NUMERI 25

Baiseraele ba raelwa ke basadi ba Bamoabe go direla modimo wa bone ka boaka. Petso ya teng

1 E rile Baiseraele ba ntse ba le kwa Sitime, batho ba simolola go dira boaka le bomorwadia Moabe;

2 bone ba laletsa batho go tla ditlhabelong tsa medimo ya bone, mme batho ba a ja, ba obamela medimo ya bone.

3 Jaanong ya re Baiseraele ba ineela Baale-Pheore jalo,Morenaa ba tukela bogale.

4 Morenaa ba a raya Moše a re: “Tsaya bagolo botlhe ba morafe, lo kaleletseMorenaba ba molato mo mogoteng wa letsatsi gore bogale jo bo tukang jwaMorenabo tle bo tloge mo Baiseraeleng.”

5 Jaanong Moše a raya baatlhodi ba Iseraele a re: “A mongwe le mongwe wa lona a bolae banna ba ga gabo ba ba ineetseng Baale-Pheore.”

6 A sa ntse a re jalo, ga tla monna wa Moiseraele, a tlisa mosadi wa Momidiane kwa go ba ga gabo mo matlhong a ga Moše le mo matlhong a phuthego yotlhe ya Baiseraele, ba ba neng ba lela kwa mojakong wa Tente ya Boipontsho.

7 Ya re Phinehase morwa Eleasare, morwa moperesiti Arone, a bona jalo, a nanoga mo phuthegong, a tsaya lerumo ka seatla;

8 a latela monna wa Moiseraele kwa ntlwaneng ya borobalo, a ba phololetsa ka bobedi jwa bone, monna wa Moiseraele le mosadi, mo dimpeng tsa bone. Petso ya thibelwa jalo, ya tlosiwa mo Baiseraeleng.

9 Ba ba neng ba sule ka petso eo ba ne ba le 24 000.

10 Morenaa ba a raya Moše a re:

11 “Phinehase morwa Eleasare morwa moperesiti Arone, o tlositse bogale jwa me mo Baiseraeleng ka go dira petso ya lefufa la me mo gare ga bone gore ke se ka ka fedisa Baiseraele ka lone.

12 Ke ka moo ke reng: ‘Bona, ke tla mo naya kgolagano ya me ya kagiso.

13 Kgolagano ya boperesiti jwa metlha yotlhe e tla nna ya gagwe le ya losika lwa gagwe sehularong sa gagwe, ka a ne a tlhoafalela Modimo wa gagwe, a direla Baiseraele thuanyo.’ ”

14 Leina la monna wa Moiseraele yo o bolailweng le mosadi wa Momidiane e ne e le Simeri morwa Salo, mogogi wa kgotla nngwe ya Basimeone.

15 Leina la mosadi wa Momidiane yo o bolailweng e ne e le Khosebi morwadia Sure, tlhogo ya kgoro nngwe mo go Bamidiane.

16 Morenaa ba a raya Moše a re:

17 “Ilang Bamidiane, lo ba bolae!

18 Gonne ba lo diretse jaaka baba ka bolotsana jwa bone, fa ba lo obamedisa Baale-Pheore, le ka go lo raela ka Khosebi morwadia kgosana ya Bamidiane, kgaitsadia-bone yo o bolailweng ka letsatsi la petso ka ntlha ya ga Baale-Pheore.”