NUMERI 31

Baiseraele ba fenya Bamidiane le go ipusolosetsa mo go bone

1 Morenaa ba a raya Moše a re:

2 “Busolosetsa Baiseraele mo go Bamidiane; morago ga moo o tla gorosiwa kwa morafeng wa ga eno.”

3 Moše a bua le morafe a re: “A banna bangwe ba lona ba tlhomele gore ba bololele Bamidiane go dirafatsa pusoloso yaMorenamo go bone.

4 Ntshang banna ba le kete mo lotsong longwe le longwe lwa Iseraele, lo ba romele kwa ntweng.”

5 Jaanong ga ntshiwa ba le kete mo lotsong longwe le longwe mo diketeng tsa Iseraele, ba nna 12 000 ba ba tlhomeletseng ntwa.

6 Moše a ba romela kwa ntweng, e le ba kete ba lotso longwe le longwe mmogo le Phinehase, morwa moperesiti Eleasare; a tshotse dilwana tsa Felo-ga-Boitshepo le diphala tsa go tlhaba mokgosi wa ntwa.

7 Jaanong ba bololela Bamidiane jaakaMorenaa laetse Moše, ba bolaya ba batonanyana botlhe.

8 Mo go ba ba bolailweng go ne go le dikgosi tsa Bamidiane, e bong Ewi le Rekeme le Sure le Hure le Reba, dikgosi tse tlhano tsa Bamidiane. Le Bileame morwa Beore ba mmolaya ka tšhaka.

9 Baiseraele ba isa basadi ba Bamidiane le bana ba bone mo botshwarong, ba thopa matlhape otlhe a bone le diruiwa tsotlhe tsa bone le khumo yotlhe ya bone.

10 Mme metse yotlhe ya bone, kwa ba nnang teng le mathibelelo otlhe a ditente tsa bone ba di fisa ka molelo.

11 Ba be ba tsaya thukhutho yotlhe le thopo ya batho le ya diruiwa,

12 ba isa batshwarwi le thopo le thukhutho kwa go Moše le moperesiti Eleasare le kwa phuthegong yotlhe ya Baiseraele kwa bothibelelong mo mabaleng a Moabe a a gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo.

Mephato ya Baiseraele e a boa

13 Mme Moše le moperesiti Eleasare le bagolo botlhe ba phuthego ba tswa go ya go ba kgatlhantsha kwa ntle ga bothibelelo.

14 Ke fa Moše a galefela ditlhogo tsa mephato, e bong balaodi ba kete le balaodi ba makgolo ba ba tswang go boa kwa ntweng.

15 Moše a ba botsa a re: “Lo ne lo lesetsang basadi go phela?

16 Kana ke bone ba ba neng ba raela Baiseraele, ba gakolotswe ke Bileame go tlhanogelaMorenaka boikanyologo ka ntlha ya ga Baale-Pheore, mo petso e bileng ya wela phuthego yaMorena.

17 Jaanong he, bolayang ba batonanyana botlhe mo baneng; le gona lo bolae basadi botlhe ba ba itseng monna ka go mo alela dikobo.

18 Mme bana botlhe ba basetsana, ba monna a iseng a robale le bone, lo ba lese ba phele, e nne ba lona.

19 Lona ka losi thibelelang kwa ntle ga bothibelelo malatsi a supa; lotlhe ba lo bolaileng motho, lotlhe ba lo amileng ba ba bolailweng, tlhapang maleo ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, lona le ba lo ba tshwereng.

20 Le gona lo itshekise diaparo tsotlhe le dilo tsotlhe tsa matlalo le tsotlhe tse di dirilweng ka boboa jwa dipodi le dilwana tsotlhe tsa logong.”

21 Mme moperesiti Eleasare a raya banna ba mephato ba ba neng ba ile kwa ntweng a re: “Tshwanelo ya molao oMorenaa o laetseng Moše ke e:

22 Gouta le selefera le kgotlho le tshipi le thini le llota,

23 e bong dilo tsotlhe tse di sa senngweng ke molelo, lo di ralatseng molelo; foo di tla itsheka; fela a di itshekisiwe ka metsi a a tlhatswang itshekologo. Mme tsotlhe tse di ka senngwang ke molelo lo di ralatseng metsi.

