NUMERI 4

Tiro ya Balefi

1 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:

2 “Tsaya palo yotlhe ya boora Kahathe mo gare ga Balefi ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone

3 go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba ka tsenang mo tirong go e dira kwa Tenteng ya Boipontsho.

4 Tiro ya Bakahathe kwa Tenteng ya Boipontsho ke e: Ke go tlhokomela tse di boitshepotshepo.

5 “E ne e re bothibelelo bo kuologa, Arone le bomorwawe ba tsena, ba folosa lesire le le sirang, ba bipa Letlole la Tshupo ka lone.

6 Ba be ba bee kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle mo go lone, ba be ba ale lesela le lebududu gotlhe mo godimo, ba be ba somele disikari tsa lone.

7 “Ba be ba ale lesela le lebududu mo tafoleng ya dinkgwe tsa tshupo; mo godimo ga lone ba bee megotšwana le dijana le dinkgwana le dinwelo tsa tshupelo ya noo, mme dinkgwe tsa tshupo tsa ka gale di nne mo go yona.

8 Mo godimo ga tseo ba ale lesela la bohibidu jwa madi; lone ba le khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona.

9 “Ba be ba tsee lesela le lebududu, ba phuthele setlhomo sa go bonesa ka lone le dipone tsa sona le dipomo tsa sona le dipomelo tsa sona le dilwana tsotlhe tsa lookwane lwa sona tse ba se direlang ka tsona.

10 Ba be ba se phuthele ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle mmogo le dilwana tsotlhe tsa sone, ba be ba se bee mo setsholong.

11 “Le gona ba ale lesela le lebududu mo aletareng ya gouta, ba e khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona.

12 Ba be ba tsee didiri tsotlhe tsa tirelo tse ba direlang ka tsona mo Felong-ga-Boitshepo, ba di phuthele ka lesela le lebududu, ba di phuthele ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba di bee mo setsholong.

13 Ba be ba olole molora mo aletareng, ba ale lesela la bohibidu jwa bofifadu mo go yona.

14 Ba be ba bee didiri tsotlhe tsa yona mo go lone tse ba direlang ka tsona mo go yona, e bong diolola-molora le diroophata le digopa-molora le megopo e e kgatshetsang le didiri tsotlhe tsa aletare, ba di khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona.

15 Mme e ne e re Arone le bomorwawe ba sena go phuthela dilo tsa Felo-ga-Boitshepo le didiri tsotlhe tsa Felo-ga-Boitshepo, fa bothibelelo bo kuologa, boora Kahathe ba tsena morago ga moo go di rwala, mme ba se ka ba ama dilo tsa Felo-ga-Boitshepo, e se re gongwe ba swa. Dilo tseo tsa Tente ya Boipontsho di tshwanetse go rwalwa ke boora Kahathe fela.

16 “Mme Eleasare morwa moperesiti Arone o laetswe go tlhokomela lookwane lwa setlhomo sa dipone le maswalo a a nkgang monate le tshupelo ya dijo ya ka gale le lookwane lwa tlotso le go okamela Taberenakele yotlhe le tsotlhe tse di mo go yona, e bong Felo-ga-Boitshepo le dilo tsotlhe tsa teng.”

17 Morenaa ba a raya Moše le Arone a re:

18 “Tlhokomelang gore lotso lwa ditshika tsa boora Kahathe lo se ka lwa nyelediwa mo Balefing.

19 Lo ba direle jaana gore ba phele, mme ba se ka ba swa, fa ba atamela dilo tsa Felo fa go Boitshepotshepo: A Arone le bomorwawe ba tsene, ba kaele mongwe le mongwe wa bone tiro ya gagwe le morwalo wa gagwe.

20 Fela ba se ka ba tsena go bona dilo tsa Felo-ga-Boitshepo le fa e le ka ponyo ya leitlho fela, e se re gongwe ba swa.”

