Miriame wa mongongoregi o bediwa ka lepero
1 Letsatsi le lengwe Miriame le Arone ba ne ba nyefola Moše ka ntlha ya mosadi wa Mokhuše yo a neng a mo tsere; gonne o ne a nyetse mosadi wa Mokhuše.
2 Ba ne ba re: “AMorenao buile ka Moše a le esi fela? A ga a a bua le ka rona?” atheMorenao a ba utlwa.
3 Monna yoo, Moše, o ne a le pelonolo thata bogolo go batho botlhe ba ba mo lefatsheng.
4 MmeMorenaa akofa a bua le Moše le Arone le Miriame a re: “Tswelang kwa Tenteng ya Boipontsho ka boraro jwa lona. Ba tswa ka boraro jwa bone.”
5 Ke faMorenaa fologa a le mo pinagareng ya leru, a ema fa mojakong wa Tente, a bitsa Arone le Miriame, mme ba tswa boo bedi.
6 Morenaa re: “Utlwang tlhe mafoko a me! Fa mongwe mo go lona e le moporofeti waMorena, ke tla mo ikitsise ka pono, ke bua nae ka toro.
7 Mme ka ga Moše motlhanka wa me, ga go a nna jalo, ke yo o ikanyegang mo ntlong yotlhe ya me.
8 Ke bua nae re lebagantse difatlhego le ka pono, e seng ka dinyepo; o bona ponalo yaMorena. Ke go reng, fa lo sa boifa go nyefola Moše motlhanka wa me?”
9 JaanongMorenaa ba tukela bogale, a tsamaya.
10 Mme ya re leru le sena go tloga mo godimo ga Tente, Miriame a bo a sweufetse ka lepero jaaka semathana. Ya re Arone a retologela kwa go Miriame, a mmona a le lepero.
11 Ke fa Arone a raya Moše a re: “Tswetswe, mongwame, a ko o se ka wa re rwesa boleo, ka re dirile ka bosilo, ra leofa.
12 A Miriame a se nne jaaka moswi yo bontlhanngwe jwa nama ya gagwe bo jegileng, fa a tswa mo sebopelong sa ga mmaagwe.”
13 Moše a goelaMorenenga re: “Joo! Modimo, a ko o mo fodise!”
14 Ke faMorenaa raya Moše a re: “Fa rraagwe a ka bo a mo kgwetse mathe mo sefatlhegong, a o ka bo a se ka a tlhajwa ke ditlhong malatsi a supa? A a tswalelwe malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo, a be a tsholwe gape morago ga moo.”
15 Miriame a tswalelwa jalo malatsi a supa kwa ntle ga bothibelelo. Mme morafe wa se ka wa bolola ga tsamaya Miriame a ba a tsholwa.
16 Morago ga moo morafe wa tloga kwa Haserothe, wa thibelela mo sekakeng sa Pharane.