BAHEBERE 8

Kgolagano e kgologolo ke sekao, mme e a fela. Keresete ke moruanyi wa kgolagano e e molemo bogolo e e sa khutleng

1 Mme se segolo sa tse di buiwang fano ke se: Re na le moperesiti yo mogolo yo o ntseng jalo, yo o neng a ya go nna ka fa ntlheng ya le le jang ya sedulo sa bogosi sa Borena kwa magodimong;

2 e le modiredi wa Felo-ga-Boitshepo, wa Taberenakele ya nnete, e Morena o e tlhomileng, e seng motho.

3 Gonne moperesiti yo mogolo mongwe le mongwe o tlhongwa gore a supele dineo le ditlhabelo; ka moo go ne go batlega gore le ene Jesu a nne le sengwe se a ka se ntshetsang Modimo.

4 Mme jaanong fa a ka bo a le mo lefatsheng, a ka bo a se moperesiti, ka gonne ba ba supelang dineo ka fa molaong ba teng,

5 ke ba ba direlang setshwantsho, e bong moriti wa tse di kwa legodimong, jaaka Moše a laetswe ke Modimo, fa a tla aga Taberenakele. Gonne o rile: “Ela tlhoko gore o dire dilo tsotlhe ka fa setshwantshong se o se bontshitsweng mo thabeng.”

6 Mme jaanong Jesu o amogetse tirelo e e gaisang ya pele fela jaaka a le moruanyi wa kgolagano e le yona e e phalang ya pele, e e tlhomamisitsweng mo motheong wa dipolelelopele tse di molemo bogolo.

7 Gonne fa kgolagano ele ya ntlha e ka bo e se na nyatsego epe, go ka bo go sa batlelwa ya bobedi bonno.

8 Gonne o a ba nyatsa o re:

“Bonang, malatsi a e tla,

go bua Morena,

a ke tla dirang kgolagano

e ntšhwa le Baiseraele

le Bajuta ka ona,

9 e seng kgolagano

e e tshwanang

le e nkileng ka e dira

le borraabo ka letsatsi

le ke ne ke ba tshwere

mabogong ka lone

go ba ntsha kwa

lefatsheng la Egepeto;

gonne ga ba a ka ba nna

mo kgolaganong ya me,

le nna ka ba tlhokomologa,

go bua Morena.

10 Kana kgolagano e ke tla e

dirang le Baiseraele fa morago

ga malatsi ano ke ya go re:

Ke tla tsenya melao ya me

mo maikutlong a bone,

ke e kwala mo dipelong

tsa bone;

ke tla nna Modimo wa bone,

mme bone ba tla nna morafe

wa me.

Morena a re jalo.

11 Go tla bo go sa tlhole

go le ope

yo o rutang mongwe-ka-ene

gongwe morwa-rraagwe a re:

‘Itse Morena!’

gonne ba tla nkitse botlhe,

ba bannye le ba bagolo

ba bone.

12 Gonne ke tla itshwarela

ditshiamololo tsa bone,

mme maleo a bone

le ditlolo tsa bone

ga nke ke tlhola ke di gopola

ka gope.”

13 Fa o bua o re: “Kgolagano e ntšhwa,” ke go re, ya pele o e dirile e kgologolo. Mme se se nnang segologolo, se se onalang, se gaufi le go nyelela.