LEFITIKO 8

Arone le bomorwawe ba tlhongwa mo boperesiting

1 Morenaa ba a raya Moše a re:

2 “Tsaya Arone le bomorwawe nae le diaparo le lookwane lwa tlotso le poo ya setlhabelo sa boleo le diphelehu di le pedi le seroto sa dinkgwe tse di sa bedisiwang

3 o phuthele phuthego yotlhe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho.”

4 Moše a dira jaakaMorenaa mo laetse, mme phuthego ya phuthegela kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho.

5 Moše a ba a raya phuthego a re: “Tiro ke eMorenao laetseng gore e dirwe.”

6 Jaanong Moše a atametsa Arone le bomorwawe, a ba tlhapisa ka metsi.

7 A ba a mo apesa hempe, a mo gatlha ka moikgatlho, a mo apesa kobo e kgolo le khiba ya boperesiti, a mo gatlha ka moikgatlho wa khiba wa boperesiti jo bogolo, a e bofelela mo go ene ka ona,

8 a ba a gokelela kgwatlhana ya sehuba mo go yona, a tsenya ditengwa tsa Lesedi le Tshiamo mo kgwatlhaneng eo

9 a ba a mo rwesa serwalo sa boperesiti jo bogolo mo tlhogong, a baya papetlana ya gouta, e bong mokgabo o o boitshepo, mo serwalong fa phatleng jaakaMorenaa laetse Moše.

10 Jaanong Moše a tsaya lookwane lwa tlotso, a tlotsa Taberenakelele tsotlhe tse di mo go yona, a di itshepisa.

11 A ba a kgatsha aletare ka lone gasupa, a tlotsa aletare le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo le lekoto la ona, a di itshepisa.

12 A ba a tshela lookwane lwa tlotso mo tlhogong ya ga Arone, a mo tlotsa go mo itshepisa.

13 Ke fa jaanong Moše a atametsa bomorwa Arone, a ba apesa dikobo tsa letseta, a ba gatlha ka meikgatlho, a ba rwesa ditlhoro tsa boperesiti jaakaMorenaa mo laetse.

14 Moše a ba a atametsa poo ya setlhabelo sa boleo, mme Arone le bomorwawe ba baya mabogo mo tlhogong ya yona.

15 Ya baa gona Moše a e tlhabang, a tsaya madi, a a tshasa mo dinakeng tsa aletare tikologong ka monwana wa gagwe, a leofolola aletare, a ba a tshololela madi a mangwe fa motheong wa aletare, a e itshepisa ka go e ruanya.

16 Moše a ba a tsaya lomipi lotlhe lo lo apesitseng mogodu le mafura a a bapileng le sebete le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona, a di fisa mo aletareng.

17 Mme poo le letlalo la yona le nama ya yona le moswang wa yona, Moše a di fisetsa ka kwa ntle ga bothibelelo jaakaMorenaa mo laetse.

18 A ba a atametsa phelehu ya ntlha ya setlhabelo sa phiso, mme Arone le bomorwawe ba baya mabogo mo tlhogong ya phelehu.

19 Ya baa gona Moše a e tlhabang, a kgatsha madi mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare.

20 Moše a ba a kgaoganya phelehu dirwe, a fisa tlhogo le dirwe le mafura.

21 A ba a tlhatswa mateng le memomo ka metsi. Moše a fisa phelehu yotlhe mo aletareng. Ke setlhabelo sa phiso sa monko o o monate le tlhabelo ya molelo yaMorenajaakaMorenaa mo laetse.

22 A ba a atametsa phelehu ya bobedi, phelehu ya tlhomamiso ya baperesiti, mme Arone le bomorwawe ba baya mabogo mo tlhogong ya phelehu.

23 Ya baa gona Moše a e tlhabang, a kgotla madi a yona, a a tshasa mo lereteng la tsebe e e jang ya ga Arone le mo monwaneng wa kgonotšwe wa seatla sa gagwe se se jang le mo monwaneng wa kgonotšwe wa lonao lwa gagwe lo lo jang.

24 Jaanong Moše a atametsa bomorwa Arone, a tshasa madi mo mareteng a ditsebe tse di jang tsa bone le mo menwaneng ya kgonotšwe ya diatla tsa bone tse di jang le mo menwaneng ya kgonotšwe ya dinao tsa bone tse di jang. Moše a ba a kgatsha madi a a setseng mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare.

25 A ba a tsaya mafura, e bong mogatla o o mafura le lomipi lotlhe lo lo apesitseng mogodu le mafura a a bapileng le sebete le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsona le serope se se jang.

26 Mo serotong sa dinkgwe tse di sa bedisiwang se se neng se le fa pele gaMorena, a ntsha kuku e le nngwe e e sa bedisiwang le kuku ya senkgwe sa lookwane e le nngwe le senkgwana se sepapetla se le sengwe, a di baya mo mafureng le mo seropeng se se jang.

27 A ba a neela tsotlhe mo diatleng tsa ga Arone le mo diatleng tsa bomorwawe, a di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorena.

28 Moše a ba a di tsaya mo mabogong a bone, a di fisetsa mo aletareng mo godimo ga setlhabelo sa phiso go nna tshupelo ya go tlhoma baperesiti ya monko o o monate wa tshupelo ya molelo yaMorena.

29 Moše a ba a tsaya sehuba, a se kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorena, e le sa phelehu ya go tlhoma baperesiti; ya ba ya nna kabelo ya ga Moše jaakaMorenaa mo laetse.

30 Moše a ba a tsaya lookwane lwa tlotso le madi mangwe a a mo aletareng, a kgatsha Arone ka ona le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone, a itshepisa Arone le diaparo tsa gagwe le bomorwawe le diaparo tsa bone.

31 Jaanong Moše a raya Arone le bomorwawe a re: “Apayang nama fa mojakong wa Tente ya Boipontsho, lo e je gona le senkgwe se se mo serotong sa go tlhoma baperesiti jaaka ke laetswe gore Arone le bomorwawe ba di je!

32 Mme tse di ka salang tsa nama le tsa senkgwe lo di fise ka molelo.

33 Mme lo se ka lwa tloga fa mojakong wa Tente ya Boipontsho malatsi a supa go fitlha letsatsing le malatsi a go lo tlhoma boperesiting a felang ka lone. Gonne lo tla tlhongwa mo boperesiting malatsi a supa

34 jaaka go dirilwe ka letsatsi la gompieno.Morenao laetse go dira jalo e le go lo ruanya nae.

35 Lo nne fa mojakong wa Tente ya Boipontsho malatsi a supa bosigo le motshegare, lo tlhokomele thulaganyo yaMorenagore lo se ka lwa swa. Gonne ke laetswe jalo.”

36 Jaanong Arone le bomorwawe ba dira tsotlhe tseMorenao di laetseng ka Moše.