1 Sa motho ke go ikakanya, mme loleme lo tla fiwa karabo keMorena.
2 Motho a re, ditsela tsotlhe tsa gagwe di itshekile, mme yo o tlhatlhobang mewa keMorena.
3 NeelaMorenaditiro tsa gago, foo maikaelelo a gago a tla dirafala.
4 Morenao bopetse dilo tsotlhe maikaelelo a gagwe; ee, le moikepi o mmopetse letsatsi la tatlhego.
5 Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgodisang ke maila moMoreneng; ruri, ga a kitla a tlhoka petso.
6 Molato o bipiwa ka bopelotlhomogi le ka boammaaruri; motho o tila bosula ka go boifaMorena.
7 Fa ditsela tsa monna di kgatlhaMorena, le baba ba gagwe o tla ba agisanya nae.
8 Leruonyana la tshiamo le phala le legolo la tshiamololo.
9 Pelo ya motho e akanya tsela ya gagwe, mmeMorenake ene a tsamaisang dikgato tsa gagwe.
10 Katlholo e mo molomong wa kgosi; a molomo wa yona o se ka wa atlhola ka boikanyologo!
11 Seelo le selekanyetso tse di siameng ke tsaMorena; majwe otlhe a kgetsana a a supang bokete ke tiro ya gagwe.
12 Go dira tsa boikepo ke maila dikgosing; gonne sedulo sa kgosi se tlhomamisiwa ka tshiamo.
13 Melomo e e siameng e kgatlha dikgosi; di rata yo o bolelang tsa nnete.
14 Kgalefo ya kgosi e tshwana le barongwi ba loso; monna yo o botlhale o tla e tima.
15 Sefatlhego sa kgosi se se supang lorato se a phedisa; bopelontle jwa yona bo tshwana le leru la pula ya tlhakola-modula.
16 Go huma botlhale go phala gouta jang ne! Go huma tlhaloganyo go gaisa selefera.
17 Tsela e e katilweng ya batho ba nnete ke go tila bosula; yo o disang tsamao ya gagwe o boloka bophelo jwa gagwe.
18 Boikgodiso bo latelwa ke tatlhego; mowa o o ikgantshang o etelela go wa pele.
19 Go ikokobetsa le ba ba ikokobetsang go gaisa go abelana thopo le ba ba ikgodisang.
20 Yo o elang Lefoko la Modimo tlhoko o tla bona tlhogonolo. Go sego yo o ikanyangMorena.
21 Yo o pelo e botlhale o tla bidiwa motlhalefi; mafoko a a bonolo a tsweledisa thuto pele.
22 Tlhaloganyo ke motswedi wa bophelo mo go mong wa yona; mme masilo a otlwa ka bosilo jwa ona.
23 Pelo ya letlhale e ruta loleme lwa lone; le gona e godisa thuto mo molomong wa lone.
24 Mafoko a a monate ke mafura a dinotshe, a natefela pelo, a alafa le marapo.
25 Go na le tsela e e siameng mo matlhong a motho, mme bokhutlo jwa yona ke tsela ya loso.
26 Tlala ya modiri e a mo dirisa, gonne molomo wa gagwe o a mo kgweetsa.
27 Sekebeke se epela ba bangwe gopo ya tatlhego; e kete molelo o o fisang o mo molomong wa sona.
28 Molotsana o lotlhanya batho; mosenya-leina o kgaoganya ditsala.
29 Mosiamolodi o raela mongwe-ka-ene, o mo gogela mo tseleng e e seng molemo.
30 Yo o budulatsang matlho go loga maano a bolotsana, a ba a moma molomo o setse a dirile bosula.
31 Moriri o mmududu ke serwalo se sentlentle; se bonwa ka tsamao e e siameng.
32 Yo o pelotelele o phala seganka; yo o itseng go itshwara o gaisa mothopi wa motse.
33 Tengwa e kgotlokgodiwa mo pataneng ya seaparo, mme katlholo ya yona e tswa moMoreneng.