NUMERI 10

Diphala tse pedi tsa selefera

1 Morenaa ba a raya Moše a re:

2 “Itirele diphala di le pedi tsa selefera, o di dire ka selefera e e batotsweng. O di dirise go bitsa phuthego le go e hudutsha mo mathibelelong.

3 E ne e re ba di letsa, phuthego yotlhe e phuthegela kwa go wena kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho.

4 Mme fa ba letsa e le nngwe fela, go phuthegele dikgosana kwa go wena, e bong ditlhogo tsa dikete tsa Iseraele.

5 Mme e ne e re fa lo letsa go opa mokgosi, ba mathibelelo ba ba thibeletseng ntlheng ya botlhabatsatsi ba bolole.

6 Fa lo letsa go tlhaba mokgosi la bobedi, go bolole ba mathibelelo a a thibeletseng ntlheng ya borwa. A go lediwe thata, fa ba na le go bolola.

7 Fa go phuthwa phuthego, lo di letse fela, mme e seng thata.

8 Baletsi ba diphala e nne bomorwa Arone, baperesiti; go di dirisa e nne molao o o sa khutleng wa lona le wa ditshika tsa lona.

9 Mme e re fa lo tsena mo ntweng lo le mo lefatsheng la lona go tlhabana le mmaba yo o lo pitlaganyang, lo letse diphala thata; foo lo tla gopolwa fa pele gaMorena, Modimo wa lona, mme lo tla namolelwa mo babeng ba lona.

10 Le ka letsatsi la boitumelo jwa lona le ka dipaka tsa Meletlo ya lona le ka malatsi a ntlha a dikgwedi tsa lona lo letse diphala, fa lo tsisa ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo. Di tla lo thusa gore lo gopolwe fa pele ga Modimo wa lona, e bong nnaMorena, Modimo wa lona.”

Baiseraele ba huduga kwa sekakeng sa Sinai

11 Ka ngwaga wa bobedi ka kgwedi ya bobedi e le 20 leru la nanoga mo Tempelaneng ya Tshupo.

12 Ke fa Baiseraele ba huduga kwa sekakeng sa Sinai ka fa tatelanong ya mathibelelo a bone, mme leru la nna kwa sekakeng sa Pharane.

13 Ba bolola la ntlha jaakaMorenaa laetse Moše.

14 Ba sefoka sa bothibelelo jwa boora Juta ba bolola pele ka fa mephatong ya bone. Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Nasone morwa Aminatabe.

15 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Baisašare e ne e le Nethanele morwa Suare.

16 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Basebulone e ne e le Eliabe morwa Helone.

17 Jaanong e ne ya re fa Tempelana e tlhomololwa, go bolole boora Geresone le boora Merari, ba rwele Tempelana.

18 Go be go bolole ba sefoka sa bothibelelo jwa ga Rubene ka fa mephatong ya bone, Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Elisure morwa Seteure.

19 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Basimeone e ne e le Sedumiele morwa Surišatai.

20 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Bagate e ne e le Eliasafe morwa Rehuele.

21 Go be go bolole boora Kahathe ba ba rweleng dilo tse di boitshepo tsa Tempelana; e ne ya re ba goroga, ba bangwe ba bo ba setse ba tlhomile Tempelana.

22 Go be go bolole ba sefoka sa bothibelelo jwa boora Eferaime ka fa mephatong ya bone, Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Elisama morwa Amihute.

23 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Bamanase e ne e le Gamaliele morwa Phetasure.

24 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Babenyamene e ne e le Abitane morwa Giteoni.

25 Go be go bolole ba sefoka sa bothibelelo jwa boora Dane ka fa mephatong ya bone, e le ba bofelo mo mathibelelong otlhe. Mookamedi wa mophato wa gagwe e ne e le Ahiesere morwa Amisatai.

26 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Baasere e ne e le Phagiele morwa Ogorane.

27 Mookamedi wa mophato wa lotso lwa Banafetale e ne e le Ahira morwa Enane.

28 Ke ka fa mephato ya Baiseraele e neng e bolola ka teng. Ba ne ba huduga jalo.

29 Mme Moše a bua le Hobabe morwa Rehuele wa Momidiane, mogwagwadiagwe, a re: “Jaanong re hudugela kwa felong fa go boletsweng keMorenaa re: ‘Ke tla go lo naya.’ Tlaya le rona, mme re tla go direla tse di molemo; gonneMorenao solofeditse Baiseraele tse di molemo.”

30 Mme a mo fetola a re: “Ga ke rate go ya le lona, mme ke tla ya kwa lefatsheng la ga etsho, kwa go ba ga etsho.”

31 Mme Moše a re: “Se re tlogele tlhe, ka ntlha ya gore ke wena o ka itseng kwa re ka thibelelang teng mo sekakeng. O tle o nne matlho a rona.

32 E tla re fa o ya le rona, tse di molemo tseMorenao tla di re direlang, le wena re di go direle.”

33 Ya re ba sena go huduga kwa thabeng yaMorena, ba sepela tsela malatsi a le mararo, mme Letlole la Kgolagano yaMorenala ba etelela pele leeto la malatsi a le mararo go ba batlela felo ga boikhutso.

34 Leru laMorenale ne le ba okame motshegare, fa ba bolola mo bothibelelong.

35 Mme e ne ya re Letlole le tloga, Moše a bue a re: “Nanoga,Morenagore baba ba gago ba phatlalale, le ba ba go tlhoileng ba tshabe fa pele ga gago.”

36 E ne ya re le bewa mo Tenteng ya Boipontsho, a bue a re: “Morena, boela kwa bontsing jwa dikete tsa Baiseraele.”