NUMERI 22

Bileame o bidiwa ke Balake go hutsa Baiseraele

1 Baiseraele ba be ba etela pele, ba thibelela mo mabaleng a Moabe kwa moseja ga Joretane go lebagana le Jerigo.

2 Jaanong e rile Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, a sena go bona tsotlhe tse Baiseraele ba di diretseng Baamori,

3 Bamoabe ba boifa morafe wa Iseraele thata, ka o le mogolo; ba tlalelwa ka ntlha ya Baiseraele.

4 Bamoabe ba raya bagolo ba Midiane ba re: “Jaanong bontsi jo, bo tla ja tsotlhe tse di mo tikologong ya rona jaaka dikgomo di fula bojang jwa naga.” Mme Balake morwa Siphore e ne e le kgosi ya Moabe ka sebaka seo.

5 Ene a roma barongwi kwa go Bileame morwa Beore kwa Phethore yo o fa nokeng ya Ferathe, lefatsheng la ga gabo gore ba ye go mmitsa ba re: “Bona, morafe o dule kwa Egepeto, jaanong o farafarile lefatshe lotlhe, o thibeletse go lebagana le nna.

6 Jaanong he, a ko o tle, o nkhutsetse morafe oo, gonne o thata bogolo go nna; ka gongwe nka kgona go o fenya le go o leleka mo lefatsheng. Gonne ke itse gore yo ò mo tshegofatsang o tshegofaditswe, mme yo ò mo hutsang o hutsitswe.”

7 Bagolo ba Moabe le bagolo ba Midiane ba ya teng, ba tshotse tuelo ya boitseanape, ba fitlha kwa go Bileame, ba mmolelela mafoko a ga Balake.

8 A ba raya a re: “Lalang mono bosigo jono. Ke tla tsoga ke lo itsise ka faMorenaa tla ntaelang ka teng.” Dikgosana tsa Moabe tsa nna fa go Bileame.

9 Jaanong bosigo Modimo wa tla kwa go Bileame, wa mmotsa wa re: “Banna ba o nang nabo ke bomang?”

10 Bileame a araba Modimo a re: “Balake morwa Siphore, kgosi ya Moabe, o ba romile kwano go nna a re:

11 ‘Bona, morafe o dule kwa Egepeto, o tletse ka lefatshe lotlhe. Jaanong he, tlaya o ba nkhutsetse; ka gongwe foo nka kgona go tlhabana nabo le go ba leleka.’ ”

12 Mme Modimo wa fetola Bileame wa re: “O se ka wa ya nabo; le gona o se ka wa hutsa morafe oo; gonne o tshegofaditswe.”

13 Mo mosong Bileame a tsoga, a raya dikgosana tsa ga Balake a re: “Boelang kwa gae; gonneMorenao ganne go ntumelela go ka ya le lona.”

14 Dikgosana tsa Moabe tsa nanoga, tsa fitlha kwa go Balake tsa re: “Bileame o ganne go tla le rona.”

15 Ke fa Balake a roma dikgosana gape tse di neng di feta tsele ka bontsi le ka tlotlego.

16 Ya re di fitlha kwa go Bileame, tsa mo raya tsa re: “Balake morwa Siphore o bua jaana a re: ‘A ko o se thibelwe ke sepe go tla go nna.

17 Gonne ke tla go tlotla thata thata, ke dira tsotlhe tse o di batlang; ka moo he a ko o tle, o nkhutsetse morafe oo.’ ”

18 Bileame a ba fetola, a raya batlhanka ba ga Balake a re: “Le fa Balake a ka nnaya selefera le gouta tse di tletseng mo ntlong ya gagwe, ga nka ke ka kgona go tlola taelo yaMorena, Modimo wa me, go dira tse dinnye gongwe tse dikgolo.

19 Jaanong he, le lona a ko lo nne mono bosigo jono, ke tle ke itse seMorenao tla boelang a se bua gape le nna.”

20 Mme Modimo wa tla kwa go Bileame bosigo, wa mo raya wa re: “Fa banna bao ba tsile go go bitsa, nanoga o ye nabo, mme o dire fela se ke tla se go laelang.”

