NUMERI 26

Baiseraele ba balwa sešwa

1 Morago ga petsoMorenaa raya Moše le Eleasare morwa moperesiti Arone, a re:

2 “Tsayang palo e e tletseng ya phuthego yotlhe ya Baiseraele go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone ka fa dikgotleng tsa bone, e bong botlhe ba ba ka bololang ka mephato ya Baiseraele.”

3 Ke fa Moše le Eleasare, moperesiti, ba ba laela kwa mabaleng a Moabe fa nokeng ya Joretane go lebagana le Jerigo gore ba balwe

4 go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone jaakaMorenaa laetse Moše. Baiseraele ba ba tswang kwa Egepeto ke ba:

5 Ke Rubene morwa Iseraele wa ntlha. Bomorwa Rubene ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Henoge lwa boora Henoge le losika lwa ga Phalo lwa boora Phalo

6 le losika lwa ga Heserone lwa boora Heserone le losika lwa ga Karemi lwa boora Karemi.

7 Ke tsona ditshika tsa Barubene. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 43 730.

8 Oora Phalo ke Eliabe.

9 Bomorwa Eliabe ke Nemuele le Dathane le Abirame. Ke bone Dathane le Abirame ba ba neng ba bileditswe mo lekgotleng la phuthego, ba ba neng ba rukhutlhegela Moše le Arone ba le mo lekokong la ga Kora, jale fa ba rukhutlhegelaMorena.

10 Mme lefatshe la atlhamisa molomo wa lone, la ba metsa mmogo le Kora, jale fa lekoko leo le swa, ka molelo o ne o ja banna ba le 250, ba nna sekao se se tlhagisang.

11 Mme bomorwa Kora ba se ka ba swa nabo.

12 Bomorwa Simeone ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Nemuele lwa boora Nemuele le losika lwa ga Jamine lwa boora Jamine le losika lwa ga Jagine lwa boora Jagine

13 le losika lwa ga Sera lwa boora Sera le losika lwa ga Saule lwa boora Saule.

14 Ke tsona ditshika tsa Basimeone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 22 200.

15 Bomorwa Gate ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Sefone lwa boora Sefone le losika lwa ga Haki lwa boora Haki le losika lwa ga Suni lwa boora Suni,

16 le losika lwa ga Oseni lwa boora Oseni le losika lwa ga Eri lwa boora Eri

17 le losika lwa ga Arote lwa boora Arote le losika lwa ga Aredi lwa boora Aredi.

18 Ke tsona ditshika tsa Bagate. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 40 500.

19 Bomorwa Juta ke Ere le Onane. Mme Ere le Onane ba sa le ba swela kwa lefatsheng la Kanana.

20 Bomorwa Juta ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Sela lwa boora Sela le losika lwa ga Pherese lwa boora Pherese le losika lwa ga Sera lwa boora Sera.

21 Boora Pherese ke losika lwa ga Heserone lwa boora Heserone le losika lwa ga Hamule lwa boora Hamule.

22 Ke tsona ditshika tsa Bajuta. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 76 500.

23 Bomorwa Isašare ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Thola lwa boora Thola le losika lwa ga Phuwa lwa boora Phuwa

24 le losika lwa ga Jašube lwa boora Jašube le losika lwa ga Simerone lwa boora Simerone.

25 Ke tsona ditshika tsa Baisašare. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 64 300.

26 Bomorwa Sebulone ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Serete lwa boora Serete le losika lwa ga Elone lwa boora Elone le losika lwa ga Jahalele lwa boora Jahalele.

27 Ke tsona ditshika tsa Basebulone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 60 500.

28 Bomorwa Josefa ke Manase le Eferaime.

29 Bomorwa Manase ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Magire lwa boora Magire. Magire a tsala Gileate. Gape ke losika lwa ga Gileate lwa boora Gileate.

30 Boora Gileate ke ba: Ke losika lwa ga Jesere lwa boora Jesere le losika lwa ga Heleke lwa boora Heleke

31 le losika lwa ga Aseriele lwa boora Aseriele le losika lwa ga Šegeme lwa boora Šegeme

32 le losika lwa ga Semita lwa boora Semita le losika lwa ga Hefere lwa boora Hefere.

33 Mme Selofehate morwa Hefere o ne a se na bomorwa, fa e se bomorwadi fela. Maina a bomorwadia Selofehate e ne e le Magala le Noa le Hogola le Mileka le Thiresa.

