Ditlhabelo tsa Ngwaga o Mošwa
1 “ ‘Le ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa lo nne le kgobokano e e boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone; a e nne letsatsi la tumo ya diphala mo go lona.
2 Lo direleMorenasetlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole,
3 mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome mmogo le phelehu,
4 le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa
5 le setlhabelo sa boleo sa phoko e le nngwe gore lo direlwe thuanyo,
6 kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa kgwedi le tshupelo ya dijo ya teng le kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le ditshupelo tsa noo tsa tsona jaaka di tshwanetse, go nna tshupelo ya molelo ya monko o o monate moMoreneng.
Ditlhabelo tsa letsatsi la thuanyo
7 “ ‘Le ka letsatsi la lesome la kgwedi ya bosupa eo lo nne le kgobokano kwa Felong-ga-Boitshepo, lo itshôlê; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone.
8 Mme lo isetseMorenasetlhabelo sa phiso sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe; a e nne tsa lona tse di se nang bogole;
9 mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu
10 le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di supa
11 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa boleo sa letsatsi leo la thuanyo le sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya sona le ditshupelo tsa noo tsa tsona.
Ditlhabelo tsa Moletlo wa Metlaagana
12 “ ‘Le ka letsatsi la 15 la kgwedi eo ya bosupa lo nne le kgobokano e e boitshepo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone, mme lo direleMorenaMoletlo malatsi a supa.
13 Lo isetsengMorenasetlhabelo sa phiso, setlhabelo sa molelo sa monko o o monate, e bong dipoana di le 13 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe; a e nne tse di se nang bogole;
14 mmogo le tshupelo ya dijo ya tsona ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane, e bong dikarolo di le tharo tsa lesome tsa efa mmogo le poana nngwe le nngwe ya dipoana di le 13 le dikarolo di le pedi tsa lesome le phelehu nngwe le nngwe ya diphelehu tse pedi;
15 le karolo ya lesome le kwana nngwe le nngwe ya dikwana di le 14
16 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
17 “ ‘Ka letsatsi la bobedi lo tlhabeleng dipoana di le 12 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole
18 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse,
19 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya sona le ditshupelo tsa noo tsa tsona.
20 “ ‘Ka letsatsi la boraro le tlhabeleng dipoana di le 11 le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole
21 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse
22 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
23 “ ‘Ka letsatsi la bone lo tlhabeleng dipoana di le some le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole,
24 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse
25 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
26 “ ‘Ka letsatsi la botlhano lo tlhabeleng dipoana di le robongwe le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole
27 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse
28 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
29 “ ‘Ka letsatsi la borataro lo tlhabeleng dipoana di le robedi le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole
30 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse
31 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
32 “ ‘Ka letsatsi la bosupa lo tlhabeleng dipoana di supa le diphelehu di le pedi le dikwana di le 14 tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole
33 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona tsa dipoana le diphelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse
34 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
35 “ ‘Ka letsatsi la robedi lo nne le kgobokano ya Moletlo; lo se ka lwa dira tiro epe ya lona ka lone.
36 Lo isetsengMorenasetlhabelo sa phiso, e bong setlhabelo sa molelo sa monko o o monate sa poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le dikwana di supa tsa ngwaga o le mongwe tse di se nang bogole;
37 mmogo le ditshupelo tsa dijo le tsa noo tsa tsona, tsa poana le phelehu le dikwana ka fa palong ya tsona jaaka di tshwanetse;
38 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo kwa ntle ga setlhabelo sa phiso sa ka gale le tshupelo ya dijo ya teng le tshupelo ya noo ya teng.
39 “ ‘Ke tseo lo tshwanetseng go di direlaMorenaka malatsi a Meletlo ya lona kwa ntle ga tsa maikano a lona le tsa bogalona, le fa e le ditlhabelo tsa phiso gongwe ditshupelo tsa dijo gongwe tsa noo gongwe ditlhabelo tsa tebogo.’ ”
40 Moše a di bolelela Baiseraele fela jaakaMorenaa mo laetse.