1 Mohumanegi yo o sepelang mo poifong-Modimo o molemo bogolo go yo o molomo o bolotsana yo e leng lesilo.
2 Le keletso e e se nang kitso ga e molemo, le yo o itlhaganelang ka dinao o tla timela.
3 Boeleele jwa motho bo sokamisa tsela ya gagwe, mme pelo ya gagwe e ngongoregeleMorena.
4 Khumo e okeletsa motho ditsala tse dintsi, mme yo mmotlana o tlogelwa ke tsala ya gagwe.
5 Mosupi yo e seng wa nnete ga a nke a tlhoka petso; yo o buang maaka ga a nke a falola.
6 Ba bantsi ba batla go kgatlha motlotlegi; yo o ntshang dineo mongwe le mongwe ke tsala ya gagwe.
7 Bomorwa-rraagwe mohumanegi ba mo tlhoa botlhe; ditsala tsa gagwe di mo katogile bogolo go bone; o ba tlhaeletsa kwa morago, mme ga ba tle.
8 Yo o ithutang o rata bophelo jwa gagwe; yo o bolokang kelelelo o tla bona tse di molemo.
9 Mosupi wa maaka ga a nke a tlhoka petso; yo o buang tse e seng tsona o tla latlhega.
10 Go phela sentle go rona lesilo; go rona bogolo jang, fa motlhanka a ka laola barena.
11 Botlhale jwa motho bo mo dira pelotelele; ke tlotlo ya gagwe, fa a itshwarela maleo.
12 Kgakalo ya kgosi e tshwana le go bôpa ga tawana; mme bopelontle jwa yona bo ntse jaaka monyo mo dijwalong.
13 Mosimane yo o boeleele ke tshenyegelo ya ga rraagwe; mme go omana ga mosadi ke thulelo e e ntseng e na ka gale.
14 Ntlo le dithoto ke boswa jwa borraabatho; mme mosadi yo o maatlametlo o tswa moMoreneng.
15 Botlapa bo a thulametsa; mme yo o itunnang o tla bolawa ke tlala.
16 Yo o tshegetsang taolo ya Modimo o a ipoloka; mme yo o nyatsang ditsela tsa ona o tla swa.
17 Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adimaMorena; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe.
18 Otla morwao, tsholofelo ya tlhabologo e ntse e le teng, mme o se ka wa mo neela mo go bolaweng.
19 Yo o galefang thata o na le go lefisiwa; fa o mo golola, o tla etegela, a senyetsa pele.
20 Utlwa kgakololo o amogele kgalemelo gore o tle o nne yo o tlhalefileng mo metlheng e e tlang.
21 Pelo ya motho e loga maano a mantsi; mme maikaelelo aMorenake ona a a tla dirafalang.
22 Khumo e ntle ya motho ke boikanyego jwa gagwe; mohumanegi o molemo bogolo go moaki.
23 Go boifaMorenago isa bophelong; motho yo o ntseng jalo o tla kgora, a lala a sa tlelwe ke bosula bope.
24 Motlapa o tsenya seatla mo mogopong, mme a palelwa ke go se isa kwa molomong.
25 Yo o sa tlhalefang o tla tlhalefa, fa o otla mosotli; fa motlhalefi a kgalemelwa, o tla tlhaloganya kitso.
26 Yo o gatelelang rraagwe, a leleka mmaagwe, ke ngwana yo o tlhabisang ditlhong yo o nyatsegang.
27 Morwaaka, bogolo khutlela thuto, ka o ntse o fapoga mo mafokong a kitso.
28 Mosupi wa sekebeke o sotla tshiamo; melomo ya baikepi e natefelwa ke tsietso.
29 Petso ya dikatlholo e baakanyeditswe basotli le dikotlo di baakanyeditswe metlhana ya masilo.