Tiro ya Balefi ba boora Geresone

21 Morenaa ba a raya Moše a re:

22 “O tsee le palo yotlhe ya boora Geresone ka fa dikgotleng tsa bone le ka fa ditshikeng tsa bone;

23 o ba bale go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong gore ba dire kwa Tenteng ya Boipontsho.

24 Tiro ya ditshika tsa Bageresone ya go dira le go rwala ke e:

25 A ba rwale masela a a lepeletseng a Taberenakele le Tente ya Boipontsho, e bong thulelo ya lesela le ya kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle e e mo godimo ga lone le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho

26 le masela a a lepeletseng a logora lwa lelapa le sebipo sa mojako wa kgoro ya lelapa le le mo tikologong ya Taberenakele le aletare le megala ya ona le didiri tsotlhe tse di dirisiwang teng; tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa teng ba di dire.

27 Tiro yotlhe ya Bageresone, tsotlhe tse ba di rwalang le tsotlhe tse ba di dirang a di dirwe ka fa taelong ya ga Arone le bomorwawe. Lo ba kaele merwalo yotlhe ya bone ka tlhokomelo.

28 Ke yona tiro ya ditshika tsa boora Geresone kwa Tenteng ya Boipontsho, mme tse ba di dirang di okamelwe ke Ithamare, morwa moperesiti Arone.

Tiro ya Balefi ba boora Merari

29 “Le boora Merari o ba bale ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone.

30 O ba bale go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho.

31 Tse ba tshwanetseng go di rwala ka tlhokomelo ka fa tirong yotlhe ya bone kwa Tenteng ya Boipontsho ke tse: Ke dipati tsa Taberenakele le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona

32 le maotwana a logora lwa lelapa tikologong le ditlhako tsa ona le dimapo tsa ona le megala ya ona le didiri tsotlhe tsa ona le tiro yotlhe ya teng. Lo ba kaele dilo tse ba tshwanetseng go di rwala ka maina.

33 Ke yona tiro ya ditshika tsa boora Merari, ke gona gotlhe mo ba tshwanetseng go go dira kwa Tenteng ya Boipontsho, ba okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone.”

34 Mme Moše le Arone le bagogi ba phuthego ba bala boora Kahathe ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone

35 go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho.

36 Ba ba badilweng ba bone ka fa ditshikeng tsa bone ba ne ba le 2 750.

37 Ke bone ba ba badilweng ba ditshika tsa Bakahathe, e bong botlhe ba ba dirang kwa Tenteng ya Boipontsho ba ba badilweng ke Moše le Arone ka fa Moše a laetsweng keMorenaka teng.

38 Le Bageresone ba balwa ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone

39 go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena mo tirong go dira kwa Tenteng ya Boipontsho.

40 Ba ba badilweng ba bone ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone ba ne ba le 2 630.

41 Ke bona ba ba badilweng ba ditshika tsa Bageresone, e bong botlhe ba ba dirang kwa Tenteng ya Boipontsho ba Moše le Arone ba ba badileng ka fa taelong yaMorena.

42 Le ba ditshika tsa Bamerari ba balwa ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone

43 go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena mo tirelong, e bong mo tirong kwa Tenteng ya Boipontsho.

44 Ba ba badilweng ba bone ka fa ditshikeng tsa bone ba ne ba le 3 200.

45 Ke bone ba ba badilweng ba ditshika tsa Bamerari ba Moše le Arone ba ba badileng ka faMorenaa laetseng Moše ka teng.

46 Balefi botlhe ba ba badilweng, ba Moše le Arone le dikgosana tsa Baiseraele ba ba badileng ka fa ditshikeng tsa bone le ka fa dikgotleng tsa bone

47 go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone go fitlha mo go ba ba dinyaga di le 50, e bong botlhe ba ba tshwanetseng go tsena go dira ditiro tsa tirelo le tsa go rwala kwa Tenteng ya Boipontsho;

48 ba ba badilweng ba bone ba ne ba le 8 580.

49 Mongwe le mongwe a kaelwa tiro ya gagwe le morwalo wa gagwe ka faMorenaa laetseng Moše ka teng; ba balwa jaakaMorenaa laetse Moše.