Metse ya Balefi
1 Morenaa ba a bua le Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo a re:
2 “Laela Baiseraele gore ba nee Balefi metse e ba ka nnang mo go yona, e ntshiwe mo bosweng jwa dinaga tsa bone, le gona lo nee Balefi mafulo a metse eo mo tikologong ya yona.
3 A metse eo e nne ya bone go nna mo go yona; a mafulo a yona e nne a dikgomo tsa bone le a difutshane tsa bone le a diphedi tsotlhe tsa bone.
4 A mafulo a metse e lo tla e nayang Balefi a simologe fa loboteng lwa motse le go lo katoga mabogo a le 1 000 mo ntlheng tsotlhe.
5 Mme ka kwa ntle ga motse lo lekanye lotlhakore lwa botlhabatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bophirimatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bokone lwa mabogo a le 2 000, motse o le fa gare. Mafulo a bone a metse e nne a a kana.
6 Metse e lo tshwanetseng go e naya Balefi ke e: Ke metse e merataro ya botshabelo e lo e ntshang gore mmolai a tshabele teng; eo lo e okeletse metse e le 42 e mengwe.
7 Metse yotlhe e lo tla e nayang Balefi a e nne metse e le 48 e na le mafulo a yona.
8 Fa e le metse e lo tla e ntshang mo nageng ya Baiseraele go e naya Balefi: Mo ditsong tse dikgolo lo ntshe e mentsi, mme mo ditsong tse dipotlana lo ntshe e mebotlana. A lotso longwe le longwe lo ntshetse Balefi metse mengwe ya lone ka fa bosweng jwa lone jo lo tla bo ruang.”
Metse ya botshabelo
9 Morenaa ba a raya Moše a re:
10 “Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go tshela Joretane le go tsena mo lefatsheng la Kanana,
11 lo itlhaolele metse e batshabi ba ka fitlhang go yona. A e nne metse ya botshabelo mo go lona gore mmolai a tshabele teng, yo o bolaileng motho e se ka bomo.
12 Metse eo e tla nna ya botshabelo mo go lona go tshaba mmusolosi wa madi gore mmolai a se ka a bolawa a ise a eme fa pele ga phuthego go sekisiwa.
13 “ ‘Fa e le metse eo e lo tla e ntshang, e nne metse e le merataro ya botshabelo.
14 Metse e meraro lo e ntshe ka kwano ga Joretane; e meraro lo e ntshe kwa lefatsheng la Kanana; e nne metse ya botshabelo.
15 Metse e merataro eo e tla nna ya botshabelo jwa Baiseraele le jwa baeng le jwa ba ba jakang mo gare ga lona gore mongwe le mongwe yo o bolaileng motho e se ka bomo a tshabele teng.
16 “ ‘Mme fa a mo iteile ka selo sa tshipi, mo a bileng a swa, ene ke mmolai wa ka bomo; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.
17 Gongwe fa a tsere lentswe le le ka bolayang motho, a mo konopa ka lone, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.
18 Gongwe fa a tsere selo sa logong se se ka bolayang motho, a mo itaya ka sona, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.
19 Mmusolosi wa madi ke ene yo o tshwanetseng go bolaya mmolai; a e re a kgatlhana nae, a mmolae.
20 “ ‘Gongwe fa a mo kgarametsa ka letlhoo gongwe a mo konopa ka bolotsana, mo a bileng a swa;
21 gongwe a mo itaya ka kilo ka letsogo la gagwe, mo a bileng a swa, gona yo o mo iteileng o tshwanetse go bolawa; ke mmolai. A mmusolosi wa madi a bolae mmolai yoo, fa a kgatlhana nae.
22 “ ‘Mme fa a mo kgarameditse ka tshoganyetso, e se ka kilo, gongwe a konopile sengwe mo go ene e se ka maano,
23 gongwe a digela lentswe mo go ene le motho a ka swang ka lone, a sa mmone, mo a bileng a swa, fela ene e ne e se mmaba wa gagwe, mme a se ka a rata go mo direla bosula,
24 foo a phuthego e atlhole gare ga moitei le mmusolosi wa madi ka fa melaong eo.
25 A phuthego e pholose mmolai yo o ntseng jalo mo diatleng tsa mmusolosi wa madi; phuthego e be e mmusetse kwa motseng wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng, a nne mo go ona go ya losong lwa moperesiti yo mogolo yo o tloditsweng ka lookwane lo lo boitshepo.
26 Fela fa mmolai a ka tlola molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng,
27 mme mmusolosi wa madi a kgatlhana nae ka kwa ntle ga molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo, mme mmusolosi wa madi a bolaya mmolai yoo, gona ga a na molato wa polao.
28 Gonne o ne a tshwanetse a bo a ntse mo motseng wa ga gabo wa botshabelo go ya losong lwa moperesiti yo mogolo; mme morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo mmolai o ka boela kwa nageng ya boswa jwa gagwe.
29 A tseo e nne molao wa lona wa go atlhola ka metlha yotlhe gongwe le gongwe kwa lo nnang teng.
30 “ ‘Fa mongwe a bolaya motho, a mmolai wa ka bomo a bolawe ka fa tshupong ya basupi, mme mosupi a le mongwe fela ga a lekane gore motho a atlholelwe loso.
31 Lo se ka lwa amogela madi a kgololo a botshelo jwa mmolai yo o tshwanetsweng ke loso. Gonne o tshwanetse go bolawa.
32 Le gona lo se ka lwa amogela madi a kgololo a yo o tshabetseng kwa motseng wa gagwe wa botshabelo gore a tle a boele gae, go nna mo nageng ya gagwe, fa moperesiti yo mogolo a sa ntse a tshela.
33 Lo se ka lwa itshepolola lefatshe le lo leng mo go lone; gonne madi a a tshololwang a itshepolola lefatshe; mme lefatshe ga le na go direlwa thuanyo ya madi a a tsholotsweng mo go lone fa e se ka madi a yo o a tsholotseng.
34 Lo se ka lwa itshekolola lefatshe le lo agileng mo go lone, ka ke nna mo go lone; gonne nnaMorenake nna mo gare ga Baiseraele.’ ”