1 Mma-botlhale o agile ntlo ya gagwe, mme mma-bosilo o e rutla ka diatla tsa gagwe.
2 Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifaMorena, mme yo o fapogileng tsela o a mo nyatsa.
3 Thupa ya moikgantshi ke molomo wa gagwe, mme melomo ya matlhale e disa beng ba yona.
4 Fa dipholo di se teng, mogopo o lolea; mme kotulo e kgolo e bonwa ka thata ya dipholo.
5 Mosupi yo o ikanyegang ga a ake, mme mosupi wa tsietso o bua maaka fela.
6 Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone; wa kelelelo ene o bo bona ka botlhofo.
7 Tlogela monna wa lesilo; gonne o tlhokile molomo wa kitso mo go ene.
8 Botlhale jwa yo o tlhalefileng ke go disa tsamao ya gagwe, mme bosilo jwa dieleele ke tsietsego fela.
9 Masilo a sotlwa ke setlhabelo-sa-molato, mme ba nnete ba natefela Modimo.
10 Pelo e itse botlhoko jwa yona, fela jaaka yo mongwe a sa itse boitumelo jwa yona.
11 Matlo a baikepi a tla senngwa, mme lelapa la ba nnete le tla kgaba.
12 Go na le ditsela tse motho a reng di siame, mme la bofelo ke ditsela tsa loso.
13 Pelo e ka nna botlhoko, le fa molomo o tshega, mme bokhutlo jwa boitumelo ya nna selelo.
14 Yo o pelo e tenegileng o tla bolawa ke ditsela tsa gagwe; mme monna yo o molemo o tla ja monate wa ditiro tsa gagwe.
15 Yo o sa tlhalefang ke madumela-gotlhe, mme letlhale le ela dikgato tsa lone tlhoko.
16 Letlhale le a boifa le tila bosula, mme lesilo le itaola fela le sa boife sepe.
17 Yo o galefang ka pele o tla dira tsa bosilo, le yo o bolotsana mo maanong o ipiletsa letlhoo.
18 Boswa jwa ba ba sa tlhalefang ke bosilo, mme ba ba botlhale ba ikgabisitse ka kitso.
19 Ba ba bosula a ba iname fa pele ga ba ba molemo le baikepi mo dikgorong tsa mosiami.
20 Mohumanegi o tlhoiwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o ratwa ke ba bantsi.
21 Yo o nyatsang mongwe-ka-ene o a leofa, mme go tlhogonolo yo o tlhomogelang babogisegi pelo.
22 A ga ba timele ba ba logang maano a a bosula? Mme lorato le boammaaruri ke tsa ba ba akanyang molemo.
23 Go tswelelwa pele ka tiro yotlhe e e lapisang, mme go buabua ka molomo fela go a tlhokisa.
24 Serwalo sa batlhalefi ke khumo ya bone, mme bosilo jwa dieleele e ntse e le bosilo fela.
25 Mosupi wa nnete o pholosa maphelo, mme yo o buang maaka ke moeki.
26 Tshireletso e e tiileng ke ya yo o boifangMorena; le bana ba gagwe ba tla nna le botshabelo.
27 Go boifaMorenake motswedi wa bophelo gore motho a falole mo dirung tsa loso.
28 Bontsi jwa morafe ke yona kgalalelo ya kgosi, mme fa go fokotsega batho ke therego ya kgosana.
29 Yo o pelotelele o na le tlhaloganyo e kgolo; mme yo o felang pelo o dira dilo tsa bosilo jo bogolo.
30 Pelo e e iketlileng e phedisa mmele sentle, mme lefufa ke go tlhotlhona ga marapo.
31 Yo o gatelelang ba babotlana o kgala Mmopi wa bone, mme yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o a mo tlotla.
32 Moikepi o digwa ke bosula jwa gagwe, mme mosiami o na le botshabelo motlha a swang.
33 Botlhale bo iketlile mo pelong ya motlhalefi, mme tse di mo pelong tsa masilo di utlwala ka makgakga.
34 Tshiamo e godisa setšhaba, mme boleo ke ditlhong tsa merafe.
35 Motlhanka yo o botlhale o kgatlha kgosi, mme e tla galefela yo o tlhabisang ditlhong.