Kora le Dathane le Abirame ba tsosetsa Moše le Arone moferefere
1 Kora morwa Isehare, morwa Kahathe, morwa Lefi, o kile a tsaya banna, a na le Dathane le Abirame, bomorwa Eliabe, le One, morwa Phelethe, boora Rubene;
2 ba rukhutlhegela Moše, ba na le banna ba le 250 ba Baiseraele, e le bagogi ba phuthego ba ba bileditsweng pitsong ya morafe, e le banna ba ba tumileng.
3 Ba kgobokana go lwa le Moše le Arone, ba ba raya ba re: “Go lekanye jaanong! Kana ba botlhe mo phuthegong yotlhe ba boitshepo, mmeMorenao mo gare ga bone. Ke ka ntlha ya eng, fa lo itira ba bagolo mo phuthegong yaMorena?”
4 Ya re Moše a utlwa jalo, a wela fa fatshe ka sefatlhego,
5 a raya Kora le lekoko lotlhe la gagwe a re: “Mo mosongMorenao tla itsise morafe gore yo e leng wa gagwe ke mang le yo o leng boitshepo mo a tla bong a mo atametse kwa go ene; mme yo a mo tlhophileng o tla mo atametsa kwa go ene.
6 Dirang jaana: Tsayang maiswana, wena Kora le lekoko lotlhe la gago,
7 lo tsenye molelo mo go ona kamoso, lo be lo bee maswalo mo go ona fa pele gaMorena, mme monna yoMorenao mo tlhophang e tla nna ene yo o boitshepo. Go lekanye jaanong, lona bomorwa Lefi.”
8 Moše a ba a raya Kora a re: “A ko lo utlwe, lona bomorwa Lefi!
9 A lo a galala, fa Modimo wa Iseraele o lo lomologantse le phuthego ya Iseraele go lo atametsa kwa go ona gore lo dire tsa tirelo ya Tempelana yaMorenale gore lo eme fa pele ga phuthego go e direla?
10 O go atameditse kwa go ona le ba ga eno botlhe, boora Lefi nao; a jaanong le boperesiti lo a bo batla?
11 Ka moo, wena le lekoko lotlhe la gago lo utlwanetse go lwa leMorena. Arone o eng mo lo ka mo ngongoregelang?”
12 Moše a ba a roma motho go bitsa Dathane le Abirame bomorwa Eliabe, mme ba re: “Ga re tle.
13 A ga go a lekana fa o re ntshitse mo lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe go re bolaela mo sekakeng? A o sa ntse o itira kgosi ya rona gape?
14 Ruri, ga o a ka wa re isa kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe le e seng go re naya boswa jwa masimo le masimo a moweine! A o rata go gonya banna ba matlho? Ga re tle.”
15 Ke fa Moše a galefa thata, a rayaMorenaa re: “O se ka wa ngoka tshupelo ya dijo ya bone! Ga ke a ka ka amoga ope wa bone esele le e seng go utlwisa ope wa bone botlhoko.”
16 Moše a ba a raya Kora a re: “Wena le lekoko lotlhe la gago lo nne fa pele gaMorenakamoso, wena le bone le Arone.
17 Mme mongwe le mongwe wa lona a tsee leiswana la gagwe, a be a bee maswalo mo go lone, a le atametse fa pele gaMorena, e nne maiswana a le 250; le wena le Arone mongwe le mongwe a tle le leiswana la gagwe.”
18 Ke fa mongwe le mongwe wa bone a tsaya leiswana la gagwe, ba tsenya molelo mo go ona, ba be ba baya maswalo mo go ona, ba ema kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho ba na le Moše le Arone.
19 Kora ene a phuthela phuthego yotlhe kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho go lwa nabo. Ke fa kgalalelo yaMorenae bonalela phuthego yotlhe.
20 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:
21 “Itomologanyeng le phuthego e, ke tle ke ba fetse ka ponyo ya leitlho.”
22 Mme ba wela fa fatshe ka difatlhego ba re: “Modimo, Modimo wa mewa ya nama yotlhe, a e ka re fa monna a le mongwe a leofile, wa galefela phuthego yotlhe?”
23 Morenaa ba a raya Moše a re:
24 “Raya phuthego o re: ‘Tlogang mo tikologong ya motlaagana wa ga Kora le wa ga Dathane le wa ga Abirame.’ ”
25 Moše a nanoga a ya kwa go Dathane le Abirame, bagolo ba Iseraele ba mo setse morago,
26 a bua le phuthego a re: “A ko lo thiboge fa ditenteng tsa banna ba baikepi bao, mme se ameng sepe se e leng sa bone, e se re gongwe lwa nyelediwa ka ntlha ya maleo otlhe a bone.”
