NUMERI 23

1 Jaanong Bileame a raya Balake a re: “Nkagele dialetare di supa fa, o be o ntlhaolele dipoo di supa le diphelehu di supa, di tle kwano.”

2 Balake a dira jaaka Bileame a buile, mme Balake le Bileame ba tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.

3 Bileame a ba a raya Balake a re: “Sala o eme fa setlhabelong sa phiso sa gago, ke rata go ya fale. Go gongweMorenao tla kgatlhana le nna. Mme se o tla se mpontshang ke tla se go itsise.” A ba a ya kwa thoteng e e iphotlhereng go botsa Modimo.

4 Mme Modimo wa kgatlhana le Bileame, mme a o raya a re: “Ke baakantse dialetare di supa, ka tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.”

5 JaanongMorenaa tsenya lefoko mo molomong wa ga Bileame a re: “Boela kwa go Balake o bue jaana.”

6 A ba a boela kwa go ene, a fitlhela a ntse a eme fa setlhabelong sa gagwe sa phiso, a na le dikgosana tsotlhe tsa Moabe.

7 Ke fa Bileame a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“Balake o romile go ntsaya

kwa Siria,

kgosi ya Moabe ya mpitsa

ke le kwa dithabeng

tsa botlhabatsatsi ya re:

‘Tlaya o nkhutsetse Jakobe,

tlaya o roge Iseraele!’

8 Nka hutsa jang

yo Modimo o sa mo hutseng?

Nka roga jang

yoMorenaa sa mo rogeng?

9 Gonne ke a o bona

ke le mo makgotlhong

a dithaba,

ke o lebile ke le mo dithoteng,

ke fitlhela e le morafe

o o tla agang o le osi,

o sa itlhakanye

le merafe ya baheitane.

10 Ke mang yo o ka balang

lerole la ga Jakobe

le palo ya karolo ya bone

ya Iseraele?

A ke swe loso

lwa batlhamaladi!

A bokhutlo jwa me bo nne

jaaka jwa bone!”

11 Ke fa Balake a raya Bileame a re: “O ntiretseng jaanong? Ke go biditse gore o tle go hutsa baba ba me, mme ruri o ba tshegofaditse tota.”

12 A fetola a re: “A ga ke a tshwanela go tlhokomela gore ke bue seMorenao se tsenyang mo molomong wa me?”

Bileame o tshegofatsa Baiseraele la bobedi

13 Mme Balake a mo raya a re: “A ko o tle le nna kwa felong go sele, kwa o tla bonang morafe re le teng; o tla bona mathoko a ona fela, o sa bone bontsi jotlhe jwa ona; o o nkhutsetse re le teng.”

14 Jaanong a mo isa kwa Felong ga Batlhodi kwa setlhoeng sa thaba ya Phiseka; a ba a aga dialetare di supa teng, a tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.

15 Mme Bileame a raya Balake a re: “Sala o eme fano fa setlhabelong sa gago sa phiso, ke sa ntse ke ya go kgatlhana le Modimo fale.”

16 Ke faMorenaa kgatlhana le Bileame, a tsenya lefoko mo molomong wa gagwe a re: “Boela kwa go Balake o bue jaana.”

17 A fitlha kwa go ene, a fitlhela a ntse a eme fa setlhabelong sa gagwe sa phiso a na le dikgosana tsa Moabe. Jaanong Balake a mmotsa a re: “Morenao rileng?”

18 A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“Nanoga, Balake, o utlwe;

ntheetse, morwa Siphore!

19 Modimo ga se motho

mo o ka akang,

le e seng morwa motho

mo o ka ikwatlhayang.

A o kile wa bua sengwe,

mme wa se ka wa se dira?

Kampo a o ka solofetsa sengwe.

Mme wa se ka wa se

dirafatsa?

20 Bona, ke laetswe go tshegofatsa;

Modimo o tshegofaditse,

ke palelwa ke go fetola:

21 Ga go bonwe

tatlhego mo go Jakobe,

ga go fitlhelwe tapisego

mo go Iseraele.

MorenaModimo wa gagwe

o na nae;

go dudueletsa kgosi

go teng mo go ene.

22 Modimo o o ba ntshitseng

kwa Egepeto

o tshwana le dinaka tsa nare

mo go bone.

23 Gonne ga go na botlhodi

jo bo ka kgonang Jakobe,

ga go na boitseanape

jo bo ka senyetsang Iseraele.

Ka nako ya teng

go tla bolelelwa Jakobe,

e bong Iseraele

se Modimo o se dirileng.

24 Bona, morafe!

O tla tsoga jaaka tau

e namagadi,

o itsosa jaaka tau;

ga o kitla o robala

o ise o je thopo,

o ise o nwe madi

a ba ba phololeditsweng.”

25 Ke fa Balake a raya Bileame a re: “Fa e le go hutsa, o se o hutse, le fa e le go tshegofatsa, o se o tshegofatse!”

26 Bileame a fetola, a raya Balake a re: “A ga ke a go raya ka re: ‘Tsotlhe tseMorenao di buang ke tsona tse ke tla di dirang.’ ”

Tshegofatso ya boraro

27 Balake a ba a raya Bileame a re: “A ko o tle, ke tla go isa kwa felong go sele. Ka gongwe go tla bo go siame mo matlhong a Modimo gore o o nkhutsetse re le teng.”

28 Jaanong Balake a isa Bileame kwa setlhoeng sa thaba ya Pheore e e okameng sekaka.

29 Bileame a ba a raya Balake a re: “Nkagele dialetare di supa fa, o ntlhaolele dipoo di supa le diphelehu di supa, di tle kwano.”

30 Balake a dira jaaka Bileame a buile; a ba a tlhabela poo le phelehu mo aletareng nngwe le nngwe.