Go dirwa Moletlo wa Paseka wa bobedi
1 Morenaa bua le Moše kwa sekakeng sa Sinai ka ngwaga wa bobedi ba sena go huduga kwa lefatsheng la Egepeto ka kgwedi ya ntlha a re:
2 “A Baiseraele ba dire Moletlo wa Tlolaganyo ka nako ya ona.
3 Lo o dire ka kgwedi eno ka letsatsi la 14 maitsiboa, lo o dire ka nako ya ona ka fa melaong yotlhe ya ona le ka fa dithulaganyong tsotlhe tsa one.”
4 Moše a ba a bolelela Baiseraele gore ba dire Tlolaganyo.
5 Mme ba dira Tlolaganyo ka kgwedi ya ntlha e le 14 maitsiboa kwa sekakeng sa Sinai fela jaakaMorenaa laetse Moše; Baiseraele ba dira jalo.
6 Jaanong go ne go le banna ba ba itshekologileng ka setoto sa motho, mo ba neng ba palelwa ke go dira Tlolaganyo ka letsatsi leo, mme ba tla kwa go Moše le Arone ka letsatsi leo,
7 ba ba raya ba re: “Rona re itshekologile ka setoto sa motho. Jaanong re thibelelwang go ka tlisa neo ya tshupelo yaMorenaka nako ya yona mmogo le Baiseraele?”
8 Moše a ba araba a re: “Iketleng, ke tle ke utlwe seMorenao tla se lo laelang.”
9 MmeMorenaa raya Moše a re:
10 “Bua le Baiseraele o re: ‘Mongwe le mongwe wa lona gongwe wa ditshika tsa lona, fa a itshekologile ka moswi gongwe a etetse kgakala, o ka direlaMorenaTlolaganyo.
11 A ba e dire ka kgwedi ya bobedi e le 14 maitsiboa; ba e je le dinkgwe tse di sa bedisiwang le merogo e e galakang.
12 Ba se ka ba sadisa sepe sa yona go ya mosong; kwana ya yona ba se ka ba e roba lesapo lepe; ba e dire ka fa molaong otlhe wa Tlolaganyo.
13 Mme fa mongwe a itshekile, a se mo leetong, mme a tlhokomologa go dira Tlolaganyo, motho yoo o tshwanetse go nyelediwa mo morafeng wa ga gabo, ka a se ka a tlisa neo ya tshupelo yaMorenaka nako ya yona; o tshwanetse go rwala boleo jwa gagwe.
14 “ ‘Fa motho a lo falaletse, mme a rata go direlaMorenaTlolaganyo, gona a a e dire ka fa molaong wa Tlolaganyo le ka fa thulaganyong ya yona. Lo tla nna le molao o le mongwe fela o o rayang moeng le yo o tsaletsweng mo lefatsheng.’ ”
Pinagare ya leru e e okame Tempelana
15 Ka letsatsi le Tempelana e neng ya tlhongwa ka lone leru la khurumetsa Tempelana ya Tente ya Tshupo, mme maitsiboa la bonala jaaka molelo mo godimo ga Tempelana go ya mosong.
16 Ga nna jalo ka gale: Tempelana e ne e bipiwa ke leru motshegare, mme e nne se se bonalang jaaka molelo bosigo.
17 E ne ya re leru le tlhatloga mo Tenteng ya Boipontsho, morago ga moo Baiseraele ba bolole, mme kwa le nnang teng Baiseraele ba thibelele gona.
18 Baiseraele ba ne ba huduga ka fa taelong yaMorena, e bile ba thibelela ka fa taelong yaMorena; ba thibelela ka malatsi aotlhe, fa leru le ntse le le mo godimo ga Tempelana.
19 E ne ya re fa leru le nna sebaka se seleele mo godimo ga Tempelana, Baiseraele ba tlhokomele tsamaiso eo yaMorena, ba se ke ba huduge.
20 Nako nngwe leru le ne le nna malatsi a se kae fela mo godimo ga Tempelana; mme ba thibelele fela ka fa taelong yaMorena, ba be ba huduge ka fa taelong yaMorena.
21 Motlha mongwe leru le ne le nna fela go tswa maitsiboeng go ya mosong; jaanong fa le tlhatloga mo mosong, ba huduge; gongwe le nna bosigo le motshegare, mme fa leru le tlhatloga, ba huduge.
22 Gongwe le nna malatsi a le mabedi gongwe kgwedi gongwe sebaka: E ne ya re fa leru le nna sebaka mo godimo ga Tempelana, Baiseraele ba thibelele, ba se ke ba huduge; mme fa le tlhatloga, ba huduge.
23 Ba ne ba thibelela ka fa taelong yaMorena, e bile ba huduga ka fa taelong yaMorena; ba tlhokomele tsamaiso yaMorenajaakaMorenaa laetse Moše.