SEFELA SA DIFELA 5

Monna

1 Ke tsile mo tshimong ya me,

kgaitsadiaka, monyalwa.

Ke kgetla mera ya me

le makga a a monate a me.

Ke ja lomepe lwa me

le dinotshe tsa me;

ke nwa weine ya me

le mašwi a me.

Mosadi

Lona ba ga etsho, jaang, lo nwe;

ditsala tsa me, kgorang!

Sefela sa bone Mosadi

2 Ke ne ke robetse,

mme pelo ya me yona

ya tlhobaela.

Ka utlwa morati wa me

a konyakonya a re:

Monna

“Mpulele, kgaitsadiaka,

moratiwa wa me, leebana la me,

moitekanedi wa me.

Gonne tlhogo ya me

e tletse monyo,

moriri wa me

o tletse marothodi a bosigo.”

Mosadi

3 Ka re: “Ke apotse mosese wa me,

nka o apara jang gape?

Ke setse ke tlhapile dinao,

nka tla ka di kgotlela.”

4 Morati wa me a ba a tsenya

seatla sa gagwe

ka letshoba la lobati;

ke fa maikutlo a me

a mo huduegela.

5 Ka ba ka tsoga

gore ke bulele morati wa me.

Diatla tsa me tsa bo di rotha mera

le menwana ya me e rotha mera

e e rothegelang mo matshwarong

a lobati.

6 E rile a bua, ka tlhomoga pelo,

ka bulela morati wa me,

mme morati wa me

a bo a ngwegile a tsamaile.

Ka mmatla, ka se ka ka mmona;

ka mmitsa,

mme a se ka a nkaraba.

7 Ka bonwa ke badisa

ba ba tsamayang mo motseng;

ba ntitaya, ba nntsha dintho;

badisa ba dipota

ba nkamoga kobo ya me.

8 Lona bomorwadia Jerusalema,

ke a lo ikanisa ka re:

E re fa lo ka mmona,

ene morati wa me,

lo mo itsise lo re:

Ke lwala ka lorato.

Basadi

9 Morati wa gago

o gaisa morati yo mongwe

ka eng,

wena yo montle mo basading?

Morati wa gago

o phala morati yo mongwe

ka eng,

fa o re ikanisa jalo?

Mosadi

10 Morati wa me o mosweu,

o mohibidu;

o gaisa banna ba le dikete.

11 Tlhogo ya gagwe ke gouta

e e sa pekwang;

moriri o o itshophileng

wa gagwe

ke dikala tsa mokolane

tse di tshikinyegang;

o montsho jaaka lehukubu.

12 Matlho a gagwe a tshwana

le maeba a a fa dinokeng,

a tlhapa mo mašwing,

a tlhomilwe sentle.

13 Marama a gagwe a tshwana

le ditemanyana tsa makga

a a monate

tse di jwetsweng ditlhatshana

tse di nkgang monate;

molomo wa gagwe ke dithunya,

o rotha mera e e metsi.

14 Mabogo a gagwe ke dikotana

tsa gouta tse di potokwane

tse di gomilweng ka ditaemane.

Mmele wa gagwe o bopegile

ka dinaka tsa ditlou,

o kgabisitswe ka disafire

tse ditala.

15 Maoto a gagwe ke maotwana

a lentswe la legakwa

a a tlhomilweng mo ditlhomong

tsa gouta e e sa pekwang.

Sebopego sa gagwe

se tshwana le sa Lebanone

se tlotlometse jaaka mesetere.

16 Mafoko a gagwe a monatenate.

Ruri, o montlentle gotlhe.

Morati wa me

ke yo o ntseng jalo;

ke ene tsala ya me,

lona bomorwadia Jerusalema.