Melao ka ga maikano
1 Moše a ba a bua le ditlhogo tsa ditso tsa Baiseraele a re: “SeMorenao se laetseng ke se:
2 E re fa monna a solofetsaMorenasengwe gongwe a ikana maikano a go itima sekete, a se ka a tlhanogela lefoko la gagwe, mme a a dire fela jaaka go dule mo molomong wa gagwe.
3 “Fela fa e le mosadi yo o ikanelangMorenamaikano gongwe a ipofa go itima sengwe, a le mo lapeng la ga rraagwe, a le mo bokgarebeng jwa gagwe,
4 mme rraagwe a utlwa maikano a gagwe le maipofo a go itima a o ipofileng ka ona, mme rraagwe a mo didimalela, gona maikano otlhe a gagwe a tla bo a tlhomame, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona a tla bo a tlhomame.
5 Mme fa rraagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona maikano otlhe a gagwe le maipofo a gagwe a go itima a o ipofileng ka ona, a tla bo a sa tlhomama, mmeMorenao tla mo itshwarela, ka rraagwe a mo thibetse.
6 “Jaanong fa a nyalwa ke monna a ntse a bofegile ka maikano a gagwe gongwe ka mafoko a o a buileng ka potlako a o ipofileng ka ona,
7 mme monna mogang a utlwang, fa a ka mo didimalela ka letsatsi le o utlwileng ka lone, gona maikano a gagwe a na le go dirafadiwa, le maipofo a gagwe a go itima sengwe a o ipofileng ka ona, a na le go dirafadiwa.
8 Mme fa monna wa gagwe a mo thibela ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona o tla bo a dirolola maikano a mosadi a o bofegileng ka ona le mafoko a o a buileng ka potlako, a ipofa ka ona, mmeMorenao tla itshwarela mosadi.
9 “Maikano a motlholagadi le a yo o tlhadilweng, maipofo otlhe a ene o ipofileng ka ona o na le go a dirafatsa.
10 “Mme fa mosadi a ikana a le mo lapeng la monna wa gagwe gongwe a ipofa ka maikano go itima sengwe,
11 mme e re monna wa gagwe a utlwa a mo didimalela, a sa mo thibele, gona maikano otlhe a gagwe o na le go a dirafatsa, le maipofo otlhe a o ipofileng ka ona go itima sengwe o na le go a dirafatsa.
12 Fela fa monna wa gagwe a a dirolola ka thanolo ka letsatsi le a utlwang ka lone, gona ga go na sepe se se ka dirafalang sa tse di duleng mo molomong wa gagwe le sa maikano a gagwe le sa maipofo a go itima sengwe. Monna wa gagwe o se dirolotse, mmeMorenao tla itshwarela mosadi.
13 Tsholofetso nngwe le nngwe ya mosadi le maikano otlhe a go itima sengwe go ikwatlhaisa pelo, monna wa gagwe o ka di tlhomamisa, gongwe a ka di dirolola.
14 Fa monna wa gagwe a mo didimalela go fitlhelela kamoso, gona o tlhomamisitse maikano otlhe a gagwe gongwe maipofo otlhe a gagwe a go itima sengwe; monna o a tlhomamisitse, ka a ne a mo didimalela ka letsatsi le a utlwileng ka lone.
15 Mme fa a di dirolola morago ga malatsi a sena go utlwa, foo o tla rwala molato wa mosadi.”
16 Ke yona melao eMorenao e laetseng Moše ka ga monna le mosadi wa gagwe le ka ga rra-motho le morwadie a ntse a le mo bokgarebeng jwa gagwe mo lapeng la ga rraagwe.