Puso ya ga Keresete ya kagiso
1 Letlhogela le tla tlhoga mo kutung ya ga Isai; letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa.
2 Mowa waMorena
o tla nna mo go ene,
e bong Mowa wa botlhale
le tlhaloganyo,
Mowa wa kgakololo le thata,
Mowa wa go itse
le go boifaMorena.
3 O tla natefelwa
ke go boifaMorena.
Ga a nke a atlhola ka fa matlho
a gagwe a bonang ka teng,
le e seng go siamisa ka fa ditsebe
tsa gagwe di utlwang ka gona.
4 Mme o tla atlholela
ba ba kwa tlase ka tshiamo,
a sekela ba ba pelonolo
mo lefatsheng ka nnete;
o tla itaya Morena yo o setlhogo
ka thupa ya molomo wa gagwe,
a bolaya moikepi ka mowa
wa molomo wa gagwe.
5 Tshiamo e tla nna moitlamo
wa letheka la gagwe;
boammaaruri e tla nna moitlamo
wa dirope tsa gagwe.
6 Phiri e tla etela kwanyana,
nkwe e botha le potsane;
namane le tawana
le pholwana e e nonneng,
mosimanyana o tla di disa
mmogo.
7 Kgomo le Bere di tla tsalana,
bana ba tsona ba botha mmogo;
tau e tla fula bojang jaaka
kgomo.
8 Lesea le tla tshameka
fa mosimeng wa lebolobolo;
yo o kgwisitsweng
o tla tsenya seatla sa gagwe
mo mosimeng wa mokwepa.
9 Ga di nke di utlwisa botlhoko,
le e seng go senya mo thabeng
yotlhe ya me e e boitshepo.
Gonne lefatshe le tla bo le tletse
go itseMorena,
jaaka metsi a khurumetsa
lewatle.
Baiseraele ba tla boa botshwarong
10 Mo metlheng eo baheitane ba tla batla letlhogela la modi wa ga Isai le e leng sefoka sa merafe. Boago jwa gagwe bo tla galalela.
11 Mo metlheng eo Morena o tla otlolola letsogo gape go rekolola masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria le kwa Egepeto le kwa Phatherose le kwa Ethiopia le kwa Elame le kwa Sineare le kwa Hamathe le kwa ditlhakatlhakeng tsa lewatle.
12 O tla emisetsa ditšhaba sefoka, a phutha bomorwa Iseraele ba ba lelekilweng, a kgobokanya bomorwadia Juta ba ba faladitsweng, ba tswa ntlheng tse nne tsa lefatshe.
13 Eferaime ga a tlhole a fufegelwa, ba ba pitlaganyang Juta ba tla nyelediwa. Eferaime ga a nke a fufegela Juta, Juta ga a nke a pitlaganya Eferaime.
14 Ba tla fefogela kwa ntlheng ya bophirimatsatsi mo magetleng a Bafelesita; ba tla thukhutha bana ba botlhabatsatsi mmogo. Etomo le Moabe e tla nna thopo ya diatla tsa bone. Baamone ba tla laolwa ke bone.
15 Morenao tla hutsa loleme lwa lewatle la Egepeto ka phefo e e bolelo ya gagwe; a kgadikanya letsogo godimo ga noka ya Ferathe, a e itaya gore e tswe dinokana tse supa, tse motho a ka di tshelang a rwele ditlhako.
16 Masalela a morafe wa gagwe a a setseng kwa Asiria a tla bo a na le tsela e kgolo, jaaka Baiseraele ba ne ba na nayo mo metlheng e ba hudugileng kwa lefatsheng la Egepeto ka yona.