Sefela sa ntlha Mafoko a mosadi
1 Sefela sa Difela sa ga Salomo.
2 A a nkatle ka dikatlo
tsa molomo wa gagwe!
Ee, lorato lwa gago lo monate
bogolo go weine.
3 Monko wa ditlolo tsa gago
o monate.
Leina la gago le tshwana
le setlolo se itshetsweng.
Ke ka moo makgarebe
a go ratang.
4 Nkgoge, ke go sale morago,
a re siane!
A kgosi e nkise
mo matlwaneng a yona.
Re tla duduetsa, re go itumelela,
re boka lorato lwa gago
bogolo go weine.
Makgarebe a go rata
ka tshwanelo.
5 Lona bomorwadia Jerusalema,
ke morokwa,
mme ke montle
jaaka ditente tsa Ketare,
jaaka masire a ga Salomo.
6 Se ntebeng ka ke le morokwa!
Kana letsatsi le mphisitse.
Bokgaitsadiake
ba ne ba nkgakaletse,
ba nthoma
go leta masimo a moweine.
Mme tshimo ya me ya moweine
ga ke a e disa.
7 Wena yo pelo ya me e go ratang,
mpolelele gore o fudisa kae,
o bothisa kae motshegare?
Gonne ke ka ntlha ya eng
fa nka nna moiphitlhi
mo matlhapeng a balekane ba gago?
Mafoko a monna
8 Fa o sa itse,
wena yo montlentle
mo basading,
tswaya o latele metlhala ya dinku
o fudise dipotsane tsa gago
kwa mekgorong ya badisa.
9 Moratiwa wa me,
ke go tshwantshanya
le pitse nngwe ya tse di gogang
dikoloi tsa ga Farao.
10 Marama a gago a mantle
ka mokgabo wa dikeetane
le molala wa gago ka dibaga.
11 Re tla go direla
dikeetane tsa gouta
tse di nang le dikgotlhwana
tsa selefera.
Mosadi
12 Ya re kgosi e ntse e le fa dijong,
setlolo sa me
sa utlwatsa monko wa sona.
13 Morati wa me
ke kgetsana ya mera mo go nna
e e lalang fa gare ga mabele a me!
14 Morati wa me ke dithunya
tse di nkgang monate mo go nna
tse di mo masimong a moweine
a Engedi.
Monna
15 Ruri, o montle, moratiwa wa me!
Ruri, o montle. Matlho a gago
a tshwana le a maeba.
Mosadi
16 Ruri, o montle, morati wa me!
Ee, o a ratega;
bolao jwa rona bo mo botaleng.
17 Ditlhomeso tsa ntlo ya rona
ke mesetere;
kapeso ya dipota tsa rona
ke mesiperese.