Dikgosana di ntsha dineo
1 E rile ka letsatsi fa Moše a sena go tlhoma Taberenakele le go e tlotsa le go e itshepisa le didiri tsotlhe tsa yona le go fetsa aletare le didiri tsotlhe tsa yona le go di tlotsa le go di itshepisa,
2 dikgosana tsa Iseraele, e bong ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, tsa tlisa dineo – kana ke bone bagogi ba ditso ba ba okametseng ba ba badilweng –
3 ba tlisa neo ya tshupelo ya bone fa pele gaMorena, e bong dikoloi di le thataro tsa mankhurumetswane le dikgomo di le 12. Bagogi ba le babedi ba ntshitse koloi e le nngwe, mogogi mongwe le mongwe a ntshitse kgomo. Ba di tsisa fa pele ga Taberenakele.
4 JaanongMorenaa raya Moše a re:
5 “Di amogele mo go bone gore e nne tsa go dira tiro ya Tente ya Boipontsho, o di neele Balefi, mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe.”
6 Ke fa Moše a tsaya dikoloi le dikgomo, a di neela Balefi.
7 Dikoloi di le pedi le dikgomo di le nne a di neela boora Geresone ka fa tirong ya bone.
8 Dikoloi di le nne le dikgomo tse di le robedi a di neela boora Merari ka fa tirong ya bone, ba okametswe ke Ithamare morwa moperesiti Arone.
9 Mme boora Kahathe a se ka a ba neela sepe. Gonne ba ne ba na le go tlhokomela tsa tirelo e e boitshepo, ba na le go di sikara ka magetla.
10 Jaanong bagogi ba tlisa dineo tsa kgakolo ya aletare ka letsatsi le e tloditsweng ka lone. Ba tlisa dineo tsa tshupelo tsa bone fa pele ga aletare.
11 MmeMorenaa raya Moše a re: “A mogogi mongwe le mongwe a tlise neo ya tshupelo ya gagwe ya kgakolo ya aletare ka letsatsi la gagwe.”
12 Jaanong yo o neng a tsisa neo ya tshupelo ya gagwe ka letsatsi la ntlha e ne e le Nasone morwa Aminatabe wa lotso lwa ga Juta.
13 Neo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
14 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
15 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
16 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
17 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Nasone morwa Aminatabe.
18 Ka letsatsi la bobedi go ne ga tsisa Nethanele morwa Suare, kgosana ya lotso lwa ga Isašare.
19 A tsisa neo ya tshupelo ya gagwe, e bong mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
20 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
21 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
22 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
23 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Nethanele morwa Suare.
24 Ka letsatsi la boraro e ne e le kgosana ya boora Sebulone, e bong Eliabe morwa Helone.
25 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
26 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
27 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
28 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
29 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Eliabe morwa Helone.
30 Ka letsatsi la bone e ne e le kgosana ya boora Rubene, e bong Elisure morwa Seteure.
31 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
32 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
33 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
34 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
35 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Elisure morwa Seteure.
36 Ka letsatsi la botlhano e ne e le kgosana ya boora Simeone, e bong Sedumiele morwa Surišatai.
37 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
38 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
39 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
40 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
41 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Sedumiele morwa Surišatai.
42 Ka letsatsi la borataro e ne e le kgosana ya boora Gate, e bong Eliasafe morwa Rehuele.
43 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
44 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
45 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
46 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
47 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Eliasafe morwa Rehuele.
48 Ka letsatsi la bosupa e ne e le kgosana ya boora Eferaime, e bong Elisama morwa Amihute.
49 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
50 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
51 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
52 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
53 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Elisama morwa Amihute.
54 Ka letsatsi la robedi e ne e le kgosana ya boora Manase, e bong Gamaliele morwa Phetasure.
55 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
56 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
57 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
58 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
59 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Gamaliele morwa Phetasure.
60 Ka letsatsi la robongwe e ne e le kgosana ya boora Benyamene, e bong Abitane morwa Giteoni.
61 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
62 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
63 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
64 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
65 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Abitane morwa Giteoni.
66 Ka letsatsi la some e ne e le kgosana ya boora Dane, e bong Ahiesere morwa Amisatai.
67 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
68 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
69 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
70 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
71 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Ahiesere morwa Amisatai.
72 Ka letsatsi la 11 e ne e le kgosana ya boora Asere, e bong Phagiele morwa Ogorane.
73 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
74 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
75 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
76 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
77 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Phagiele morwa Ogorane.
78 Ka letsatsi la 12 e ne e le kgosana ya boora Nafetale, e bong Ahira morwa Enane.
79 Neo ya tshupelo ya gagwe e ne e le mogopo wa selefera o le mongwe wa bokete jwa dišekele di le 130 le mogotšwana o o kgatshetsang o le mongwe wa selefera wa dišekele di le 70, e le dišekele tsa Felo-ga-Boitshepo; ka bobedi jwa yona e ne e tletse bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane jwa tshupelo ya dijo;
80 le leiswana le le lengwe la dišekele tsa gouta di le some le tletse maswalo;
81 le poana e le nngwe le phelehu e le nngwe le kwana e le nngwe e tonanyana ya ngwaga o le mongwe tsa setlhabelo sa phiso;
82 le phoko e le nngwe ya setlhabelo sa boleo;
83 le setlhabelo sa tebogo sa dikgomo di le pedi le diphelehu di le tlhano le diphoko di le tlhano le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le tlhano. Ke yona neo ya tshupelo ya ga Ahira morwa Enane.
84 Ke tsona dineo tsa kgakolo ya aletare ka letsatsi le e tloditsweng ka lone, tse di ntshitsweng ke dikgosana tsa Baiseraele, e bong megopo ya selefera e le 12 le megotšwana e e kgatshetsang ya selefera e le 12 le maiswana a gouta a le 12.
85 Mogopo mongwe le mongwe e ne e le wa dišekele di le 130 tsa selefera le mogotšwana o o kgatshetsang mongwe le mongwe e le wa dišekele di le 70 tsa selefera. Selefera yotlhe ya dilwana tseo e ne e le dišekele di le 2 400 tsa Felo-ga-Boitshepo.
86 Maiswana a gouta a le 12 a a tletseng maswalo, leiswana lengwe le lengwe e ne e le la dišekele di le some tsa Felo-ga-Boitshepo. Gouta yotlhe ya maiswana e ne e le dišekele di le 120.
87 Diruiwa tsotlhe tsa setlhabelo sa phiso e ne e le dipoana di le 12 le diphelehu di le 12 le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le 12, mmogo le ditshupelo tsa dijo tsa teng le diphoko di le 12 tsa setlhabelo sa boleo.
88 Diruiwa tsotlhe tsa setlhabelo sa tebogo e ne e le dipoana di le 24 le diphelehu di le 60 le diphoko di le 60 le dikwana tse ditonanyana tsa ngwaga o le mongwe di le 60. Ke tsona tse e ne ya nna dineo tsa kgakolo ya aletare, fa e sena go tlodiwa.
89 Mme e ne ya re fa Moše a tsena mo Tenteng ya Boipontsho go bua leMorena, a utlwe lentswe laMorenale bua nae, le tswa kwa sekhurumelong sa thuanyo se se khurumelang Letlole la Tshupo fa gare ga boKerubime ba babedi;Morenaa bue jalo nae.