DIANE 27

1 Se ipoke ka tsa letsatsi la kamoso; gonne ga o itse tse letsatsi le tla di tlisang.

2 A yo mongwe a go tumise, e seng molomo wa gago; o sele, e seng loleme lwa gago!

3 Lefika le makete, motlhaba ke morwalo, mme go ngadisiwa ke lesilo go makete go di gaisa ka bobedi jwa tsona.

4 Kgalefo e setlhogo, bogale bo a bela, mme lefufa lone le ka kgonwa ke mang?

5 Kgalemelo ponatshegong e phala lorato lo lo fitlhegileng.

6 Dintho tse di ntshitsweng ke morati di a ikanyega, mme dikatlo tsa motlhoi di a aketsa.

7 Yo o kgotsheng o gataka mafura a dinotshe, mme tsotlhe tse di galakang di monate mo go yo o tlala.

8 Monna yo o thobileng mo gae, a kgarakgatshega, o tshwana le nonyane e e kobilweng mo sentlhageng sa yona.

9 Lookwane le maswalo di thabisa pelo; monate wa tsala ya motho ke kgakololo ya pelo ya gagwe.

10 Se tlogele tsala ya gago le tsala ya ga rraago; se tsene mo ntlong ya ga morwa-rraago ka letsatsi la tatlhego ya gago. Moagammogo yo o gaufi o gaisa morwa-rraago yo o kgakala.

11 Ngwanaka, tlhalefa o thabise pelo ya me gore ke tle ke itse go fetola yo o nkgobang.

12 E a re letlhale le bona dikotsi, le iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fetele pele, ba wele tatlhegong.

13 Mo amoge kobo, gonne o ipofile go lefela yo mongwe; tsaya peeletso mo go ene ka ntlha ya baeng.

14 Yo o tshegofatsang mongwe-ka-ene ka lentswe le legolo mo mosong phakela o tla belaelwa gore o a rogaka.

15 Thulelo e e rothang ka letsatsi la pula e tshwana le mosadi yo o tlholang a omanye.

16 Yo o ka mo thibelang a ka thibela phefo le go tshwara lookwane ka seatla se se jang.

17 Tshipi e loodiwa ka tshipi; motho le ene o betlwa ke yo mongwe.

18 Yo o tlhokomelang setlhare sa feie o tla ja maungo a sona; yo o direlang morena wa gagwe o tla tlotlwa.

19 Sefatlhego se ipona mo metsing; pelo ya motho e ipona jalo ka ya yo mongwe.

20 Ga go kgore felo ga baswi le ga tatlhego; matlho a batho le ona ga a kgore.

21 Selefera e itshekisiwa mo pitseng e e gakolosang le gouta mo leisong le monna ka melomo ya ba ba mmokang.

22 Le fa o ka tlhobola seeleele mmogo le mabele mo kikeng ka motshe, ga se kitla se tlogela boeleele jwa sona.

23 Ela dinku tsa gago tlhoko thata gore di phela jang; o tsee matlhape tsia;

24 gonne khumo ga se ya bosakhutleng; a kampo serwalo sa bogosi ke sa ditshika tsotlhe?

25 E tla re fa bojang bo segilwe, fa go bonala botala jo bonana, fa merogo ya dithaba e phuthilwe,

26 o bo o na le dikwana tse di go apesang; o ka reka tshimo ka diphelehu.

27 Mašwi a dipodi a tla bo a lekanye go go jesa le ba lapa la gago le go phedisa malata a gago.