa bone.