Ditlhabelo tsa ntlha tsa ga Arone. Kgalalelo ya Morena ya bonala
1 Jaanong ka letsatsi la robedi Moše a bitsa Arone le bomorwawe le bagolo ba Iseraele,
2 a raya Arone a re: “Tsaya poana ya setlhabelo sa boleo le phelehu ya setlhabelo sa phiso tse di itekanetseng, o di tlise fa pele gaMorena.
3 O be o ree Baiseraele o re: ‘Tsayang phoko ya setlhabelo sa boleo le namane le kwana tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole tsa setlhabelo sa phiso
4 le poo le phelehu tsa ditlhabelo tsa tebogo go di tlhabelaMorena, le tshupelo ya bupe jo bo dubilweng ka lookwane. GonneMorenao tla iponatsa mo go lona kajeno.’ ”
5 Ke fa ba tsaya tse Moše o di ba laetseng ba di tsisa fa pele ga Tente ya Boipontsho, mme phuthego yotlhe ya atamela, ya ema fa pele gaMorena.
6 Jaanong Moše a re: “Tiro e ke eMorenao e lo laetseng go e dira gore kgalalelo yaMorenae tle e bonale mo go lona.”
7 Moše a ba a raya Arone a re: “Atamela kwa aletareng, o dire setlhabelo sa boleo sa gago le setlhabelo sa phiso sa gago, o ithuanye le Modimo, o be o ruanye ba lapa la gago; o be o baakanye neo ya tlhabelo ya morafe, o o batlele thuanyo jaakaMorenaa laetse.”
8 Ke fa Arone a atamela kwa aletareng, a itlhabela namane ya setlhabelo sa boleo se e leng sa gagwe.
9 Mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a ba a ina monwana wa gagwe mo mading, a a tshasa mo dinakeng tsa aletare, a ba a tshololela madi a a setseng mo motheong wa aletare.
10 Mme mafura a setlhabelo sa boleo le diphilo le mafura a a bapileng le sebete a di fisa mo aletareng jaakaMorenaa laetse Moše.
11 Nama le letlalo tsona a di fisetsa ka kwa ntle ga bothibelelo.
12 Jaanong a tlhaba setlhabelo sa phiso, mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a a kgatsha mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare.
13 Ba be ba isa setlhabelo sa phiso kwa go ene ka fa dirweng tsa sona le tlhogo, mme a di fisa mo aletareng.
14 A ba a tlhatswa mala le memomo, a di fisa mo godimo ga setlhabelo sa phiso mo aletareng.
15 Morago ga moo a tsisa neo ya tlhabelo ya morafe: A tsaya phoko ya setlhabelo sa boleo se e leng sa morafe, a e tlhaba, a e dira setlhabelo sa boleo jaaka sa pele.
16 A ba a tsisa setlhabelo sa phiso, a dira ka sona ka fa tshwanelong.
17 A ba a tsisa tshupelo ya dijo, a tabola go tletse seatla, a e fisa mo aletareng – kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa mo mosong.
18 A ba a tlhaba poo le phelehu tsa ditlhabelo tsa tebogo tsa morafe, mme bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, a ba a a kgatsha mo ditlhakoreng tsotlhe tsa aletare.
19 Mme mafura a poo le a mogatla wa phelehu le lomipi lo lo apesitseng mogodu le diphilo le mafura a a bapileng le sebete,
20 mafura ao ba a baya mo godimo ga dihuba, mme a fisa mafura ao mo aletareng.
21 Mme dihuba le serope se se jang Arone a di kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorenajaaka Moše a laetse.
22 Jaanong Arone a tsholeletsa morafe mabogo a o tshegofatsa; a ba a fologa a sena go dira setlhabelo sa boleo le sa phiso le sa tebogo.
23 Mme Moše le Arone ba tsena mo Tenteng ya Boipontsho; ya re ba sena go tswa, ba tshegofatsa morafe. Ke fa kgalalelo yaMorenae bonatsegela morafe otlhe.
24 Molelo wa tswa kwaMoreneng, wa ja setlhabelo sa phiso le mafura mo aletareng. Ya re morafe otlhe o bona jalo, wa duduetsa, wa wela fa fatshe ka difatlhego.