NUMERI 36

Ka ga nyalo ya bomorwadi ba ba ruang boswa

1 Ga atamela ditlhogo tsa dikgotla tsa losika lwa bomorwa Gileate morwa Magire, oora Manase, tsa ditshika tsa bomorwa Josefa, tsa bua fa pele ga Moše le fa pele ga bagolo, ditlhogo tsa dikgotla tsa Baiseraele,

2 tsa re: “Morenao laetse mong wa rona go naya Baiseraele lefatshe ka tengwa go nna boswa; le gona mong wa rona o laetswe keMorenagore boswa jwa naga jwa ga Selofehate morwa-rraarona, o bo nee bomorwadie.

3 Jaanong fa ba nyalwa ke banna ba ditso tse dingwe tsa Baiseraele, gona boswa jwa bone bo tla bo bo kgaolwa mo bosweng jwa borraarona, bo okelediwa boswa jwa lotso lo ba nyetsweng mo go lone, mme bo tlosiwa mo kabelong ya boswa jwa rona.

4 Jaanong e tla re fa go tla ngwaga wa tuduetso wa Baiseraele, boswa jwa bone bo kopanngwe le boswa jwa lotso lo ba nyetsweng mo go lone, mme boswa jwa bone bo kgaolwa mo bosweng jwa lotso lwa borraarona.”

5 Ke fa Moše a laela Baiseraele ka fa taelong yaMorenaa re: “Ba lotso lwa bomorwa Josefa ba bua nnete.

6 SeMorenao se laotseng ka ga bomorwadia Selofehate ke se: Ba ka nna ba nyalwa ke yo ba mo ratang, fela a e nne wa losika lwa lotso lwa ga rraabo

7 gore boswa jwa naga jwa Baiseraele bo se ka jwa tswa mo lotsong longwe, jwa ya go nna jwa lotso lo longwe; gonne mongwe le mongwe wa Baiseraele o tshwanetse go ngaparela boswa jwa lotso lwa borraagwe.

8 Morwadi mongwe le mongwe yo o ruang boswa mo go longwe lwa ditso tsa Iseraele a a nyalwe ke mongwe wa losika lwa lotso lwa ga rraagwe gore mongwe le mongwe wa Baiseraele a rue boswa jwa borraagwe,

9 mme boswa jwa naga bo se ka jwa tswa mo lotsong longwe, jwa ya go nna jwa lotso lo longwe; gonne lotso longwe le longwe lwa Baiseraele lo tshwanetse go boloka boswa jwa lone.”

10 Bomorwadia Selofehate ba dira jaakaMorenaa laetse ka Moše.

11 Magala le Thiresa le Hogola le Mileka le Noa bomorwadia Selofehate ba nyalwa ke bomorwa borrangwanaa-bone.

12 Ba nyalwa ke banna ba ditshika tsa bomorwa Manase morwa Josefa, mme boswa jwa bone jwa sala mo lotsong lwa losika lwa ga rraabo.

13 Ke tsona ditaelo le ditshiamelo tseMorenao di laetseng Baiseraele ka Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo.