JESAYA 12

Sefela sa tebogo sa phuthego e ntšhwa

1 Ka letsatsi leo o tla bua o re:

“Morena, ke a go leboga!

Gonne o ne o le bogale

mo go nna,

mme bogale jwa gago bo boile,

o bile wa nkgomotsa.

2 Bonang,

Modimo ke pholoso ya me.

Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe.

Gonne ModimoMorena

ke thata ya me le sefela sa me,

o bile o diregile pholoso ya me.”

3 Lo tla gelela metsi ka boitumelo

mo metsweding ya pholoso.

4 Ka letsatsi leo lo tla bua lo re:

“LebogangMorena,

bitsang leina la gagwe,

itsiseng ditiro tsa gagwe

mo merafeng,

utlwatsang gore leina la gagwe

ke le legolo.

5 OpelelangMorena,

gonne o dirile dilo tsa bonatla;

a go itsiwe jalo

mo lefatsheng lotlhe!

6 Ipeleng lo duduetse,

lona baagi ba Sione!

Gonne Moitshepi wa Iseraele

o mogolo mo gare ga lona.”