1 Nkile ka ithaya mo pelong ka re: “Ahee! Ke tla leka go itumela le go ja monate.” Ka fitlhela le gona e le phefo fela.
2 Ka bua ka ga setshego ka re: “Ke botsenwa;” le ka ga boitumelo ka re: “Bo thusa eng?”
3 Ka ikakanya ka re: “Ke tla lapolosa mmele wa me ka weine – fela a tlhaloganyo e ntsamaise ka botlhale! – ke tla itshola ka bosilo go fitlhelela ke bone tse di leng molemo mo bathong, tse ba tshwanetseng go di dira fa tlase ga legodimo ka malatsi a a baletsweng maphelo a bone.”
4 Ka dira ditiro tse dikgolo, ka ikagela matlo, ka itirela masimo a moweine.
5 Ka itemela masimo le dikgwa tse di kgabisang, le ditlhare tsa maungo tsa mefutafuta, ka di tlhoma teng.
6 Ka itirela matsha a metsi go nosetsa sekgwa sa ditlhare tse di tlhomilweng.
7 Ka reka batlhanka le malata. Ka bona batlhanka ba ba tsaletsweng mo ntlong ya me, le gona ka rua motlhape o mogolo wa dikgomo le letsomane le legolo la dinku bogolo go botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema pele ga me.
8 Le gona ka ikgobokanyetsa selefera le gouta le letlotlo la dikgosi le la dinaga; ka ipatlela baopedi ba banna le ba basadi le monate wa bomorwa-batho, e leng baratiwa ba le bantsi.
9 Ka nna mogolo, ka nna ka golela pele, ka phala botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema pele ga me. Le gona botlhale jwa me jwa sala mo go nna.
10 Tsotlhe tse matlho a me a neng a di eletsa ga ke a ka ka a ganela ka tsona le e seng go tima pelo ya me boitumelo bope; ruri pelo ya me e ne e itumelela matsapa otlhe a me. E ne e le tsona tuelo ya me mo tapisegong yotlhe ya me.
11 Jaanong ya re ke leba ditiro tsotlhe tsa me tse di dirilweng ke diatla tsa me le matsapa a ke itapisitseng mo tirong ka ona, ka fitlhela tsotlhe e le tsa boithamako fela, e le go tshwara lephoro fela di se na mosola fa tlase ga letsatsi.
12 Ka retologa go lemoga botlhale le botsenwa le boeleele. – Kana motho yo o latelang kgosi o ka dira eng se se iseng se dirwe?
13 Ka lemoga gore botlhale bo gaisa bosilo jaaka lesedi le phala lefifi.
14 Motlhalefi o na le matlho mo tlhogong ya gagwe, mme lesilo le sepela mo lefifing. Mme le gona ka lemoga gore tatlhego e ba wela botlhe ka go tshwana.
15 Ka ba ka akanya mo pelong ka re: “Tse di welang lesilo, le nna di tla nkwela. Go nthusa eng, fa ke tlhalefile thata?” Ka ba ka ithaya mo pelong ka re: “Selo se le sona ke boithamako fela.”
16 Gonne yo o botlhale le yo o bosilo ga ba kitla ba gopolwa ka bosakhutleng. Ka malatsi a a tlang ba tla bo ba sa bolo go lebalwa botlhe. Ijoo! Motlhalefi o tla swa fela jaaka lesilo!
17 Ka moo ka ila bophelo; gonne tiro e e dirwang fa tlase ga letsatsi e ne e le botlhoko mo go nna. Gonne tsotlhe ke boithamako fela, ke go tshwara lephoro fela.
18 Ka ba ka ila tsotlhe tse ke di itiretseng ka matsapa fa tlase ga letsatsi. Gonne ke na le go di tlogelela motho yo o tla nnang teng morago ga me.
19 Go itse mang gore: A o tla nna botlhale gongwe bosilo? Mme o tla busa tsotlhe tse ke di itapiseditseng, ka di itirela ka botlhale fa tlase ga letsatsi. Le tseo ke boithamako fela.
20 Ka ntlha ya moo ka tlhobogisa pelo ya me matsapa otlhe a ke itapisitseng ka ona fa tlase ga letsatsi.
21 Gonne fa motho yo o itapiseditseng tsa gagwe ka botlhale le ka kitso le ka botswerere a na le go di tlogelela motho yo mongwe boswa yo a sa di itapisetsang, le gona moo ke boithamako fela le botlhoko jo bogolo.
22 Kana motho o bona eng ka matsapa otlhe a gagwe le ka tshwenyego ya pelo ya gagwe tse o itapisang ka tsona fa tlase ga letsatsi?
23 Gonne matlhoko le tshwenyego ke tsa gagwe ka malatsi otlhe; le bosigo pelo ya gagwe ga e ikhutse. Selo se le sona ke boithamako fela.
24 Motho ga a na tse di molemo tse di gaisang go ja le go nwa le go jesa pelo ya gagwe monate mo tapisegong ya gagwe. Mme ke lemogile gore selo se le sona se tswa mo seatleng sa Modimo.
25 Gonne go ka ja mang, go ka nwa mang kwa ntle ga ona?
26 Gonne motho yo o o kgatlhang o mo naya botlhale le kitso le boitumelo. Mme tiro e o e neelang moleofi ke go phutha le go kgobokanya tse di tla neelwang yo o siameng fa pele ga Modimo. Le selo se ke boithamako fela le go tshwara lephoro.