24 Lo be lo tlhatswe diaparo tsa lona ka letsatsi la bosupa, foo lo tla itsheka. Morago ga moo lo ka tsena mo bothibelelong.”

Thopo e a kgaoganngwa

25 Morenaa ba a raya Moše a re:

26 “Tsaya palo e e tletseng ya batho ba ba tshwerweng le ya diruiwa tse di thopilweng, wena le moperesiti Eleasare le ditlhogo tsa dikgotla tsa phuthego.

27 O be o kgaoganye thopo: Bontlhanngwe o bo nee batlhabani ba ba tswang kwa ntweng, bontlhanngwe o bo nee phuthego yotlhe.

28 O be o ntshise batlhabani ba ba tswang kwa ntweng lekgetho laMorenala bongwe mo makgolong a matlhano la batho le la dikgomo le la diesele le la difutshane.

29 O le tsee mo bontlhanngweng jwa bone, o le neele moperesiti Eleasare, e le lekgetho laMorena.

30 Mme mo bontlhanngweng jwa Baiseraele o tsee bongwe, bo ntshiwe mo masomeng a matlhano mangwe le mangwe a batho le a dikgomo le a diesele le a difutshane le a diruiwa tsotlhe, o bo neele Balefi ba ba tlhokomelang tirelo ya Tempelana yaMorena.”

31 Moše le moperesiti Eleasare ba dira jaakaMorenaa laetse.

32 Jaanong thopo e banna ba mephato ba e thopileng e ne e le difutshane di le 675 000

33 le dikgomo di le 72 000

34 le diesele di le 61 000

35 le batho ba basetsana ba ba iseng ba robale le monna ba le 32 000.

36 Jaanong palo ya bontlhanngwe ya kabelo ya ba ba tswang kwa ntweng e ne e le difutshane di le 337 500

37 – lekgetho laMorenala teng e le difutshane di le 675 –

38 le dikgomo di le 36 000 – lekgetho laMorenala teng e le di le 72 –

39 le diesele di le 30 500 – lekgetho la teng laMorenae le di le 61 –

40 le batho ba le 16 000 – lekgetho la teng laMorenae le batho ba le 32.

41 Mme Moše a neela moperesiti Eleasare lekgetho leo la seabe saMorenajaakaMorenaa mo laetse.

42 Fa e le bontlhanngwe jwa Baiseraele jo Moše a bo kgaogantseng le jwa banna ba ba tswang ntweng,

43 bontlhanngwe jwa phuthego e ne e le difutshane di le 337 500

44 le dikgomo di le 36 000

45 le diesele di le 30 500

46 le batho ba le 16 000.

47 Mo bontlhanngweng jwa Baiseraele Moše a tsaya tse di ntshiwang, e bong bongwe mo masomeng a matlhano a batho le a diruiwa, a bo neela Balefi ba ba tlhokomelang tirelo ya Tempelana yaMorenajaakaMorenaa mo laetse.

48 Ke fa baeteledipele ba dikete tsa mephato, e bong balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo ba atamela kwa go Moše,

49 ba raya Moše ba re: “Batlhanka ba gago ba batlile palo e e tletseng ya batlhabani ba ba mo taolong ya rona, mme ga go a tlhokafala ope wa bone.

50 Ka moo re tlisitse neo ya tshupelo yaMorena, se mongwe le mongwe a se bonyeng sa dilwana tsa gouta, e bong ditilwane le maseka le dipalamonwana tsa go kana le manyena a ditsebe le dibaga tsa molala gore re tle re direlwe thuanyo fa pele gaMorena.”

51 Mme Moše le Eleasare ba amogela gouta mo go bone, e le dilwana tse di dirilweng ka botswerere tsa mefutafuta.

52 Jaanong gouta yotlhe eo ya seabe se ba se abelangMorenae ne e le ya dišekele di le 16 750e tswa mo balaoding ba dikete le mo go ba makgolo.

53 Banna ba mephato bone ba ne ba ithopetse, mongwe le mongwe tsa gagwe.

54 Moše le moperesiti Eleasare ba amogela gouta eo mo balaoding ba dikete le ba makgolo, ba e isa kwa Tenteng ya Boipontsho, e le e e thusang Baiseraele gore ba gopolwe keMorena.