27 Ke fa ba thiboga fa tikologong ya motlaagana wa ga Kora le wa ga Dathane le wa ga Abirame. Mme Dathane le Abirame ba tswa ba ema kwa mejakong ya ditente tsa bone, ba na le basadi ba bone le bomorwaa-bone le bana ba bannye ba bone.
28 Jaanong Moše a re: “Se lo tla lemogang ka sona, faMorenaa nthomile go dira ditiro tsotlhe tse, mme e se tsa boithatelo jwa me, ke se:
29 Fa batho ba, ba ka swa jaaka go swa batho botlhe, gongwe ba bediwa ka petso ya batho botlhe,Morenao tla bo a sa nthoma.
30 Mme faMorenaa tlhola motlholo o mošwa, mme lefatshe le atlhamisa molomo wa lone, le ba metsa le tsotlhe tse ba nang natso, mme ba fologela kwa felong ga baswi ba ntse ba tshela, foo lo tla itse gore banna ba ba nyaditseMorena.”
31 Ya re a sena go bua mafoko otlhe a, lefatshe la phatloga fa tlase ga bone;
32 lefatshe la ba la atlhamisa molomo wa lone, la ba metsa le malapa a bone le batho botlhe ba e leng ba ga Kora le di-tsa-bone tsotlhe.
33 Ba fologela kwa felong ga baswi ba ntse ba phela le tsotlhe tse ba nang natso; lefatshe la ba la ba bipa. Ba nyelela jalo mo phuthegong.
34 Mme ya re ba goa, Baiseraele botlhe ba ba neng ba le mo tikologong ya bone ba tshaba; gonne ba re: “Le rona lefatshe le ka re metsa.”
35 Le gona ga tswa molelo kwaMoreneng, wa ja banna ba le 250 ba ba tlisitseng maswalo.
Maiswana a baleofi le leiswana la ga Arone
36 Morenaa ba a raya Moše a re:
37 “Bolela Eleasare morwa moperesiti Arone gore a ntshe maiswana mo digaung, a gasetse molelo kwa kgakala; gonne a boitshepo;
38 maiswana a baleofi bao a diregile boitshepo ka loso lwa bone. A ba a papetle, a nne maphaphathi a go manega aletare, gonne ba a tlisitse fa pele gaMorena, ke ka moo a itshepileng, mme e tla nna sesupo mo Baiseraeleng.”
39 Eleasare moperesiti a tsaya maiswana a kgotlho a a tlisitsweng ke ba ba šeleng, a a papetla gore a manege aletare
40 gore e nne segopotso mo Baiseraeleng gore go se ka ga atamela monna wa moeng yo e seng wa losika lwa ga Arone go tshuba maswalo fa pele gaMorena, e se re gongwe ga mo dirafalela jaaka Kora le lekoko la gagwe jaakaMorenaa mmoleletse ka Moše.
41 Mme kamoso phuthego yotlhe ya Baiseraele ya ngongoregela Moše le Arone ya re: “Lo bolaile morafe waMorena.”
42 Jaanong ya re phuthego e kgobokana go lwa le Moše le Arone, ba retologa ba tshabela kwa Tenteng ya Boipontsho, ba fitlhela leru le e bipile le kgalalelo yaMorenae bonala.
43 Moše le Arone ba feta ba ema fa pele ga Tente ya Boipontsho.
44 MmeMorenaa bua le Moše le Arone a re:
45 “Tlogang mo phuthegong e, ke tle ke e nyeletse ka ponyo ya leitlho.” Mme ba wela fa fatshe ka difatlhego.
46 Moše a ba a raya Arone a re: “Tsaya leiswana, o tsenye molelo go lone o o tswang mo aletareng, o be o bee maswalo mo go ona, o akofe o le ise kwa phuthegong, o e direle thuanyo; gonne bogale bo bolotse bo tswa kwaMoreneng, le petso e setse e simologile.”
47 Arone a le tsaya jaaka Moše a buile, a sianela kwa gare ga phuthego, a fitlhela petso e simologile mo morafeng; a ba a baya maswalo mo go lone, a direla morafe thuanyo.
48 Ya re a ntse a eme jalo mo gare ga ba ba suleng le ba ba phelang, petso ya thibelwa.
49 Jaanong ba ba suleng ka petso eo ba ne ba le 14 700, go sa balwe bale ba ba suleng ka khuduo ya ga Kora.
50 Arone a ba a boela kwa go Moše kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, petso e sena go thibelwa.