Setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng
1 Morenaa ba a raya Moše a re:
2 “Laela Baiseraele o ba ree o re: ‘Tlhokomelang tshupelo ya me le dijo tsa melelo ya me gore lo di ntsisetse ka nako ya tsona, ka e le monko o o monate mo go nna.’
3 “O be o ba ree o re: ‘Setlhabelo sa molelo se lo tshwanetseng go se isetsaMorenake se: Ke dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole ka letsatsi lengwe le lengwe, e nne setlhabelo sa phiso sa ka gale.
4 Kwana nngwe o e baakanye mo mosong, ya bobedi o e baakanye maitsiboa
5 mmogo le karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta e le tshupelo ya dijo, bo dubilwe ka karolo ya bone ya hina ya lookwane lwa diolefa tse di thugilweng.
6 Ke sona setlhabelo sa phiso sa ka gale, se se tlhomamisitsweng kwa thabeng ya Sinai go nna monko o o monate wa molelo waMorena
7 le tshupelo ya noo ya teng; ke karolo ya bone ya hina ya weine ya kwana nngwe le nngwe. O tshololeleMorenatshupelo ya noo ya weine mo Felong-ga-Boitshepo.
8 Kwana ya bobedi o e baakanye maitsiboa; tshupelo ya dijo le tshupelo ya noo ya teng o di dire jaaka mo mosong go nna tshupelo ya molelo ya monko o o monate moMoreneng.
Ditlhabelo tsa Sabata
9 “ ‘Mme ka letsatsi la Sabata e nne dikwana di le pedi tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole mmogo le tshupelo ya dijo ya dikarolo di le pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane le tshupelo ya noo ya teng.
10 Ke sona setlhabelo sa phiso sa Sabata nngwe le nngwe mmogo le setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya noo ya sona.
Ditlhabelo tsa ngwedi o o rogilweng
11 “ ‘Ka malatsi a ntlha a dikgwedi tsa lona lo isetseMorenasetlhabelo sa phiso sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole
12 le tshupelo ya dijo ya dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane, mmogo le poana nngwe le nngwe, le tshupelo ya dijo ya dikarolo di le pedi tsa lesome tsa efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane, mmogo le phelehu
13 le tshupelo ya dijo ya karolo ya lesome ya efa ya bupe jo bo boleta, bo dubilwe ka lookwane, mmogo le kwana nngwe le nngwe. Ke setlhabelo sa phiso sa monko o o monate le tshupelo ya molelo yaMorena.
14 Ditshupelo tsa noo tsa tsona e nne bontlhanngwe jwa hina ya weine mmogo le poana nngwe le nngwe le karolo ya boraro ya hina mmogo le phelehu le karolo ya bone ya hina mmogo le kwana nngwe le nngwe. Ke sona setlhabelo sa phiso sa malatsi otlhe a ngwedi o o rogilweng, mo dikgweding tsa ngwaga.
15 Le gona a go direlweMorenasetlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe mmogo le setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya noo ya teng.
Ditlhabelo tsa moletlo wa dinkgwe tse di sa bedisiwang
16 “ ‘Letsatsi la 14 la kgwedi ya ntlha ke la Tlolaganyo yaMorena.
17 Ka letsatsi la 15 la kgwedi eo go Moletlo. A go jewe dinkgwe tse di sa bedisiwang malatsi a supa.
18 Ka letsatsi la ntlha go nne kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone,
19 mme lo isetseMorenasetlhabelo sa molelo, e bong sa phiso sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; e nne tse di se nang bogole tsa lona,
20 mmogo le tshupelo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane: Lo dire tshupelo ya dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu.
21 O be o dire tshupelo ya karolo ya some le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa
22 le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo.
23 Tseo lo di baakanye kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa mo mosong se e leng setlhabelo sa phiso sa ka gale.
24 Lo di baakanye ka letsatsi lengwe le lengwe ka mokgwa oo malatsi a supa, e le dijo tsa ditlhabelo tsa molelo tsa monko o o monate moMoreneng; di dirwe mmogo le setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya noo ya sone.
25 Le ka letsatsi la bosupa lo nne le kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone.
Ditlhabelo tsa moletlo wa thobo
26 “ ‘Gape ka letsatsi la mabutswapele, fa lo isetsaMorenatshupelo ya mabele a mašwa ka Moletlo wa dibeke wa lona, lo nne le kgobokano e e boitshepo. Lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone.
27 Lo isetseMorenasetlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa dipoana di le pedi le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; e nne tsa lona tse di se nang bogole,
28 mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana nngwe le nngwe le dikarolo di le pedi tsa lesome mmogo le phelehu
29 le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa
30 le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo.
31 Lo di baakanye jalo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le ditshupelo tsa noo tsa tsona.