JESAYA 9

Botsalo jwa ga Keresete le maina a gagwe le puso ya gagwe

1 Mme lefifi ga le nke le nnela ruri, fa tlalelo e leng teng jaanong. Mo metlheng ya pele o dirile lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale le le nyatsegang, mme mo metlheng e e tlang o tla tlotla tsela e e yang kwa lewatleng le boseja jwa Joretane le Galelea wa ditšhaba.

2 Batho ba ba sepelang mo fifing

ba bonye lesedi le legolo;

ba ba agileng

mo lefatsheng la moriti wa loso,

lesedi le ba phatsimetse.

3 Ò ntsifaditse meduduetso,

ò godisitse boitumelo;

ba thabile fa pele ga gago

jaaka go itumelelwa thobo;

ba duduetsa

jaaka fa go abelanwa thopo.

4 Gonne ò robile joko

e e neng e ba imela,

le thupa e e neng e otla

magetla a bone

le thobane ya mopatiki wa bone

jaaka mo letsatsing la Midiane.

5 Gonne ditlhako tsotlhe tsa

batlhabani tse ba tsamayang

ka tsona di tlhodia,

le dikobo tse di bidikantsweng

mo mading di tla fisiwa,

di jewa ke molelo.

6 Gonne ngwana re mo tsaletswe,

morwa re mo neilwe,

mme puso e tla nna

mo legetleng la gagwe,

mme o tla bidiwa

“Mogakolodi yo o gakgamatsang,

Modimo o o thata,

Rara yo o sa khutleng,

Kgosi ya kagiso;”

7 gore a godise puso,

mme kagiso e se ka ya fela

mo sedulong sa bogosi

sa ga Dafita

le mo bogosing jwa gagwe,

gore a bo tlhomamise

le go bo tshegetsa ka tshiamo

le ka tshiamiso go tloga jaanong

go ya bosakhutleng.

Tlhoafalo yaMorenawa

masomosomo e tla dirafatsa jalo.

Letsogo le le otlologileng la Morena

8 Morena o rometse lefoko kwa go Jakobe, la fitlha mo go Iseraele,

9 mme morafe otlhe o tla le itse, e bong Eferaime le baagi ba Samaria, ba ba buang ka pelafalo le ka boikgodiso jwa pelo ba re:

10 “Diekana tse di besitsweng di wele, mme re tla ba re aga ka majwe a a betlilweng; megokare e remilwe, mme re tla tlhoma mesetere mo boemong jwa yona.”

11 MmeMorenao tla nonotsha mephato ya ga Resine gore e ba fenye; o tla tlhotlheletsa baba ba bone.

12 Basiria ba tla tswa kwa botlhabatsatsi, Bafelesita ba tswa kwa bophirimatsatsi, ba ja Iseraele ka magano a a atlhameng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.

13 Mme morafe ga o sokologele kwa go yo o ba betsang;Morenawa masomosomo ga ba mmatle.

14 MmeMorenao tla nyeletsa tlhogo le mogatla, kala ya mokolane le motlhatlha mo Iseraeleng ka letsatsi le le lengwe.

15 Banna ba bagolo le batlotlegi ke bone tlhogo; baporofeti le baruti ba maaka ke bone mogatla.

16 Bagogi ba morafe o, ba fetogile batimetsi; bagogwi ba ona ke ba ba latlhegang.

17 Ke gona ka moo Morena a sa itumeleleng makau a bone, a sa utlwele masiela le batlholagadi ba bone botlhoko; gonne botlhe ke baikepi le basenyi fela. Melomo yotlhe e bua bosilo fela. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.

18 Gonne boikepo bo tuka jaaka molelo o o jang mesu le ditshetlho; bo tshuba dikhu, di be di tlhatloga e le dipinagare tsa musi.

19 Bogale jwaMorenawa masomosomo bo tshubile molelo, morafe e kete o jewa ke molelo; ga go ope yo o rekegelang mongwe-ka-ene.

20 Ba tla natha ntlheng ya le le jang, mme ba ntse ba bolawa ke tlala; ba ja ntlheng ya la molema, mme ba sa kgore. Mongwe le mongwe o tla ja nama ya letsogo la gagwe.

21 Manase o tla ja Eferaime, Eferaime a ja Manase, mme ba babedi bao ba ja Juta mmogo. – Le fa go ntse jalo bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.