21 Mo mosong Bileame a tsoga, a belesa esele e namagadi ya gagwe, a ya le dikgosana tsa Moabe.

Bileame le esele ya gagwe

22 Fela bogale jwa Modimo jwa tuka, ka a tsamaya, mme moengele waMorenaa ikemisa mo tseleng go nna moganetsi wa gagwe, Bileame a ntse a palame esele ya gagwe, a na le badiredi ba le babedi.

23 Jaanong ya re esele e bona moengele waMorenaa eme mo tseleng, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng, ya fapoga mo tseleng, ya tsamaya mo nageng, mme Bileame a e itaya go e busetsa mo tseleng.

24 Jaanong moengele waMorenaa ema mo tseleng ya masimo a moweine e e sefero, go le dipota mo ntlheng tsoo pedi.

25 Ya re esele e bona moengele waMorena, ya iphaphata le lobota, ya tšhwetla lonao lwa ga Bileame fa loboteng, mme a e itaya gape.

26 Moengele waMorenaa boela a fetela pele, a ema felong fa go pitlaganyeng fa go se nang manno teng go ka sutela ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema.

27 Jaanong ya re esele e bona moengele waMorena, ya robala ka Bileame. Ke fa Bileame a tuka bogale, a e itaya ka thobane.

28 MmeMorenaa bula esele molomo, ya botsa Bileame ya re: “Ke go diretseng, fa o ntse o ntitaya, jaanong e le la boraro?”

29 Bileame a fetola esele a re: “Ke ka gonne o tshamekile ka nna. Fa nka bo ke tshotse tšhaka, nka bo ke setse ke go bolaile.”

30 Esele ya raya Bileame ya re: “A ga ke esele ya gago e o e palamang ka gale go fitlha letsatsing leno? A nkile ka leka go go direla jalo?” A re: “Nnyaya!”

31 Ke faMorenaa budulola Bileame matlho, mme a bona moengele waMorenaa eme mo tseleng a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng, a inama, a ikobela fa fatshe ka sefatlhego.

32 Moengele waMorenaa mmotsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o sa le o tla o itaya esele ya gago e setse e le gararo? Bona, ke bolotse go nna moganetsi wa gago; gonne leeto la gago le a nkgopisa.

33 Esele yona e mponye, ya mphapogela gararo; fa e ka bo e se ka ya mphapogela, foo nka bo ke sa bolo go go bolaya, yona ka e lesa go phela.”

34 Ke fa Bileame a raya moengele waMorenaa re: “Ke leofile ka gonne ke ne ke sa itse, fa o ne o eme mo tseleng go nthibela. Jaanong he, fa go le bosula mo matlhong a gago, nte ke boe.”

35 Mme moengele waMorenaa raya Bileame a re: “Yaya le banna bao, fela o se ka wa bua lefoko lepe fa e se le ke tla le go laelang.” Bileame a ya jalo le dikgosana tsa ga Balake.

Balake o kgatlhantsha Bileame

36 E rile Balake a utlwa go twe Bileame o e tla, a bolola go ya go mo kgatlhantsha kwa motseng wa Moabe o o fa molelwaneng wa Arenone kwa naga ya Moabe e felelang teng.

37 Jaanong Balake a raya Bileame a re: “Ke ga kae ke roma batho go go bitsa? Ke eng, fa o gana go tla kwano go nna? A tota ke ka palelwa ke go go tlotla?”

38 Bileame a araba Balake a re: “Ke fano, ke tsile go wena. Jaanong ga go na sepe se nka se buang. Ke tshwanetse go bua mafoko a Modimo o tla a tsenyang mo molomong wa me.”

39 Bileame a ba a ya le Balake, ba fitlha kwa Khiriathe-Husothe.

40 Balake a ba a dira ditlhabelo tsa dikgomo le tsa difutshane, a romela Bileame le dikgosana tse di nang nae dinama tsa teng.

Tshegofatso ya ntlha ya ga Bileame

41 Mme mo mosong Balake a tsaya Bileame, a mo tlhatlosetsa kwa dithoteng tsa ga Baale; ya re a le teng, a bona mathoko a morafe wa Iseraele.