SEFELA SA DIFELA 6

Basadi

1 Morati wa gago o ile kae,

wena yo montlentle basading?

Morati wa gago o ile ntlha efe

gore re mo go batlise?

Mosadi

2 Morati wa me o fologetse

kwa tshimong ya gagwe

kwa ditemanyaneng

tsa makga a a monate;

a ya go fula maungo kwa masimo

le go kgetla dithunya.

3 Nna ke wa morati wa me;

morati wa me ke wa me;

ene yo o leng modisa

mo gare ga dithunya.

Sefela sa botlhano Monna

4 Moratiwa wa me, wena o montle

jaaka motse wa Thiresa;

o ratega jaaka Jerusalema;

o boitshega jaaka mophato

wa batlhabani

ba ba tshotseng sefoka.

5 Thibosa matlho a gago

mo go nna,

gonne a a ntshosa.

Moriri wa gago o tshwana

le letsomane la dipodi

tse di fologang

mo dithabeng tsa Gileate.

6 Meno a gago a tshwana

le letsomane

la dinku tse dinamagadi

tse di tswang go tlhapisiwa;

tse nngwe le nngwe ya tsona

e nang le dikwana tsa mafatlha,

go se na moreba ope.

7 Marama a gago

mo teng ga lesire la gago

a tshwana le maungo a garanata

a a fatotsweng.

8 Go na le bahumagadi ba le 60

le bagadingwana ba le 80

le makgarebe a a se nang palo.

9 Fela yo e leng leeba la me

le moitekanedi wa me

ke a le mongwe fela.

Ke yo o esi wa ga mmaagwe,

ke yo o itshekileng

wa yo o mmelegeng.

E a re fa basetsana ba mmona

ba re, o tlhogonolo;

bahumagadi le bagadingwana

ba mmoke.

10 Ke mang yo o okomelang

jaaka mahube,

a le montle jaaka ngwedi,

a le phepa jaaka letsatsi,

a boitshega jaaka mophato

wa batlhabani

ba ba tshotseng sefoka?

11 Ke ne ka fologela kwa tshimong

ya dikgeru, ka ya go itumelela ditlhatshana

tse ditala tsa molapo;

ka ya go bona gore

a setlhare sa moweine se tlhogile,

a sa garanata se a thunya?

12 Ke ne ke sa lemoge gore

keletso ya me

e nkisa kwa dikoloing

tsa batho ba motlotlegi.

Basadi

13 Boa, boa, wena wa kwa Suleme;

boa, boa gore re go itumelele.

Mosadi

Lo itumelela eng mo

mosetsaneng wa kwa Suleme?

O tshwana le go bina

ga baengele kwa Mahanaime.