Ditiro tse monna yo o botlhale o di dirang
1 Tshedisa dijo tsa gago lewatle, gonne o tla di bona gape morago ga malatsi a mantsi.
2 Di kgaoganye ka ba supa gongwe ka ba ba robedi. Gonne ga o itse gore lefatshe le tla welwa ke kotsi e e ntseng jang.
3 Fa maru a tletse metsi, a nesa pula mo lefatsheng. Mme fa setlhare se rengwa, se wela kwa borwa gongwe kwa bokone, mme mo felong fa se wetseng teng se tla sala se rapaletse gona.
4 Yo o elang phefo tlhoko ga a nke a jwala; yo o lebileng maru ga a nke a roba.
5 Ga o itse tiro ya Modimo o o dirang dilo tsotlhe, fela jaaka o sa itse tsela ya phefo le ka fa marapo a bopegang ka teng mo mmeleng wa yo moimana.
6 Jwala peo ya gago mo mosong; se ikhutsise diatla tsa gago maitsiboa; gonne ga o itse gore go tla mela efe, a ena gongwe ele, kampo a di tla siama mmogo ka bobedi jwa tsona.
7 Lesedi le monate; go bona letsatsi go kgatlha matlho.
8 A e re fa motho a phela dinyaga tse dintsi, a itumele mo go tsona tsotlhe! Le gona a a gopole malatsi a lefifi, gonne a tla nna mantsi thata. Tsotlhe tse di tla tlang ke tsa boithamako fela.
Ba bašwa ba a gakololwa
9 Wena lekau, itumele mo bokaung jwa gago! A pelo ya gago e go jese monate mo malatsing a bokau jwa gago. Phela ka fa pelo ya gago e ratang ka teng le ka fa matlho a gago a bonang ka teng. Fela itse gore Modimo o tla go isa mo tshekong ka ntlha ya tsotlhe tseo.
10 Tlosa tshwenyego mo pelong ya gago, o fapose botlhoko mo mmeleng wa gago. Gonne bokau le bošwa di fela ka pele.