NUMERI 24

1 Jaanong e rile Bileame a bona, fa go kgatlhaMorenago tshegofatsa Iseraele, a se ka a ya go dirisa tsa botlhodi jaaka pele, mme a lebisa sefatlhego sa gagwe kwa sekakeng.

2 Bileame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba thibeletse ka fa ditsong tsa bone. Ke fa Mowa wa Modimo o tla mo go ene,

3 mme a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“Go bua Bileame

morwa Beore,

go bua monna

yo o budulogileng matlho;

4 go bua yo o utlwang

mafoko a Modimo,

yo o a tleng a bone tshenolo

ya Mong-wa-thata-yotlhe,

a wetse fa fatshe

a budulogile matlho, a re:

5 Di dintle jang ne,

ditente tsa gago, Jakobe,

le meago ya gago, Iseraele!

6 Di tshwana le melapo

e e anameng le masimo

a a fa nokeng

le mekgwaphana

e e jwetsweng keMorena

le mesetere e e fa metsing.

7 Metsi a tla ela

a tswa mo dinkgong tsa bone;

dijwalo tsa bone

di fa metsing a mantsi;

kgosi ya bone

e tla gaisa Agage;

bogosi jwa bone

bo tla tlotlomala.

8 Modimo o ba ntshitse

kwa Egepeto,

o tshwana le dinaka tsa nare

mo go bone.

Ba tla nyeletsa baheitane,

baba ba bone,

le go ba roba marapo,

ba ba tlhabaka

ka metsu ya bone.

9 Ba robala,

ba itaetse jaaka tau

le jaaka tau e namagadi;

ke mang yo o ka ba tsosang?

Yo o go tshegofatsang,

Iseraele, o tshegofaditswe;

yo o go hutsang o hutsitswe.”

10 Ya ba gona Balake a tukelang Bileame bogale, a ithwala megono. Balake a raya Bileame a re: “Ke go biditse gore o hutse baba ba me, mme bona, o setse o ba tshegofaditse gararo.

11 Jaanong he, tshabela kwa ga eno. Ke ne ke re, ke tla go tlotla thata, mme bona,Morenao go thibetse gore o se bone tlotlo.”

12 Bileame a araba Balake a re: “Kana le barongwi ba o ba romileng kwa go nna ke ba reile ka re:

13 ‘Le fa Balake a ka nnaya selefera le gouta tse di tletseng mo ntlong ya gagwe, ga nka ke ka kgona go tlola taelo yaMorenago dira tse di molemo gongwe tse di bosula ka bogaka. SeMorenao se buang ke sona se ke tshwanetseng go se bua.’

Tshegofatso ya bofelo

14 “Mme jaanong, bona, ke boela kwa morafeng wa ga etsho. Tlaa he, ke tla go senolela tse morafe oo o tla di direlang morafe wa gago mo metlheng ya bofelo.”

15 A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“Go bua Bileame

morwa Beore,

go bua monna

yo o budulogileng matlho;

16 go bua yo o utlwang

mafoko a Modimo,

yo o itseng tsa kitso

ya Mogodimodimo,

yo o bonang tshenolo

ya Mong-wa-thata-yotlhe,

a wetse fa fatshe,

a budulogile matlho, a re:

17 Ke a mmona,

mme e seng jaanong,

ke mo lebile, mme ga a gaufi.

Naledi e bonala

e tswa mo go Jakobe,

thobane ya bogosi e tsoga

e tswa mo go Iseraele.

O tla tšhwetla ditlhogo

tsa Moabe,

a diga beng ba moferefere

botlhe.

18 Le Etomo e tla nna boswa

jwa gagwe

le Seire, baba ba gagwe,

e tla nna kabelo ya gagwe,

mme Iseraele o tla thatafala.

19 Oora Jakobe o tla busa,

a nyeletsa bafalodi ba metse.”

20 Ya re a bona Baamaleke a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“Baamaleke ke ba pele

ba baheitane,

mme bokhutlo jwa bone

ke go ya tatlhegong.”

21 Ya re a bona Bakeni, a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“Kago ya gago e tiile,

sentlhaga sa gago

se agilwe mo lefikeng.

22 Le fa go ntse jalo Kaine

o na le go nyelediwa.

E tla nna leng, fa Baasiria

ba go isa mo botshwarong?”

23 A ba a tlhaba loboko lwa gagwe a re:

“A tatlhego wee!

Go tla falola mang,

fa Modimo o dirafatsa tseo?

24 Dikepe di tla tswa

ntlheng ya Bakhithime,

beng ba tsona ba tla gatelela

Baasiria,

ba gatelela boora Ebere,

mme le bona

ba tla ya tatlhegong.”

25 Jaanong Bileame a nanoga, a tsamaya, a boela kwa ga gabo. Le Balake a tsamaya ka tsela ya gagwe.