34 Ke tsona ditshika tsa Bamanase. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 52 700.

35 Bomorwa Eferaime ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ke losika lwa ga Suthela lwa boora Suthela le losika lwa ga Begere lwa boora Begere le losika lwa ga Thahane lwa boora Thahane.

36 Boora Suthela ke ba: Ke losika lwa ga Erane lwa boora Erane.

37 Ke tsona ditshika tsa Baeferaime. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 32 500. Ke bone bomorwa Josefa ka fa ditshikeng tsa bone.

38 Bomorwa Benyamene ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Bela lwa boora Bela le losika lwa ga Asebele lwa boora Asebele le losika lwa ga Ahirame lwa boora Ahirame

39 le losika lwa ga Sefufame lwa boora Sefufame le losika lwa ga Hufame lwa boora Hufame.

40 Bomorwa Bela e ne e le Arete le Naamane. Losika lwa ga Arete ke boora Arete. Losika lwa ga Naamane ke boora Naamane.

41 Ke bone bomorwa Benyamene ka fa ditshikeng tsa bone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 45 600.

42 Bomorwa Dane ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ke losika lwa ga Suhame lwa boora Suhame. Ke tsona ditshika tsa Badane ka fa ditshikeng tsa bone.

43 Ditshika tsotlhe tsa boora Suhame – ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 64 400.

44 Bomorwa Asere ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Imena lwa boora Imena le losika lwa ga Iswi lwa boora Iswi le losika lwa ga Beria lwa boora Beria.

45 Ba bomorwa Beria ke losika lwa ga Hebere lwa boora Hebere le losika lwa ga Malekhiele lwa boora Malekhiele.

46 Leina la morwadia Asere e ne e le Sera.

47 Ke tsona ditshika tsa Baasere. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 53 400.

48 Bomorwa Nafetale ka fa ditshikeng tsa bone ke losika lwa ga Jahaseele lwa boora Jahaseele le losika lwa ga Guni lwa boora Guni

49 le losika lwa ga Jesere lwa boora Jesere le losika lwa ga Sileme lwa boora Sileme.

50 Ke tsona ditshika tsa Banafetale ka fa ditshikeng tsa bone. Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 45 400.

51 Ba ba badilweng ba Baiseraele ke ba le 601 400.

52 Morenaa ba a raya Moše a re:

53 “Ke bao ba tshwanetsweng go kgaoganngwa lefatshe go nna boswa ka fa palong ya maina.

54 Ba bantsi o ba nee naga e kgolo, ba ba seng bantsi o ba nee naga e nnye. Lotso longwe le longwe lo newe boswa jwa lone ka fa palong ya ba ba badilweng ba lone.

55 Fela a lefatshe le kgaoganngwe ka tengwa. A ba rue ka fa maineng a ditso tsa borraabo.

56 A boswa jwa bone bo kgaoganngwe ka tengwa fa gare ga ba bantsi le ba ba seng bantsi.”

57 Ba ba badilweng ba Balefi ka fa ditshikeng tsa bone ke ba: Ke losika lwa ga Geresone lwa boora Geresone le losika lwa ga Kahathe lwa boora Kahathe le losika lwa ga Merari lwa boora Merari.

58 Ditshika tsa Balefi ke tse: Ke losika lwa ga Lebeni le losika lwa ga Heberone le losika lwa ga Magedi le losika lwa ga Muši le losika lwa ga Kora. Kahathe a tsala Amerame.

59 Leina la mosadi wa ga Amerame ke Jogebete oora Lefi, yo mmaagwe a mo tsholetseng Lefi kwa Egepeto; ene a tshola le Amerame Arone le Moše le Miriame, kgaitsadia-bone.

60 Bomorwa Arone ke Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare.

61 Mme Natabe le Abihu ba ne ba swa, fa ba tlisa molelo o sele fa pele gaMorena.

62 Ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 23 000, e le ba batonanyana botlhe go simolola ka ba kgwedi le bomogoloa-bone. Gonne ba ne ba sa balelwa mmogo le Baiseraele ba bangwe, ka ba se ka ba newa boswa mo gare ga Baiseraele.

63 Ke bone ba ba badilweng ke Moše le Eleasare moperesiti ba ba badileng Baiseraele kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo.

64 Mo go bao go ne go se ope wa Baiseraele ba ba badilweng ke Moše le Arone moperesiti kwa sekakeng sa Sinai.

65 GonneMorenao ne a ba reile a re, ba tshwanetse go swela mo sekakeng. Ga se ka ga sala ope wa bone fa e se Kalebe morwa Jefune le Jošua morwa Nune.