NUMERI 8

Tlhokomelo ya dipone

1 Morenaa ba a bua le Moše a re:

2 “Bua le Arone o mo ree o re: ‘Fa o tlhoma dipone, a dipone tse supa di bonegele felo fa go fa pele ga setlhomo.’ ”

3 Arone a dira jalo, a tlhoma dipone di lebile felo fa go fa pele ga setlhomo jaakaMorenaa laetse Moše.

4 Setlhomo se ne se dirilwe jaana: E ne e le sa gouta e e batotsweng; le matshwaro a sona le dithunya tsa sone e ne e le tsa gouta e e batotsweng. Moše o ne a dirile setlhomo ka fa setshwantshong seMorenaa se mmontshitseng.

Itshekiso ya Balefi

5 Morenaa ba a raya Moše a re:

6 “Tsaya Balefi mo Baiseraeleng, o ba itshekise.

7 O ba direle jaana go ba itshekisa: Ba kgatshe ka metsi a phepafatso, mme a ba ipeole mmele otlhe ka logare, ba tlhatswe diaparo tsa bone, ba iitshekise jalo.

8 Ba be ba tsee poana le tshupelo ya dijo ya teng ya bupe jo bo boleta jo bo dubilweng ka lookwane; o be o tsee poana ya bobedi ya setlhabelo sa boleo.

9 O be o atametse Balefi fa pele ga Tente ya Boipontsho, o phuthe phuthego yotlhe ya Baiseraele.

10 O be o atametse Balefi fa pele gaMorena, mme a Baiseraele ba bee diatla mo Balefing.

11 Jaanong Arone a kgadikanye Balefi gore ba nne tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorenae e tswang mo Baiseraeleng gore e nne ba ba dirang tsa tirelo yaMorena.

12 Jaanong Balefi ba bee diatla mo ditlhogong tsa dipoana, o be o direleMorenanngwe go nna setlhabelo sa boleo le ya bobedi go nna setlhabelo sa phiso go batlela Balefi boitshwarelo.

Itshekiso ya Balefi

13 “O be o emise Balefi fa pele ga Arone le fa pele ga bomorwawe, o ba kgadikanye go nna tshupelo ya kgadikanyo yaMorena.

14 O ntshe Balefi jalo mo Baiseraeleng gore Balefi e nne ba me.

15 Morago ga moo Balefi ba ka tsena go direla mo Tenteng ya Boipontsho. Jaanong he, ba itshekise jalo, o ba kgadikanye go nna tshupelo ya kgadikanyo.

16 Gonne ke ba filwe gotlhe ba tswa mo Baiseraeleng, ke ba itseetse boemong jwa botlhe ba bommaabo ba itibolang ka bone, e bong bana ba ntlha botlhe ba Baiseraele.

17 Gonne maitibolo otlhe mo Baiseraeleng ke a me a batho le a diruiwa; ke ne ka a iitshepisetsa ka letsatsi le ke bolaileng maitibolo otlhe a lefatshe la Egepeto ka lone.

18 Ka amogela Balefi mo boemong jwa batsalwapele botlhe mo Baiseraeleng.

19 Jaanong Balefi ka ba neela Arone le bomorwawe go nna ba bone ba tswa mo Baiseraeleng gore ba dire tsa tirelo-Modimo ya Baiseraele kwa Tenteng ya Boipontsho le go batlela Baiseraele boitshwarelo gore go se nne petso mo Baiseraeleng, fa ba atamela Felo-ga-Boitshepo.”

20 Ke fa Moše le Arone le phuthego yotlhe ya Baiseraele ba dira ka Balefi fela jaakaMorenaa laetse Moše ka ga Balefi; Baiseraele ba dira jalo ka bone.

21 Mme Balefi ba iitshekisa boleo, ba tlhatswa diaparo tsa bone, mme Arone a ba kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele gaMorena; a ba a ba ruanya go ba itshekisa.

22 Morago ga moo Balefi ba tsena go dira tsa tirelo ya bone kwa Tenteng ya Boipontsho, ba okametswe ke Arone le bomorwawe. Ba direla Balefi jaakaMorenaa laetse Moše ka ga bone.

23 Morenaa ba a raya Moše a re:

24 “Ke ona molao o o tshwanetseng Balefi: Go simolola ka yo o dinyaga di le 25 le yo o fetileng foo o tshwanetse go tsena tirong kwa tirelong ya Tente ya Boipontsho.

25 Mme a e re a le dinyaga di le 50, a ikhutsisiwe mo tirelong ya Tempelana, a se tlhole a dira.

26 A ka nna a thusa ba ga gabo kwa Tenteng ya Boipontsho ka go tlhokomela ditshwanelo, fela tiro a se ka a e dira. O dire jalo ka Balefi mabapi le ditshwanelo tsa bone.”