Ditirafalo tsa kwa Kateše
1 Jaanong Baiseraele, e bong phuthego yotlhe, ba fitlha kwa sekakeng sa Tsine ka kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa 40; morafe wa nna kwa Kateše, mme Miriame a swela gona, a ba a fitlhwa teng.
2 Ke fa phuthego e tlhoka metsi gape, mme ba phuthega go omana le Moše le Arone.
3 Batho ba lwa le Moše, ba bua ba re: “Ntlha re ka bo re sule, jale fa ba ga rona ba swa fa pele gaMorena.
4 Lo ne lo tsisetsang phuthego yaMorenamo sekakeng seno gore re swele fano le diruiwa tsa rona?
5 Ke go reng, fa lo re ntshitse kwa Egepeto go re fitlhisa felong fano fa go bosula? Ga se felo ga dijwalo le difeie le masimo a moweine le digaranata; le gona ga go na metsi a a ka nowang.”
6 Ke fa Moše le Arone ba tlogela phuthego, ba ya kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho, ba wa ka difatlhego, mme kgalalelo yaMorenaya ba phatsimela.
7 Morenaa ba a raya Moše a re:
8 “Tsaya thobane, o kgobokanye phuthego o na le Arone mogoloo, o bue le lefika fa pele ga matlho a bone, gona le tla ntsha metsi a lone. O ba ntshetse metsi jalo mo lefikeng, o nose phuthego le diruiwa tsa bone.”
9 Moše a tsaya thobane fa pele gaMorenajaaka a mo laetse.
10 Moše le Arone ba kgobokanya phuthego fa pele ga lefika, mme Moše a ba raya a re: “A ko lo utlwe, lona barukhutlhi, a re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le?”
11 Moše a ba a tsholetsa letsogo, a itaya lefika gabedi ka thobane ya gagwe; ga tswa metsi a mantsi, mme phuthego ya nwa le diruiwa tsa bone.
12 MmeMorenaa raya Moše le Arone a re: “E re ka lo se ka lwa ntumela go nkgalaletsa mo matlhong a Baiseraele, ke ka moo lo se kitlang lo fitlhisa phuthego e kwa lefatsheng le ke le ba neileng.”
13 Ke ona Metsi a Meriba,fa Baiseraele ba neng ba lwa leMorenateng, mme ene a itshupa mo go bone a le boitshepo.
Baetomo ba gana gore Baiseraele ba ralale naga ya bone
14 E rile ba ntse ba le kwa Kateše, Moše a roma barongwi kwa kgosing ya Baetomo a re: “Baiseraele, bomorwaa-rraago, ba bua jaana ba re: O itse pogisego yotlhe e e re dirafaletseng.
15 Kana borraetsho ba kile ba fologela kwa Egepeto, ra nna teng sebaka se seleele, mme Baegepeto ba re direla bosula le borraarona.
16 Ke fa re goelaMoreneng, mme a utlwa selelo sa rona, a roma moengele, a re ntsha kwa Egepeto! Jaanong bona, re mono Kateše, motseng o o fa molelwaneng wa gago.
17 Ka thapelo, nte re ralale lefatshe la gago; ga re ne re gata masimo gongwe masimo a moweine le e seng go nwa metsi a didiba, mme re tla tsamaya mo tseleng ya kgosi, re sa fapogele ntlheng ya le le jang le fa e le ya la molema go fitlhelela re be re tswe mo nageng ya gago.”
18 Mme Baetomo ba mo fetola ba re: “O se ka wa ralala lefatshe la rona, re ka tla ra bolola, ra go kgatlhantsha ka tšhaka.”
19 Baiseraele ba be ba ba raya ba re: “Re tla ralala fela ka tsela e kgolo, mme fa re ka nwa metsi a lona, le diruiwa tsa rona, re tla a lefa. Kana ga re batle sepe fa e se go ralala ka dinao fela.”
20 Mme ba fetola ba re: “Lo se ka lwa ralala.” Ke fa Baetomo ba bolola go ba kgatlhantsha ka batlhabani ba bantsi le ka mabogo a a tlhometseng.
21 Baetomo ba ne ba gana jalo go dumelela Baiseraele go ralala naga ya bone. Mme Baiseraele ba ba fapoga.
Loso lwa ga Arone
22 Morago ga tseo phuthego yotlhe ya Baiseraele ya huduga kwa Kateše, ya ya go fitlha kwa thabeng ya Hore.
23 Gona kwa thabeng ya Hore fa molelwaneng wa lefatshe la BaetomoMorenaa raya Moše le Arone a re:
24 “Jaanong Arone o na le go gorosiwa kwa morafeng wa ga gabo; gonne ga a ne a tsena kwa lefatsheng le ke le neileng Baiseraele, ka lo se ka lwa utlwa taelo ya me kwa Metsing a Komano.
25 Tsaya Arone le Eleasare morwawe, o ba tlhatlosetse mo thabeng ya Hore.
26 O be o apole Arone diaparo tsa gagwe, o di apese Eleasare morwawe. Arone o tla gorosiwa kwa go ba ga gabo, a swela teng.”
27 Moše a dira jaakaMorenaa mo laetse; ba tlhatlogela mo thabeng ya Hore mo matlhong a phuthego yotlhe.
28 Moše a ba a apola Arone diaparo tsa gagwe, a di apesa Eleasare morwawe. Mme Arone a swela teng mo setlhoeng sa thaba. Moše le Eleasare ba be ba fologa mo thabeng.
29 Ya re phuthego yotlhe e bona Arone a sule, ba lapa la ga Iseraele botlhe ba lelela Arone malatsi a le 30.